PHETLOLELA KWA TLASE

 

PHETLOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO

Go ne ga akgolwa babatlisisi bano:

 

Matswela a bokgoni jwa go tlhama

 

Mop Franci Greyling, setlhopha sa serutwa sa tsela ya go kwala e e nang le bokgoni jwa go tlhama

Mop Piet Koornhof, Sekolo sa Mmino

 

Go Nna le Seabe ga Baagi

 

Dirkie Nell, Sekolo sa Mmino, sa Porojeke ya Musikhane

Ngaka Ansie Kitching, setlhopha sa porojeke ya YBB le porojeke ya Mokgatlho wa Thuto wa Rupert wa boitekanelo kwa dikolong

tsa Kapa Bophirima

Schalk Meyer, mananeothuto a letsholo la Tliliniki ya Molao

Ngaka Lyn Preston, Ngaka Doret Kirsten le Wanda van der Merwe ba porojeke ya Bookelo jwa Potchefstroom

 

Tlhamosešwa mo patlisisong

 

Mop Awie Kotze, moefangedi wa tlhamosešwa

FR Bezuidenhout Ketlareng Polori le Lafras Lamond, ba akgolwa ke Baeteledipele ba TIA mo go tsa Tlhamosešwa

Mop Wilma Viviers, o akgotswe ke dinaga di sele

Ngaka Danie Meyer le Balwela Tlhabololo ya Ikonomi ya Lekwa mo Loagong, porojeke e e tlhomologileng ya tsadiso madi

Dariah de Villiers, kgwebo e ntšha ya baithuti

Business in a bag Kgwebo mo teng ga mokotla, kgopolo e e solofetsang ya baithuti

Mop Wilma Viviers le Mop Ludo Cuyvers, katlego kwa dinageng di sele

Open Collab Tirisanommogo ka Tshosologo ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Martilene Orffer, moamogedi wa dipoelo tse di kwa godimo tsa madi wa ngwaga

Ngaka Cobus Kriek, mmatlisisi yo go nang le maikano a mantšhwa a sešweng ka ga gagwe

Chemical Resource Beneficiation Go Aroganya Ditsompelo tsa Dikhemikale ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mop Manie Vosloo, yuniti ya patlisiso e go nang le maikano a mantšhwa a sešweng ka yone

Ngaka Paulus Kruger le Barend Visser, batlhami ba ba kwa godimo le batlhamasešwa ba ba kwa godimo ba thekenoloji

Christa North, thuso ya tlhamosešwa ya go tokafatsa ditsamaiso tsa botsamaisi tsa YBB

One Button Studio, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Ngaka Marieta Jansens van Vuuren, Lance Bunt le Elne van Niekerk, thuso ya tlhamosešwa ya go tokafatsa ditsamaiso tsa botsamaisi tsa YBB

Mop Dawie Malan, thuso ya tlhamosešwa ya go tokafatsa ditsamaiso tsa botsamaisi tsa YBB

Ngaka Francois Taute, maikano a mašwa a a solofetsang thata le dilo tse di dirwang mo akhaontong tsa go dira kgwebo tsa ngwaga

Baakatemi ba YBB ba bojanala ba ne ba gapa maemo otlhe a a kwa godimo kwa Diawateng tsa Patlisiso ya Maemo a a Kwa Godimo tsa ngwaga ono ka di 29 Diphalane. Ba ne ba gapa dikgele tsa Mmatlisisi yo Mogolo yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe le Mmatlisisi yo Mmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe lekgetlo la bobedi mme yo mongwe lekgetlo la bone ka go latelana.

 

Maloko a mantsi a a tlhomologileng a badiri a dirutwa tse dingwe le one a ne a akgolelwa tiro ya maemo a a kwa godimo ya patlisiso, tlhamosešwa, go nna le seabe ga bone mo baaging le bokgoni jwa bone jwa go tlhama.

