>

>

YBB e ne ya tshwara moletlo wa maitseboa wa diawate tsa yone tsa Babueledi ba Ngwaga ka di 15 Ngwanaitseele. Bafenyi ke Mop Albert Helberg, Rre Theo Venter (yo o tsereng maemo a bobedi ka kakaretso), Mop Raymond Parsons (Mmueledi wa Ngwaga wa 2015 wa YBB), Mop Andre Duvenhage (yo o tsereng maemo a bobedi ka kakaretso), Mmueledi René Koraan le Mop Peet van der Merwe.

Babueledi  ba maemo a a kwa godimo ba newa tuelo ya bone

Go bua mafoko a a botlhale go na le mesola ya gone jaaka fa babueledi ba ba dirang ka natla ba YBB ba netefatsa.

 

Babueledi ba maemo a a kwa godimo ba yunibesiti ba ne ba atswa ka ntlha ya go abelana maitemogelo a bone le ba bangwe le go thusa metswedi ya dikgang fela thata ka nako ya moletlo wa bosupa wa diawate tsa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Ngwanaitseele wa ngwaga o o fetileng.

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

Diawate tse di neng di tshwerwe e ne e le tsa 2015 mme Mop Raymond Parsons wa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo o ne a ikgapela awate ya maemo a a di fetang tsotlhe. O ne a kaiwa e le mmueledi wa YBB yo o nopotsweng gantsi go feta botlhe ka 2015.

 

Raymond o ne a umakiwa mo metsweding ya dikgang makgetlo a a fetang 300. Mo godimo ga moputso wa madi ao a a neilweng, o ne gape a newa sejana sa kamogano ka ntlha ya thuso ya gagwe.

 

Motho wa ntlha go tsaya maemo a bobedi mo setlhopheng seno e ne e le André Duvenhage wa lefelo la patlisiso la Go Tlisa Diphetogo mo Loagong wa Legoro la Botsweretshi mo Khamphaseng ya Potchefstroom, mme a latelwa mo go one maemo ao ke Rre Theo Venter wa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo. E ne e se la ntlha André le Theo ba gapa sekgele seno se se melediwang mathe.

 

Dipalo di a ipuelela

 

YBB e ipela ka bomankge ba yone ba boleng jo bo kwa godimo thata e bile tiro ya bone e tlotlwa le ke ba metswedi ya dikgang. Re bona seno ka go nopolwa ga metswedi eo makgetlo a le makgolokgolo e bile badiri ba YBB ba utlwa ka yone ka metlha mo dikuranteng, mo didirisiweng tsa mmedia tsa inthanete, mo radiong le mo thelebišeneng

 

IKa 2015 go ne ga nopolwa dintlha di le 8 958 tsa YBB. Di oketsegile ka tse di fetang 1 700 ka 2014.

 

Ka 2015 diathikele di ne di na le palogotlhe ya boleng jwa papatso jwa R197 milione. Eno ke koketsego e e fetang R100 milione, fa e bapisiwa le ya ngwaga o o fetileng. Fa go lejwa dintlha tse di neng tsa sekasekwa tsa mmedia, di le 3 972 tsa tsone di ne tsa tlhaga mo dikgannyeng tse di gatisitsweng, di le 775 tsa tsone mo dikgannyeng tse di gasiwang mme di le 4 211 mo dikgannyeng tsa inthanete.

 

Go akgolelwa thuso ya maemo a a kwa godimo

 

"Boikaelelo jwa tiragalo e e jaaka eno ga se fela go atswa ba ba fitlheletseng maduo a a kwa godimo mo dithutong tsa bone, mme gape ke go akgola ba ba simololang go itsege, le ba ba simololang go tlhaga mo metsweding ya dikgang," go bolela jalo Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB.

 

"Gape go akgolwa ditshwaelo tse di dirilweng ka ditlhogo tse di rileng kgotsa tiragalo ya YBB e e feleleditseng e umakiwa thata mo metsweding ya dikgang mo lobakeng lo lo rileng."

 

O ne a re 2015 e ne e le ngwaga e e gwetlhang mo yunibesiting, fa go ne go tsoga khuduego ya ntlha ya #FeesMustFall mo nageng ya rona. "Gape yunibesiti e ne ya berekana le dithulaganyo tsa go nna le thulaganyo e ntšha e e  logetsweng maano e e amogetsweng ke Lekgotla; thulaganyo e le yone e nnileng le dikgwetlho tsa yone mo metsweding ya dikgang."

 

Dikgang tse go neng ga nna ga buiwa ka tsone mo metsweding ya dikgang e ne e le metshameko, megopolo ya bomankge, boleng jwa thuto le tlhamosešwa, patlisiso, le diphitlhelelo tsa baithuti ba nako e e fetileng.

BUISA GO FETA