Bagwanti ba gwantela tekatekano ya bong

Baithuti le badiri mo khamphaseng kwa Mahikeng ba ile ba tsaya karolo mo mogwantong wa maloko a setšhaba go tshegetsa tekatekano ya bong ka Labotlhano wa di 4 Diphalane.

Baithuti le badiri mo Khamphaseng kwa Mafikeng mo mogwantong wa go tshegetsa tekatekano ya bong.

Barulaganyi ba tiro eno e ne e le komiti ya LGBTIQA+ (lesbian, gay, bisexual, transgender, intersex, queer and asexual), mme ba ne ba tshegeditswe ke Ofisi ya Botshelo jwa Baithuti le ke Lekgotla la Khamphase la Baithuti. Boikaelelo jwa mogwanto ono e ne e le go amogela dipharologano tsa batho le go tswa letsholotemoso ka bong le go tshegetsa batho ba LGBTIQA+.

Boikaelelo jwa Beke ya Letsholotemoso ka Bong la 2019 e ne e le go tshwara kopano e e eteletsweng pele ke moruti e e nang le matswela ya go tshwara metlotlo ka dipono tse di farologaneng tse batho ba bodumedi ba nang le tsone, le go tshwara dipuisano fa gare ga batho bano le fa gare ga ba e seng ba bodumedi.

Mogwanto ono, o o bidiwang Pride Q'Nnexion, o ne wa tla morago ga Beke ya Letsholotemoso ka Bong le le neng le tshwerwe mo dikhamphaseng tsotlhe tsa YBB ka Phatwe. Le simolotse kwa hekeng e kgolo mme la felela kwa senthareng ya baithuti.

E ama maloko a setšhaba

Bakang Morare, moeteledipele wa komiti ya LGBTIQA+, a re tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le go ila batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone ke mangwe a mathata a mantsi a a amang maloko a setšhaba mo Aforikaborwa yotlhe, go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba kgotsa ke ba maemo afe.

“Mo dikgweding tsa bošeng jaana, mathata a a amang GBV kwa diyunibesiting a ile a etelediwa kwa pele, ka ntlha ya tirisodikgoka kgatlhanong le baithuti kwa diyunibesiting dingwe mo Aforikaborwa.”

Mogwanto e ne e le wa go lwantsha tlhaolele e ba e bontshiwang. Maikutlo a a sa siamang a mofuta ope fela ka bone gantsi ke one a tsosang tirisodikgoka le go nyonywa, mme seno se amana thata le ditlhopha tsa batho ba ba sa sireletsegang.

Ka ntlha ya tirisodikgoka le tlhaolele eo, Bakang o rotloetsa yunibesiti go ema nokeng mekgosi ya go tlisa kutlwano le go nna seoposengwe le ditlhopha tsa batho ba ba kgapetsweng kwa thoko.

“Seno se tshwanetse sa felela ka ditiro tse di siameng le maikemisetso a go nna le letsholotemoso la go tlhama maemo ao mo go one go ka rarabololwang mathata a go sa tshwarweng ka tekatekano (ka ntlha ya bong, maemo le lotso).”