MOLAO O EMA NOKENG TOGAMAANO

Go tsamaisana le thulaganyo e ntšha le leano la yone

 

Fa Lekgotla le sena go amogela leano le le ntšha la YBB, go ne ga tlhokega Molao o mo ntšha gore o tshegetse leano leno. "Fa e le gore yunibesiti e ne e batla go ntsha bokgoni jotlhe jwa yone mo tirong, e ne e tlhoka Molao o o tshegetsang thulaganyo e ntšha le leano la yone."

 

Marlene a re le fa botlhe ba ne ba leba Molao wa pele e le o o siameng ka botlalo, diphetogo tsa leano le thulaganyo di ne tsa dira gore go tlhokege o mo ntšha.

 

Molao o laola diphetogo

 

Molao ono ke motheo wa go laolwa ga diphetogo tsotlhe tse di botlhokwa tsa thulaganyo ya botsamaisi. Diphetogo tseno di akaretsa diphetogo tsa maloko a Lekgotla, seabe sa badini-bagolo mo dikhamphaseng tsotlhe mme tse dingwe e tla nna tsa ditiro tsa bathusa-badini

 

Gape YBB e tla nna le batlatsa-bakanseliri ba le batlhano, mongwe wa bone e tla nna motlatsamokanseliri wa go ruta le go ithuta, motlatsamokanseliri wa patlisiso le poposešwa le batlatsa-bakanseliri ba bararo ba ba eteletseng pele dikhamphase tse tharo.

 

Go tsepa mogopolo mo diabeng tse di botlhokwa

 

Marlene a re tlhabololo e e botlhokwa mo Molaong ke go tsepa mogopolo mo seabeng se se botlhokwa le mo malokong a Foramo ya Setheo. Seabe sa foramo ke go gakolola Lekgotla ka dikgang tse di botlhokwa, go akaretsa le go tlhophiwa ga bontlhopheng bao ba tlileng go tlhophelwa maemo a go nna batsamaisi-bagolo, pholisi ya go tshwarwa ka tekatekano, mekgwa ya boitshwaro le dithulaganyo tsa tharabololo ya dikgotlhang mo mekgwatsamaisong ya teng.

 

Seabe sa Senete mo go tlhomiweng ga baakatemi botlhe le sone se a gatelelwa mo Molaong o mo Ntšha. Go ya ka Molao, badiri ba baakatemi ba tshwanetse go tlhomiwa morago ga dikgakololano le Senete.

 

Diphetogo tse dingwe tse di botlhokwa di akaretsa go tlhoma Lekgotla le le lengwe le le Emelang Baithuti la maloko a le 15 a a emelang baithuti ba mefuta yotlhe, le go tlhophiwa ga Lekgotla la mo Khamphaseng la Baithuti mo khamphaseng nngwe le nngwe.

 

Gape Molao ono o na le ditaelo malebana le go phimolwa ga didikerii.  Go ne ga tsepiwa mogopolo mo ntlheng ya gore tsela e e tshwanelang ya go tlhalosa moithuti ke efe.

BUISA GO FETA

>

>

PHETLOLELA KWA TLASE