KINGA

e tla go nyemisa

Ka ntlha ya go itelekela ga lekhubu la boraro la Covid-19, tota ga re ise re itse gore re tla bonana leng gape.  Mo karolong ya rona ya bobedi e e itumedisang ya a re itsaneng, eish! e bua le Kinga Siejek wa Khamphase ya Vanderbijlpark.

Mekgwa e e makatsang ya ga

 

Kinga o fetsa bontsi jwa malatsi a fenenkolola Facebook, Twitter, Instagram le di-blog. Ke tiro ya gagwe eo, o a bo a sa iteega tsebe – Ke mmapatsi mo mmedieng wa dijethale le mo lefapheng la go Maketa le go Ngoka Baithuti.

O na le nako e kae o le leloko la YBB?

Sentle-ntle, ke sa le ke ntse ke le leloko la YBB go simolola ka 2008, fa ke ne ke ithutela dikirii ya BA ya tsa tlhaeletsano. Ke ne ke le lesego go simolola go direla yunibesiti ngwaga morago ga ke sena go nna le BAHons ya tsa tlhaeletsano ka 2012.

 

A o na le dithutego dipe tse dingwe?

Gape ke na le BAHons ya hisitori go tswa kwa yunibesiting mme ga jaanong jaana ke berekela go nna le ditifikeiti tsa go maketa mmedia wa botsalano le go nna mmenejara wa leinakgwebo tsa Sekolo sa Dijethale sa go Maketa.

 

Ke eng seo o se ratang thata ka tiro ya gago?

Go duelelwa go dirisa mmedia wa botsalano motshegare! Le go tswelela pele ke ithuta sengwe se seša ka YBB le ka mmedia wa botsalano.

 

O goletse kae?

Ke belegetswe kwa Poland mme ka nna teng go fitlha ke tshwara dingwaga di le pedi. Nna le lelapa la gaetsho re bo re fudugela mo Aforikaborwa, mme re ile ra nna kwa Three Rivers, kwa Vereeniging fa e sa le re fitlha mono.

 

Ke dijo dife tsa mo Aforikaborwa tse o di ratang go feta tsotlhe?

Ga ke itse gore ke tlhophe dife fa gare ga “droëwors, malva pudding” le “pumpkin fritters.”

 

Ke eng se o se ratang thata ka Aforikaborwa?

Ke tsere maeto a mantsi fa ke ntse ke gola mme ka kopana le ditso di le dintsi le mafelo a Aforikaborwa. Ke rata bontle jwa naga eno.

 

O ipona o le kae mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang?

Go na le sengwe sa dilo di le pedi se ke se eletsang ka isagwe ya me.

 

Sa ntlha ke go boela kwa Poland go ya go dira jaaka mankge wa mmedia wa dijethale kwa teng kgotsa motlhatlheledi wa hisitori.

 

Sa bobedi se ke se eletsang ke go fudugela kwa go nkgonne, e leng Adam, le lelapa la gagwe le le nnye kwa Canada le go Iponela Mohumagatsana Yo Montle wa Mo-Canada go mo Nyala le go tshela le ene ka boitumelo.

 

O dira eng ka nako ya fa o sa dire sepe?

Ke motho yo o ikgogonneng ka tlhago, ka jalo ke nna fela ke le nosi ka nako ya fa ke sa dire sepe. Ke itumelela go buisa buka e e monate mme se ke neng ke se dira go fetisa nako mo lobakeng lwa totlelelo e ne e le go dira setshwantsho se se takilweng sa 5D, le go baka dikuku.

 

O rotloediwa ke eng kgotsa ke mang?

Ga go ope fa e se Mme. Fa go na le motho ope yo o sa tshwanelang go mo opisa tlhogo, ke mme wa Mo-Poland. Ba tlhogo e thata, ba bua puo pha!, e bile ba dira ka natla go thusa malapa a bone le ditsala. Ga go pelaelo gore ke tsere mokgwa wa go bua puo pha!, kutlwelobotlhoko le lerato mo go mme.

 

O batla go gopolwa ka eng?

Ke akanya gore mongwe le mongwe yo o kopaneng le nna o tla nkgopola ka selo sa gagwe se se farologaneng, mme ke seo ke se ratang.

 

Bangwe ba ka nna ba gopola mekgwa ya me e e farologaneng ya go ipaakanya moriri le mebala ya yone, lefelo la me le le boitshepo lwa dilo tsotlhe tse di jaaka Star Wars, Star Trek le Marvel tse ke nnang ke kgabisitse ka tsone mo tesekeng ya me; ba bangwe ba ka nna ba gopola boikanyegi jwa meka gone, go dira ga me ka natla le go rata metlae, kgotsa motho yo o letshwenyo yo o neng a kopa ba bangwe maitshwarelo gantsi.