Go simolola ka “tlhatlogo e e sa kgaotseng ya ditlhwatlhwa (bull markets)” go fitlha ka “kwelotlase e kgolo ya ditlhwatlhwa (bear markets)”, “boleng jwa dithoto tsotlhe tsa naga mo mmarakeng” go fitlha go “selekanyo se dithoto di batliwang ka sone”, “go rekisa dithoto tse dintsi ga setlhopha se sennye” go fitlha go “infoleišene e e kwa godimo”, dithuto tsa ikonomi di ka utlwala di le thata fela jaaka dikgoro tse di ganang go bulega tsa ntlo ya segosi tse di tswetsweng ka mepako.
Mme go ya ka Mop Waldo Krugell wa Sekolo sa Dithuto tsa Ikonomi, go ise go ye kae, o tla bo o setse o tlhaloganya mareo a a thata a kgang e go buiwang ka yone. Go batlega fela Motsotswana wa Ikonomi, Economic Minute (Die Ekonomie Minuut).
eish! e ne ya tsaya motsotso go botsa Waldo ka porojeke ya podcast ya The Economic Minute.
A o ka re bolelela gore ke eng se se go tlhotlheleditseng go dira porojeke eno?
Batho ba kopana le dikgang tsa ikonomi letsatsi le letsatsi. Ba tla utlwa mo seyalemoweng gore tshupiso ya dishere tsotlhe e tlhatlogile kgotsa gore kananyo-madi ya ranta go dolara e nonofile kgotsa gore e bokoa, mme gantsi ga go na mabaka ape a a tlhalosiwang a seno.
Sotlhe se ba se utlwang fela ke gore dilo di a fetoga, mme ga go ope yo o tlhalosang lebaka la gone. Tseo ke dilo tse o tla di tlhaloganyang botoka fa o ithuta dithuto tsa ikonomi.
Le fa go ntse jalo, jaaka Mop wa ikonomi, ke na le babadi ba le mmalwanyana fela. Ngwaga o o fetileng fa re ne re nna le totlelelo, ke ile ka latlhegelwa ke babadi bao! Seo e ne e le ka ntlha ya kgatiso ya Economic Minute. Ke e simolotse go e kwala ke akantse ka baithuti ba me, le fa gone ke ne ke batla go nna le babadi ba le bantsi.
Goreng o ile wa swetsa ka go dirisa podcast go ruta ka yone?
Ke tlhophile sedirisiwa se go gatisitsweng mantswe mo go sone ka gonne ke belaela gore baithuti ba me ba ka tswa ba sa rate go buisa le gore ke tla kgona go ba fitlhelela ba le bantsi fa ke dirisa podcast. Mo Aforikaborwa, ga re batho ba ba reetsang di podcast thata, ka jalo ke ne ka e bapatsa ke dirisa leina la ECON101 mo Facebook.
Economic Minute e ka reediwa kae?
O ka reetsa Economic Minute mo tirelong nngwe le nngwe ya podcast jaaka mo go ya Apple, Google, Spotify le tse dingwe tse dintsi. E dirwa ke Anchor. Go na le mananeo a letsatsi le letsatsi ka Seaforikanse le ka Seesemane, le fa gone ke iphile nakonyana ya go ikhutsa gone jaanong jaana.
Dithulaganyo tsa gago tsa isagwe ka podcast eno ke dife?
Ke batla go dira gore podcast eno e nne kgolo tota mo teng ga mmedia wa botsalano. Ke batla go boloka The Minute e le khutshwane e bile e sa raraana , mme gape ke batla go e tlaleletsa ka diteng le didirisiwa mo teng ga blog ka dibidio di le mmalwanyana. Gape ke ka rata gore diteišene tsa seyalemowa tsa lefelo la rona di bue ka diteng tsa yone.
Kgang go tla go fitlha jaanong...
The Economic Minute e ne ya simololwa ka di 6 Seetebosigo 2020 mme e ne e na le mananeo a le 107 go tloga ka nako eo go fitlha kwa bokhutlong jwa ngwaga, ka Seaforikanse. Mo ngwageng ono, ke simolotse ka di 4 Ferikgong mme go fitlha ga jaanong jaana go na le mananeo a le 125 ka Seaforikanse le a le 115 ka Seesemane. E tshamekilwe makgetlo a le 21 265. Ka Seetebosigo, ke ne ka tsaya dibeke di le mmalwa tsa go ikhutsa go sekae mo go diriseng podcast go bona gore ke ka abelana jang le batho ba bangwe lerato le ke nang le lone la dithuto tsa ikonomi. Ke leboga ba ba ileng ba reetsa.
*Seo o se dirang fela ke go batla Die Ekonomie Minuut mo polatefomong epe fela e e nang le podcast mme o ipelele go reetsa dikgang tse di ntšha ka ikonomi.
A re tseyeng motsotswana
Mop Waldo Krugell o rata thata go abelana kitso le thato ya diikonomi.