 

Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB, o ne a akgolela babatlisisi tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo go sa kgathalasege dikgwetlho tse di ntseng di itemogelwa ke setheo sa thutogodimo mo ngwageng o o fetileng.

 

Bojanala jwa maemo a a kwa godimo

 

Bojanala kwa YBB bo tswelela pele go gola. Mop Melville Saayman wa Khamphase ya Potchefstroom ke Mmatlisisi yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe wa YBB wa 2016. Melville le ene o ne a amogela tlotla eno mo ngwageng o o fetileng, e leng se se bontshang gore tiro ya gagwe ya patlisiso ga e kgaotse go nna ya maemo a a kwa godimo.

 

Ke mokaedi wa lefelo la go dira patlisiso la Patlisiso ka Maemo a Ikonomi le Setšhaba (Tourism Research in Economic Environs and Society [TREES]). patlisiso ya ga Melville e na le mafelo a mabedi a a tlhomologileng a patlisiso. O dira tshekatsheko ya tsa ikonomi ya go bona gore bajanala ba dirisa bokae le go sekaseka gore a bojanala bo laolwa ka katlego ka go tlhama pholisi, thotloetso ya bojanala, thulaganyo ya bojanala le go maketa ka katlego.

 

Malebana le Mop Martinette Kruger, yo le ene a tswang kwa TREES, eno e ne e le phenyo ya gagwe ya bone jaaka Mmatlisisi yo Mmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe.

 

Boikaelelo jwa Patlisiso ya ga Martinette ke go tlhaola dikarolo tsa mmaraka tse di nang le matswela kwa meletlong e bile e solegela molemo barulaganyi ba moletlo ba ba batlang go tlhaloganya mmaraka botoka le go o atolosa. O ntse a batlisisa dikarolo tsa mmaraka dingwaga di le thataro tse di fetileng.

 

Phenyo ya boraro ya Thutobomodimo

 

Mo ngwageng wa boraro ka go latelana, awate ya Setheo sa Patlisiso se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe e ne ya newa yuniti ya patlisiso ya Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa.

 

 

Yuniti eno e amega ka ditherisano tse di amanang le go dira ga melao ya ditemana tsa Kereke ya Bokeresete le thuso e Bakeresete ba e dirang ka Kereke ya go tlhama setšhaba sa mo lefatsheng lotlhe.

 

Yuniti e ne ya kgona go tswelela ka go godisa ditirisanommogo tsa yone tsa bosetšhaba le tsa dinaga di sele, go oketsa baithuti ba morago ga kalogo le go tokafatsa porofaele ya yone gore e nne ya setheo sa patlisiso se se thusang ka ditshwaelo tsa borutegi mo tirong ya sone.

Mop Ferdi Kruger, mokaedi wa yuniti ya patlisiso ya Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa, o ne a newa awate ya go bo a le Setheo sa Patlisiso se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe mo boemong jwa yuniti. E ne e le phenyo ya boraro ka tatelano ya setheo seno.
Click to view the video
Mop Melville Saayman wa Khamphase ya Potchefstroom ke Mmatlisisi yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe wa YBB ngwaga wa bobedi ka go latelana. Melville o dirisana mmogo le babatlisisi ba ba farologaneng ba naga ya rona le ba dinaga di sele. Patlisiso ya gagwe e thusitse ka tsela e e mosola go tokafatsa botsamaisi jwa bojanala.
Click to view the video
Sejana sa Mmatlisisi yo Mmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe se ne sa newa Mop Martinette Kruger of Tourism Research in Economic Environs and Society (TREES) mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Boikaelelo jwa patlisiso ya gagwe ke go tlhaola dikarolo tsa mmaraka tse di nang le dipoelo go gaisa kwa meletlong go tlhomamisa gore bareki ba dirisa madi a a kwa godimo, ba nna lobaka le gore ba eta gangwe le gape
Click to view the video

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>