Metswedi ya dikgang e ne ya dirisa bokgoni jwa ga Mop Raymond Parsons mo didirisiweng tse dintsi mme ka ntlha moo, a ikgapela diawate tsa go nna Mmueledi wa Ngwaga wa 2015 wa YBB le yo o nopotsweng go gaisa ba bangwe mo metswedi ya dikgang tse di gatisitsweng le tsa inthanete.

 

 

Se se builweng ke mofenyi wa rona

"Go a itumedisa go bona gore seabe se maloko a baakatemi ba YBB a nang le sone mo setšhabeng se tseelwa kwa godimo thata mo yunibesiting e bile ke ikutlwa ke le motlotlo thata go bo ke amogetse awate ya metswedi ya dikgang ya 2015," go bolela jalo Mop Raymond Parsons, mmueledi wa YBB wa Ngwaga.

 

O dumela gore selo sa botlhokwa sa go nna motho wa seporofešenale mo go tsa akatemi ke "go dirisa kitso" mme metswedi ya dikgang ke sedirisiwa se se botlhokwa thata sa go anamisa kitso.

 

"Dikgwetlho tsa lefatshe lotlhe le tsa bosetšhaba tse Aforikaborwa e lebaneng le tsone di dira gore go nne botlhokwa thata gore badirimmogo ba baakatemi ba abelane bokgoni jwa bone le go dira patlisiso go rotloetsa gore go nne le ditherisano le go thusa ka go batla ditharabololo. Ka jalo, ke solofela gore baakatemi ba bangwe ba bantsi ba tla rotloetsega go tsaya karolo le go dira patlisiso mo setšhabeng sotlhe ka go tswa matsholo ka tlhagafalo le go tokafatsa leina le YBB e itsegeng ka lone."

Bafenyi ba ditlhopha tse di farologaneng ke ba:

  • ba nopotsweng go gaisa ba bangwe mo metswedi ya dikgang ka 2015

    Rre Theo Venter wa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo

  • Ba ba nopotsweng go gaisa ba bangwe mo metswedi ya dikgang tse di gatisitsweng

    le tsa mmedia tsa inthanete ka 2015

    Mop Raymond Parsons wa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo

  • Go ntsha lentswe ga YBB

    Mop Peet van der Merwe wa Sekolo sa Botsamaisi Jwa Kgwebo wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, Khamphase ya Potchefstroom

  • Go tlhama tsela ya maemo a a kwa godimo ya pego-dikgang.

    Mop Albert Helberg wa Legoro la Boenjenere, la Khamphase ya Potchefstroom, mo boemong jwa setlhopha sotlhe sa YBB sa koloi e e dirisang mogote wa letsatsi

  • Diawate tse di rotloetsang

    Mop Rodney Medupe wa Sekolo sa Fisika wa Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji, kwa Khamphaseng ya Mafikeng

     

    Mmueledi Rene Koraan wa Legoro la tsa Molao wa Khamphase ya Potchefstroom

     

    Ngaka Ina Gouws wa Sekolo sa Disaense tsa Motheo wa Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho, la Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

>

>

BACK