>

>

BUISA GO FETA

 

 

 

 

 

 

Moletlo wa ngwaga le ngwaga, o o tshwarwang ke Lekgotla la Diatshe tsa PUK tsa YBB le ke Lekgotla la Baithuti la Diatshe mo khamphaseng ya Potchefstroom, o ne wa tshwarwa ka di 10 le 12 Motsheganong.

 

Constant van Graan, motlhatlheledi ka diforensiki tsa bobalamatlotlo, o ne a tswa a gapile moputso o o kwa godimo wa setlhopha sa badiri. Tsela e a opelang pina ya bodumedi ya Loliwe ka gone, ka Sexhosa, e ne ya rotloetsa baatlhodi le bareetsi mme ya dira gore a ikgapele maemo a ntlha mo setlhopheng, mme seno e ne ya nna nngwe ya dintlhakgolo tsa maitseboa.

 

Mmino o a re kopanya

 

"Moletlo ono e nnile maitemogelo a a tlhomologileng fela thata mo go nna e bile e ne e le ntlhakgolo mo tirong ya me ya go opela," o ne a bolela jalo. "Dibuelagodimo, dipone le okhesetera ya Pukki e ne e le tsa maemo a boditšhabatšhaba."

 

Constant a re le ka motlha ga a kitla a lebala tlhagafalo ya bareetsi, bao bangwe ba bone e neng e le baithuti ba gagwe.  "Pina ya Sexhosa e ne ya ntemosa gape gore mmino o kopanya batho, le fa ba tswa mo maemong a a farologaneng a botshelo. Go botlhokwa go kopanya batho mo dinakong tseno tse di gwetlhang tse re lebaneng le tsone mo nageng ya rona."

E ne e le maitseboa a go bontsha ditiro tse di dirilweng ka bokgoni, padi e e monate le talente e e tlhomologileng. Moletlo wa Ditalente wa Pukki wa bo 34 o ne o sa dirisediwe fela gore baithuti ba bontshe ditalente tsa bone mme gore gape badiri ba ntshe bokgoni jwa bone jwa go dira ditiragatso tse di ntshang bodutu le tse di rotloetsang.

 

Gregory Sekobotsane wa ofisi ya webo ya YBB le modiri-ka-ene, Moleboheng Khumalo, ba ne ba le mo maemong a bobedi mo setlhopheng seno ka ntlha ya go ja modikwadikwane o o tseisang manya wa samba, Cola cha-cha.

 

Gregory Sekobotsane wa ofisi ya webo ya YBB le modiri-ka-ene, Moleboheng Khumalo, ba ne ba le mo maemong a bobedi mo setlhopheng seno ka ntlha ya go ja modikwadikwane o o tseisang manya wa samba, Cola cha-cha.

 

Lizz Meiring, sekgantshwane sa thelebišene, sa bobogelo le sa difilimi, e ne e le motsamaisa-lenaneo fa pele ga boidiidi jo bo tlhagafetseng mo holong ya Sanlam.

 

Phanele ya baatlhodi e e dirilweng ka batho ba ba tumileng

 

Baatlhodi ba ne ba akaretsa Mynie Grové, seopedi se se tumileng le mokwadi wa dipina, Stefan Enslin, moithuti wa nako e e fetileng wa YBB le modiri wa difilimi, ya Strikdas le ya Nul is nie niks nie.

 

Mynie o ne a kgatlhwa thata ke talente ya baithuti le ke okhesetera e e neng e tshameka mmino. Stefan a re o ne a gakgamadiwa thata ke tiragatso nngwe le nngwe ya maemo a a kwa godimo. Baatlhodi ba ditlhopha tsa ba e neng e le dithaka ba ne ba akaretsa Nkosinati Tom, Louis Nigrini le mofenyi wa ngwaga o o fetileng mo setlhopheng sa badiri, e leng Rochelle Langford.

 

Jaco van der Walt, mokaedi wa Diatshe tsa PUK, o ne a leboga badiri botlhe, baithuti le maloko a baagi a a neng a le teng mo moletlong wa ngwaga ono. "Re lebile pele go gakgamatsa botlhe gape mo ngwageng o o tlang ka ditalente tsotlhe tse di gakgamatsang mo khamphaseng."

Tobetsa fano go bona gore bafenyi e ne e le bomang mo karolong ya baithuti ya moletlo.

Ditalente tse di tlhomologileng tsa bafenyi ba ditlhopha tseno di ne tsa bontshiwa kwa Moletlong wa Ditalente wa Pukki wa bo 34. (Dinepe tsotlhe di ne tsa tsewa ke Annemarie Wichmann le ke Peet Ryke.)

Go opela pina e e kukang maikutlo ga ga Constant van Graan ya seopedi le mokwadi wa dipina e leng Sahara, ya Loliwe, go nega dira gore a ikgapele moputso wa ntlha mo setlhopheng sa badiri.

Ba ba gapileng maemo a bobedi e leng Sekobotsane, mankge wa mmedia wa botsalano, le motantshi ka ene, Moleboheng Khumalo, ba ne ba kgatlha bareetsi ka samba e e gakgamatsang.

 

BUISA GO FETA

Suzette Nunes, moranodi wa Legorola Disaentse tsa Thuto, o ne a tantshetsa bareetsi ba ba itumetseng tantshe ya samba.
Peet du Toit, mankge wa lefapha la tsa badiri wa Batho ba YBB le Setso sa bone, o ne a boela mo seraleng sa moletlo ono morago ga dingwaga di le 32 morago ga go bo a kile a gaisana e le moithuti.
Johan Gouws ke motlhatlheledi wa botsamaisi jwa kgwebo. Tsela e a opetseng pina ya ga Kurt Darren ka yone ya Kom bietjie hier e ne ya rotloetsa maloko a le mantsi a bareetsi go opela le ene ba opa diatla.