BUISA GO FETA

DIKAKGELO

TSA MOTSELEGANYI

A dikgato tsa gago di nne botlhokwa

Mo tokololong eno ya Eish! o ka buisa ka boswa jo re bo tlogeletsweng ke Mop Martin Oosthuizen, mothusa-motlatsamokanseliri wa ga jaanong jaana wa go ruta le go ithuta, le jwa ga Adv Johan Kruger SC, modulasetulo wa Lekgotla yo jaanong a wetsang tiro ya gagwe.

 

Ba ile ba etelela YBB pele go kgabaganya dinako tsa mathata. Fa Martin a ne a nna leloko la YBB ka Seetebosigo 2011, o ne a lebana le dikgwetlho tse dikgolo tsa go ruta le go ithuta, mme a di fenya ka go dira ka natla le go dira le setlhopha se se ineetseng mo tirong. E tla re fa a re sadisa sentle ka Seetebosigo wa ngwaga ono, boswa jo a re tlogeletseng jone – leano le le ntšha la go ruta le go ithuta le le amogetsweng ke Lekgotla mo ngwageng o o fetileng – bo tla nna botlhokwa thata.

 

Johan le ene o tlogetse boswa jo bo botlhokwa. Fa a ne a le modulasetulo wa Lekgotla la YBB go simolola ka 2014 go fitlha 2017, o ne a kaela Lekgotla go kgabaganya dikgwetlho di le mmalwa, segolobogolo tse di neng tsa tsoga ka nako ya tlhabololo ya leano la YBB le go rulaganngwa seša ga mafapha.

 

Martin le Johan ba tlogela dikgato tse di botlhokwa mo mmung wa YBB; dikgato tse batlhatlhami ba tsone ba tlileng go di latela. Potso ke gore: Fa nna le wena re leba kwa morago mo nakong e e fetileng, a re tla nna motlotlo ka dikgato tse re di tlogetseng ka morago? Tota e bile,  a re dira gore dikgato tsa rona e nne tse di botlhokwa letsatsi le letsatsi?

 

Go lebega e kete maloko a mantsi a badiri ba YBB – jaaka Mop Mary Grosser wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa yo o fudugelang kwa Jeremane – ba dirile gore dikgato tsa bone e nne tse di botlhokwa mo nakong e e fetileng, mme ba re tlogetse ka thuso e e seng kana ka sepe.

 

Mo bukeng ya gagwe ya setlhogo se se reng Dance Of The Chupacabras, Lori Lopez o kwala jaana: “… re tshwanetse go tlhopha kgato nngwe le nngwe e re e tsayang ka kelotlhoko, ka gonne dikgato tse re di tlogelang kwa morago di botlhokwa ka gonne ke tsela e re tlileng go e latela.”

 

Sengwe sa go re tlosa bodutu ke seno – Bob Moawad, mokwadi wa dibuka tse di jaaka Whatever It Takes, a re: "Ga o ka ke wa tlogela dikgato tsa bosakhutleng mo santeng o ntse ka marago . Mme ke mang yo o batlang go tlogela dikgato tsa bosakhutleng tsa marago a gagwe mo santeng?"

 

Ee, rotlhe re tlogela dikgato tsa rona "tsa bosakhutleng mo santeng" fa re latelela tsela ya botshelo jwa rona. Kgwetlho ke go tlhomamisa gore dikgato tseno di boteng, di na le bokao e bile di botlhokwa go ka latelwa.

 

Buisang ka boitumelo.

 

 

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>