>

>

BUISA GO FETA

o ruta magolegwa
go nna borrabana ba ba siameng

"Ke motlholo tota go iphitlhela ke dira patlisiso ka sengwe se ke feditseng dingwaga di le dintsi ke bua ka sone, e leng seabe se se botlhokwa se rrabana a nang le sone mo lelapeng."

 

Ano ke mafoko a ga Ngaka Fazel Freeks, mmenejara a go nna le seabe mo baaging le mookamedi wa diporojeke mo Legorong la Thutabomodimo. O feditse dingwaga di le pedi a tsaya karolo mo lenaneong la go nna rrabana kwa Kgolegelong ya Ditirelo tsa Kgopololo kwa Potchefstroom – Katiso ya go Katiso Borrabana le Lenaneo le le ba Tlhomelelang: Papa o tlile!

 

"Ke godile ke sena rre, mme Morena o ne a fetola sengwe mo go nna gore ke lebe setshwantsho seno ka  tsela e sele, ka gonne ke nnile le poelo morago e e ntseng jalo mo botshelong. Ke itse se se diregang fa mongwe a gola a sena rre. Rre o na le maikarabelo a konokono; ke mosireletsi wa lelapa la gagwe e bile o a le otla."

 

Mokaedi wa Families South Africa (Famsa), Moh Marietta Oelofse, o ne a bolelela Fazel ka tlhomologile e e tlhomologileng ya go lere letsholo ka ga seno kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Kgopololo kwa Potchefstroom, mme seno se ne se tsamaisana le Fazel ka botlalo.

 

"Go dirisetsa tšhono eno go simolola porojeke ya me go ne go raya gore ke ne ke ka kgona go kopanya tiro e ke e ratang thata le patlisiso kwa yunibesiting. Go siame ka botlalo go kopanya go ruta le go ithuta le go nna le seabe mo baaging, le go bona seno se felela ka tiro ya go dira patlisiso."

 

Go ba ema nokeng morago ga go gololwa

Porojeke e nngwe ya dirutwa tse di farologaneng ya Legorong la Thutabomodimo le la Disaense tsa Thuto ke go ema magolegwa nokeng fa a sena go gololwa. "Re tsweletsa tiro ya rona pele kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Kgopololo ka go thusa magolegwa ka lefelo le le sireletsegileng le dijo le ka porojeke ya go ba ruta dikgono tsa tiro gore ba kgone go ikemela ka nosi gape mo gare ga setšhaba," Fazel o bolela jalo.

 

"Ke itumedisiwa thata ke tiro e re e dirang, ka gonne e ka nna le diphelelo tse di molemo tota. Mo go nna, ga se fela kgang ya go rekota patlisiso, mme ke ka ga phetogo e e nnang gone mo gare ga baagi."

 

Se ipone tsapa go thusa

A re go nna le seabe mo baaging ke go se ipone tsapa go thusa ka letsholo leo, le le batlang boineelo jo bo feletseng. "Porojeke eno e tla tsaya dingwaga di le mmalwa."

 

Go ya ka Fazel, gantsi magolegwa a re botshelo jwa bone ga bo monate fa ba sena go gololwa, le gore maloko a setšhaba ga a batle go ba amogela kgotsa gore ba boele gae. Mafoko a ba ratang go a dirisa thata ke a a reng "lefelo leno le a mpatla gape".

 

"Fa ke akanya dilo ka tsela ya bomodimo, jaaka Mokeresete, ke akanya gore e santse e le batho, e bile mo matlhong a Modimo, baleofi e sa ntse e le batho, mme ka jalo Kutlwelobotlhoko ya gagwe e a fitlha kwa go bone.

 

“Ke batla go tswelela ka patlisiso eno, le fa e le go thusa motho a le mongwe fela mo go ba le lekgolo – bonnyane jo ke bo dirang bo botlhokwa.”

 

Go dira e seng go bua fela ka molomo

Fazel o setse a gatisitse le go phasalatsa bontsi jwa patlisiso ya gagwe, mme gape a re o batla go e dirisa, a tseye se se mo dibukeng mme a se dirise ka go nna le seabe mo baaging.

 

"Ke ikemiseditse go tlisa phetogo, go solegela batho molemo mo baaging, mme ke dira patlisiso ya me le baagi le go e dira mo gare ga bone. Ke sa le ntse ke itse e bile ke dumela ke sa le ngwana gore ke ka kgona go thusa batho, mme segolobogolo jaaka Mokeresete ke batla go bona seo se direga. Mo Sekolong seno sa Thutabomodimo, ke ka kgona go dira jalo ke sa kgorelediwe ke sepe."

 

Gape Fazel o gatisitse dibuka ka setlhogo seno se se reng, Dad be the Father God called you to be le se se reng Dad is Destiny: The man God created to be.

 

Gape o amogetse diawate go tswa kwa Banna Ba kae, setlamo se e seng sa puso kwa Potchefstroom, le go tswa kwa Famsa, ka ntlha ya thuso ya gagwe e a e neileng setlamo seno ka letsholo la gagwe kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Kgopololo.

 

Fazel o belegetswe kwa Potchefstroom (Makweteng) mme o goletse gone. O ile a akanya makgetlo a le mmalwa ka go tswa mo lefelong leno, mme mafoko a ga mmaagwemogolo, fa a ne a mo raya a re Morena o ne a na le maikaelelo ka ene mo lefelong leno, a ne a mo thibela, mme a re "ke ne ke bona mafoko ano fa pele ga me ka metlha," o bolela jalo.

 

O nyetse Enanceata, morutabana kwa Sekolong sa Poraemari sa Promosa, mme ba na le bana ba bararo, Fagaria, Farodian le Elodian.

“It is ideal to combine teaching-learning with community engagement, and see it culminating in research.”