Dikakgelo

tsa Motseleganyi

BUISA GO FETA

Go tlatsa ditsebe tsa 2017

 

Akanya ka malatsi a fa o ne o sa ntse o tsenwa sekolo. Ke letsatsi la ntlha la ngwaga o moša wa sekolo. Ikakanye o phetlha buka e wena le mamaago lo e khabarileng ka pampiri e e phifadu le ka polasetiki maabane bosigo. O tlhabile mola o o kwa godimo wa tsebe ka motsu wa pene, fa thoko ga mmajene o mohibidu. Ke tsebe e ntšha e o tshwanetseng go e tlatsa mokwalo.

 

Mo masimologong a ngwaga ono wa 2017, rona jaaka maloko a badiri ba YBB le rona re na le tsebe e e sa kwalelwang sepe go e tlatsa ka mokwalo. Tota e bile, re tlile go nna le maitemogelo a dilo tse dintsi thata tse dintšha – badiri-ka-rona ba baša, baithuti ba baša le maikarabelo a maša.

 

Se re letetsweng ke sone mo ngwageng ono wa 2017 gape ke kgwetlho e e seng kana ka sepe ya go rulaganngwa boša ga YBB. Tsamaiso eno e tlile go dirwa ka botlalo, go simolola ka setlhopha sa botsamaisi sa ba bakhuduthamaga ka go tlhoma bathusa-batlatsa-bakanseliri le badinibagolo.

 

Mo gae mono, setlhopha sa Eish! le sone se lebanwe ke ditiragalo se diša. Babegadikgang ba maemo a a kwa godimo bao mo nakong e e fetileng ba neng ba le maloko a mafapha a go maketa le a tlhaeletsano mo dikhamphaseng tse tharo ba tlile go nna karolo ya setlhopha sa rona, mme seno e tla bo e le go tsenngwa tirisong ga tsela ya go rulaganya mafapha a rona seša.  Ke lo amogela lotlhe fela, badiri-ka-nna!

 

E tla re fa setlhopha sa Eish! se tlatsa ditsebe tse di sa kwalelwang sepe tsa dikgatiso tsa ngwaga ono tsa Eish! ka mokwalo, wena o tla bo o ikwalela "dikgang" tsa gago ka 2017. Mo malatsing a ka nna 300 go tloga jaanong, o tla kgona go leba kwa morago kwa go sengwe le sengwe se o se kwadileng, go akaretsa le mafoko a gago a a botlhale mme ka dinako tse dingwe le a a seng botlhale go le kalo mmogo le ditiro tsa gago.

 

Le fa e le eng se o se kwalang mo tsebeng e e sa kwalelwang sepe mo ngwageng ono, se kwale ka boikemisetso le ka bopelokgale. Le fa go ntse jalo, o se ka wa itsaya masisi thata. Iketle mme o thale ditshwantsho ka dinako tse dingwe. Nna o tshameke o kgwarinye ka dinako tse dingwe. Kgonamisa ditlhaka fa o na le nako ya go dira jalo. Tlhaba kgobe ka mmutla. Gakologelwa gore o bona tšhono e le nngwe fela ya go tlatsa tsebe ya gago ya 2017 ka mokwalo.

 

Buisang ka boitumelo.

 

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>