Mmatlisisi wa mošwa o ja le bommampodi kwa dikabelong tsa Basadi mo Saenseng

>

>

Mmatlisisi wa mošwa wa Sekolo sa Seikonomiki mo Khamphaseng ya Potchefstroom o ne a tlotliwa jaaka yo mongwe wa ba ba tlhageletseng ka magetla mo setlhopheng sa gagwe kwa diawateng tsa bošeng tsa Basadi mo Saenseng tsa 2016.

V

PHETLOLELA KWA TLASE

Mop Marianne Matthee, moporofesa wa botsalano le moetapele wa Lenane la Kgwebo la Boditšhabatšhaba mo Sekolong sa Seikonomiki, e ne e le motlhodi wa maemo a bobedi mo setlhopheng sa Babatlisisi ba Batšha ba Basadi go disaense tsa loago le botho ka go farologanngwa.

 

Mop Marianne Matthee, moporofesa wa botsalano le moetapele wa Lenane la Kgwebo la Boditšhabatšhaba mo Sekolong sa Seikonomiki, e ne e le motlhodi wa maemo a bobedi mo setlhopheng sa Babatlisisi ba Batšha ba Basadi go disaense tsa loago le botho ka go farologanngwa.

 

Boiphediso ba gagwe bo tletse ka diphitlhelelo tsa kgato tsa boitseanape. O nnile ka gale mofitlheledi wa moakatemi mme a fetsa didikerii tsotlhe tsa gagwe mo YBB.  Marianne o ipela ka BCom ya tsa kgwebo mo go tsa Seikonomi le BComHons ya kgwebo tlotlo le MCom ya kgwebo ya masetase mo kgwebong ya boditšhabatšhaba, tsotlhe ka dinaledi. O amogetse gape le PhD mo kgwebong ya boditšhabatšhaba.  Borutegi ba gagwe bo butse tsela ya patlisiso ya phapogo le boitseanape mo tikologong ya gagwe ya thuto.

 

Dirutwa di na le boikuelo jwa moithuti

 

A re patlisiso ya gagwe e tlhotlheleditswe ke mmila o o tlhomameng go fitlhelela ditsela go oketsa diteng tsa Lenane la Kgwebo ya Boditšhabatšhaba le mekgwa ya tiriso mo pele ga matlho a baithuti. Ga mmogo le diteko tsa kgwebo ya boditšhabatšhaba ya setlhopha sa botlhatlheledi, dipalo tsa baithuti mo serutweng sa kamano ya kgwebo ya boditšhabatšhaba le matlole a kgwebo a boditšhabatšhaba di godile mo go makatsang.

 

"Ntlhatlhakanelo ya patlisiso ya me e akaretsa diromelwantle tsa tekanyetso e e tsetsepetseng mme gape bošeng jaana ke ne ke le moeteledipele wa setlhopha sa basadi ke le mongwe mo tikologong ya ntlha ya patlisiso ya diporojeke go tlhotlhomisa data e ntšha go tswa difemeng ka Yunibesiti ya Ditšhaba Kopano ga mmogo le Ramatlotlo wa Setšhaba le Tirelo ya Lotseno ya Aforikaborwa."

Mop Marianne Matthee wa Sekolo sa Seikonomi mo Khamphaseng ya Potchefstroom o tlhokometse le tlhokomelo ya tlaleletso go dimasetase le bongaka di le mmalwa tsa baithuti. Ga se fela moakatemi yo o atlegileng mme gape ke mme yo o lerato. Ene le monna wa gagwe, Jaco, ke batsadi ba ba ipelang ka bana ba le babedi, William (7) le Leah (4).

 

V

PHETLOLELA KWA TLASE

Marianne o motlotlo ka kemonokeng yotlhe e a e amogetseng go tswa yunibesiting le mo badirimmogong ba gagwe e bile o dumela gore go tsaya karolo e e botlhokwa mo katlegong ya gagwe. "Ke ne, e sa le ka malatsi a ka a boithuti, ke nnile le lesego go nna le baeleetsi ba bantle, le batlhatlheledi le badirimmogo ba ba siameng thata. Nako yotlhe ba ne ba ntse ba nthusa le go ntiisa mooko go dira ka thata le go tsaya karolo mo diporojekeng."

 

Tona o ntsha botlhokwa jwa dintlhakgolo tsa diawate.

 

Tona ya Saense le Thekenoloji, Mme Naledi Pandor, yo e neng e le sebui sa pulo kwa moletlong wa diawate, o rile gore Diawate tsa Basadi mo Saenseng tsa 2016 di ne di le botlhokwa segolo jaaka e le kwelano le keteko ya dingwaga di le 60 tsa mogwanto wa basadi go ya kwa Moagong wa Kopano.

 

kwa Pretoria ka 1956 le go tlhagisa dintlhakgolo le karolo e basadi ba e tshamekileng mo morafeng. Thitokgang ya diawate tsa monongwaga e ne e le "Maatlafatso ya Basadi le kgolagano ya yone go tlhabololo e e tswelelang".

 

Diawate tsa Basadi mo Saenseng ke keteko ya diphitlhelelo tsa basadi mo saenseng le tsiboso e e ka se keng ya lemoga bokgoni ba bonetetshi jo bo tletseng jwa naga ya rona go fitlhela banetetshi botlhe ba rona ba batšha ba kgona go itumelela botseno kwa dibebofatsing tsa maemo mo thutong,"  ga bua Tona.

 

"Ke motlotlo ka tiro e e setseng e dirilwe ke basadi ba rona ba banetetshi mme se se lemogilwe ka diawate. Le gale, tiro e tletseng ya maatlafatso ya basadi ba rona mo saenseng ga e ise e felele mme ke na le tshepo gore bafenyi ba diawate tse ba tla tsamaya ka maatla go ya go maatla a mangwe mme ba tswelele go tiisa basadi ba bangwe mooko (le banna) go bomaratahelele ba bonetetshi le patlisiso ya boitseanape mo tirelong ya batho ba bangwe."