Badirisi ba bua ka ditirelo tsa laeborari

Ditirelo tsa Laeborari YBB ka gale e leba ditsela tsa go oketsa se e setseng e le ditirelo tse di gaisang go badirammogo, baithuti le babatlisisi. Bošeng jaana ba ile ba romela kwa ntle patlisiso go badirisi botlhe ba laeborari go tlhomamisa ditsholofelo le dikakanyo tsa bona.

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

 

Corrie Breitenbach le Louise Vos ba Ditirelo tsa Laeborari mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ne ba le karolo ya segopa sa ditokololo tsa badirammogo di le tlhano ba ba neng ba nyalanya patlisiso ya LibQUAL+ ya 2016.  Ba re kgato e e latelang ya patlisiso e na le pegelokarabo fa pejana go baithuti go arabela dikopo le ditshwaelo tsa bona.

 

Louise Vos, molaodi wa tsa papatso, bogokaganyi le boleng kwa Ditirelong tsa Laeborari mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re patlisiso ya LibQUAL+  ke sediriswa se se gaisang sa go lekanya go tlhatlhoba fa ba santse ba arabela ditsholofelo tsa badirisi ba bone.

 

LibQUAL + ke patlisiso ya Tsalano ya Patlisiso ya Dilaeborari mme e diriswa ke dilaeborari tsa boditšhabatšhaba. Patlisiso e ne ya tsamaisiwa mo dikhamphaseng tsa Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa.

 

"Le fa leano la kwa tshimologong le ne le le go akaretsa dilaeborari tsa dikhamphase tsotlhe di le tharo, Laeborari ya Khamphase ya Mafikeng ga ya ka ya tsaya karolo ka ntlha ya diporojeke tsa ntšhwafatso tse di neng di tlhokega tse di neng di beetswe go simolola ka 25 Phatwe, malatsi pele ga tshimologo ya patlisiso," go rialo Ngaka Mathew Moyo, mokaedi wa Ditirelo tsa Laeborari mo Khamphaseng ya Mafikeng. "Re tshepa gore ka patlisiso ya LibQUAL+ e e latelang, e e tla nnang mo dingwageng tse pedi kgotsa tharo, dilaeborari tsotlhe di le tharo tsa YBB di tlabo di kgona go tsaya karolo."

 

 

Se e ne e le patlisiso ya LibQUAL+ ya bone e YBB e e dirileng ka maikaelelo a go abela go gaisa ka tekano le ditirelo tse di maleba. Letsholo le le maatla la papatso le ne la dirisiwa go tlhotlheletsa badirammogo le baithuti go tsaya karolo mo patlisisong.  Batsayakarolo ba le babedi ba ne ba ka fenya dipolokelo tsa memori tsa kwa ntle mme baikarabedi ba ne ba ka fenya dikgele di le dintsi le tsona.

 

Hendra Pretorious, molaodi wa laeborari kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, a re go suta go tswa go laeborari ya setso go ya go tikologo ya mararang ke tlhagelelo ya sethekonoloji e e fetolang tsela e batho ba e sekasekang ka teng le go tlhotlheletsana ka tshedimosetso.

 

"Tirelo ya boleng e e gaisang le kgotsofalo ya batlathusong e e kwa godimo e nnile e e botlhokwa mo go feteletseng. Ditirwana tsa tlhatlhobo jaaka LibQUAL+ di botlhokwa thata mo dilaeboraring tsa akatemi gore di neelane ka ditirelo tsa boleng. Taolobolaodi jwa laeborari e tshwanetse go nna le bokgoni ba go tlhotlhwafatsa tekanyetso ya neelano ya tiro go tswa mo ponong ya modirisi go thulaganyong ya mosolatogamaano."

 

Makgolo a boka ditirelo tsa dilaeborari tsa YBB

 

Corrie Breitenbach, molaodi wa dithulaganyo tsa tshedimosetso ya Ditirelo tsa Laeborari mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re palo e e ka nnang 1 493 ya batsibogedi e tseile karolo mo patlisisong. Se se akaretsa badirammogo ba akatemi, baithuti ba pele ga kalogo le ba morago ga kalogo le babatlisisi.

 

Mo ditshwaelong di le 900 tse di tsibogileng molema, go feta bontsi ba 500 e ne e le dipako (bona diteng tsa lepokisi la 1).

BUISA GO FETA

Dikarolo tsa go amega

Patlisiso gape e neetse tshedimosetso e e botlhokwa ka ga dikgaolo moo badirisi ba laeborari ba ikutlwang gore ditokafatso di ka dirwa.

 

Se se akaretsa tlhaelo ya dikhomphutara, tlhokego ya diura tse di leele tsa laeborari le mathata mo tirisong ya mafaratlhatlha a tshedimosetso a Ditirelo tsa Laeborari.

 

E nngwe ya dikamego tse di tona ke tekanyetso ya modumo mo gare ga laeborari. "Koketsego ya palo ya baithuti ba ba dirang mo ditlhopheng mo gare ga laeborari le dipuisano tsa tshwaraganelo tseo ka nako e nngwe e tshwenya baithuti ba bangwe ba ba batlang go ithuta ka tidimalo."

 

Corrie a re go theetswe mo dikamegong tsa baithuti, e nngwe ya ditokafatso tsa fela jaanong go feta e tla nna tiriso ya sebebofatsi sa kgatiso e e bonako go arabela tlhaelo ya dikhomphutara.

 

Go latela ka Hendra, bogolo jwa dikopo tsa badirisi go tswa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ba ne ba batla diura tse dileele tsa laeborari.  Tekanyetso ya modumo mo gare ga laeborari ke kamego e nngwe gape le koo.

 

Tsela go ya pele....

 

"Molaetsa wa rona go badirisi ke gore ba buile e bile re utlwile. Re mo tiregong ya go fana ka pegelokarabo mo dikamegong le dikatlanegisong tsotlhe, mme mo go kgonagalang, re tla rulaganya tiro mo tulong e maleba," go rialo Louise.

 

"Re leboga motsayakarolo yo mongwe le yo mongwe. Patlisiso e re neetse tshedimosetso ya botlhokwa e le ntsi e e tla dirisiwang go isa Ditirelo tsa Laeborari tsa YBB kwa bogodimong jo bo tona."

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka ga patlisiso ya LibQUAL+ etela webosaete kwa htt://library.nwu.ac.za/libqual-survey-2016

 

 

PHETLOLELA KWA TLASE

Boela morago