>

>

BUISA GO FETA

Mokaedi wa YBB wa thulaganyo ya Go Nna le Seabe mo Baaging, e leng Bibi Bouwman, o tlhomilwe go nna modulasetulo wa South African Higher Education Community Engagement Forum (SAHECEF).

Bibi o rata thulaganyo ya go nna le seabe mo baaging go tswa pelong e bile o ntse a le mongwe wa ba ba direlang mo SAHECEF fa e sa le e tlhongwa la ntlha ka 2009. Mo nakong e e fetileng, o ne a le leloko la komiti ya botsamaisi ya bakhuduthamaga mme o ne a tlhomiwa go nna modulasetulo mo kopanong ya boto e e neng ya tshwarwa bošeng jaana ya SAHECEF, e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Johannesburg kwa bokhutlong jwa Mopitlwe monongwaga.

 

Ke batho ba le mmalwanyana fela ba ba fetang Bibi ka kitso e e amanang le ka fa setlamo se dirang ka gone, se boikaelelo jwa sone e leng go rotloetsa dilo tsotlhe tse di amanang le go nna le seabe mo baaging.

 

Jaaka motho yo o sa bolong go direla SAHECEF, Bibi o ne a nna gone kwa khonferenseng ya ntlha ya bosetšhaba ka 2011 kwa East London mme a nna moemedi wa yone kwa khonferenseng ya boditšhabatšhaba ka 2015 ya Talloires Network kwa Stellenbosch. "Thotloetso ya ntlha ya go tlhomiwa ga SAHECEF e ne e le go thusa dimmenejara ka thulaganyo le go rulaganya thulaganyo ya go nna le seabe mo baaging kwa diyunibesiting."

 

A re ba ne ba lemoga go ise go ye kae gore go ne go tlhokega gore go tlhamiwe le go tlhabolola mekgwa e mentle ya go dirwa ga tiro, e seng ya dimmenejara fela mme le ya ba ba tsenyang tirisong diporojeke mo baaging. Seno se ne sa felela ka gore go akarediwe ditlhopha tse di oketsegileng tsa tiro ya SAHECEF.

 

"Re dumela gore go nna le seabe mo baaging ke tsela e ka yone go ka tlisiwang diphetogo mo Aforikaborwa. Diyunibesiti di katisa baeteledipele ba baša ba naga ya rona mme ba tlhoka go dira ditiro tsa go nna le seabe mo baaging gore ba nne baeteledipele ba ba mosola mo isagweng."

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka go nna leloko la SAHECEFF, leletsa Bibi mo nomoreng ya X99 4935 kgotsa leba www.sahecef.ac.za

 

Dilo tsotlhe tse di dirwang ka nako ya go nna le seabe mo baaging

 

SAHECEF e ineeletse go buelela, go rotloetsa, go tshegetsa, go baya leitlho le go nonotsha tiro ya go nna le seabe mo baaging kwa ditheong tsa thutogodimo tsa Aforikaborwa. Boikaelelo jwa setlamo ke go tsweletsa pele go nna le seabe mo baaging kwa ditheong tseno ka go dirisana mmogo le baamegi botlhe ba ba kgonang go thusa ka go itsetsepela ga maemo a loago le a ikonomi mo setšhabeng sa Aforikaborwa.

 

Setlamo se batla go leba tiro ya go nna le seabe mo baaging jaaka karolo ya botlhokwa ya thutogodimo.

 

Bibi a re o lebile pele go kopana le dikgwetlho tse di larileng kwa pele. Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di feta tsotlhe ke go tshegetsa tiro ya go nna le seabe mo baaging ka madi mme SAHECEF e batla go fenya bothata jono ka go thusa ka diporojeke tsa go koleka madi. Dikgwetlho tse dingwe tse di tla bolokang Bibi le setlhopha sa gagwe ba tshwaregile ka tiro di akaretsa go tshwara moletlo wa khonferense wa dingwaga di le 10 ka 2019 le go gatisa buka ka go nna le seabe mo baaging mo Aforikaborwa.

