Mop Rose Hayeshi, moporofesa-mmogo wa Porokeramo ya Go Tlhama Diokobatsi le Go Dira Patlisiso ka Tsone Pele di Lekelediwa, o dira ka motšhini o montšha.
Phitlhelelo e ntšha ya motšhini mo go tsa kalafi
Porokeramo ya Go Tlhama Diokobatsi le Go Dira Patlisiso ka Tsone Pele di Lekelediwa ya YBB (Preclinical Drug Development Platform [PCDDP]) mo Khamphaseng ya Potchefstroom jaanong e dirisa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo ya go fokotsa lobaka lwa go fola ga molwetse le go akofisa mokgwa o moša wa go tlhamo ya diokobatsi.
Bošeng jaana PCDDP e ne ya reka motšhini o o kgonang go tlatsa dipilisi tsa dikgapetla tse di thata ka seedi kgotsa ka jele le go di tswala. Seno se fetola thata tsela e PCDDP e dirang ka yone, ka gonne motšhini ono o khutshwafatsa thata thulaganyo ya go tlhama diokobatsi tse diša.
Go ya ka Mop Anne Grobler, mokaedi wa porokeramo eno, phitlhelelo e ntšha eno ya thekenoloji ke ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika. "YBB ke nngwe ya diyunibesiti di le mmalwa mo lefatsheng ka bophara e e nang le phitlhelelo ya thekenoloji eno.
Motšhini wa CFS1200 o tlhamilwe ke setlamo sa boditšhabatšhaba sa Capsugel mme o fetotswe gore o kgone go dira mo Aforikaborwa.
Ka fa o dirang ka gone
Mop Anne Grobler, mokaedi wa porokeramo, a re motšhini ono wa dimilione-milione tsa diranta jaanong o dira gore banetetshi ba YBB ba dire tiro e pele ba neng ba sa kgone go e dira. Fano o na le Ngaka Philippe Peter, tlhogo ya porojeke ya Capsugel.
Motšhini ono o tswa kae?
Sa botlhokwa mo go tlhameng diokobatsi – ke gore mmele wa motho o monye seedi ka katlego le go feta. Go naya balwetse diokobatsi tsa diedi go oketsa go atlega ga diokobatsi e bile go akofisa go fola ga molwetse.
Phitlhelelo eno e tlisa katlego
Tobetsa ditalama go buisa go feta