 

Ka fa go nna maloko go dirang ka gone

 

Ga jaanong jaana, yunibesiti nngwe le nngwe e na le setlhopha sa batlhokomedi ba letlole se se tlhophilweng ke motlatsa-mokanseliri. Setlhopha sa batlhokomedi ba letlole le maloko a mangwe a matlhano a yunibesiti nngwe le nngwe a nna maloko a SAHECEF. Baemedi ba le batlhano ba tlhophiwa go ya ka bokgoni jo bo tlhokegang fa tiro e le mo kgatong e e rileng, mme ba ka fetolwa nako le nako.

 

Bibi a re gape setlamo se batla gore maloko a mangwe a badiri le baithuti ba nne le seabe mme ka jalo mekgatlho ya badiri ba baakatemi le baithuti ba lalediwa go tla go tsenela mokgatlho ono. Ditefiso tsa go nna maloko di duelwa ngwaga le ngwaga R300 motho ka bongwe mme mekgatlho ya baithuti yone e lefisiwa R250.

 

Tiro ya ga Bibi jaaka modulasetulo wa SAHECEF e tla nna go goletsa setlamo gore se fitlhe kwa mankalakaleng.

 

"Re batla go gatelela thata kgang ya go nna le seabe mo go tsa patlisiso. Batho ba le bantsi ba tshwaregile ka go nna le seabe mo baaging mme ke ba le mmalwa fela ba ba bolelelang ba bangwe ka thulaganyo eno le go akanya ka yone ka tsela ya seakatemi fa ba dira tiro ya dirutwa tse di fetang se le sengwe le dirutwa tse dintsi tsa mefuta e e farologaneng. Ka jalo ga ba thuse ba bangwe go nna le kitso e ntšha.

 

"Re batla go tlhomamisa gore seno se a fetoga le gore botlhe ba ba nang le seabe mo baaging ba bolelela dithaka tsa bone le maloko a setšhaba kitso e e mosola eno. Re a lemoga gore ga se mefuta yotlhe ya kitso e e ka bonwang fela mo diyunibesiting le gore, ka go aba kitso e e seng kana ka sepe le go tsaya karolo mo tirong ya patlisiso le mekgwa ya go ithuta, re ka kgona go tlhama kitso e ntšha le ditlamo tse di kwa ntle ga setheo."

 

 

Setlhopha sa ga Bibi

 

Jaaka modulasetulo wa SAHECEF, Bibi o tla dira gaufi thata le mothusa-modulasetulo wa yone, e leng Mop Vhonani Netshandama wa Yunibesiti ya Venda, mmogo le mokwaledi, e leng Ernestine Meyer-Adams wa Yunibesiti ya Johannesburg, motshwara-matlotlo, Bishop Billyboy Ramahelele wa Yunibesiti ya Foreisetata, motlhankedi wa go maketa le wa ditlhaeletsano, Jacqui Scheepers, wa Yunibesiti ya Cape Town ya Thekenoloji, le mookamedi wa ditšhapotara tsa kgaolo, e leng Ngaka Antoinette Smith-Tolken wa Yunibesiti ya Stellenbosch.

 

 

Badiri ba kwa Mahikeng ba tla bitsa pitso ya ditšhapotara

 

Leloko le lengwe la badiri la YBB e leng Ngaka Miranda Mgijima wa khamphase ya YBB kwa Mahikeng, o ne a tlhophiwa gore a nne mmitsa-pitso wa tšhapotara ya Kapa-Bokone, Bokone Bophirima, Gauteng Borwa le Foreisetata ya SAHECEF.

 

Babitsa-pitso ya ditšhapotara tsa kgaolo ba tla tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale go tlotla ka tirisanommogo, go abelana mekgwa e mentle ya go dira tiro, go tlhabolola dikgono tsa tiro le go ruta batho dikgono tsa tiro tsa go nna le seabe mo baaging ga yunibesiti nngwe le nngwe mo kgaolong ya yone.