wa rona tselatshweu
MOKANSELIRI
Go naya
Modulasetulo wa Khansele e leng Rre Bismark Tyobeka (wa bobedi go tswa ka fa molemeng) le Motlatsa-Mokanseliri wa YBB Mop Dan Kgwadi (wa bobedi go tswa ka fa mojeng) o naya mokanseliri yo o tlogelang tiro Motlotlegi-Mogolo Kgosi Molotlegi setshwantsho se se takilweng. Mokwadisi e leng Mop Marlene Verhoef (kgakala ka kwa mojeng) o lebeletse fa Clement Manoko, Mokaedikhuduthamaga wa Dikamano le Dikgwebo le Go Maketa (kgakala ka kwa molemeng) a eme bareetsi ka lefoko.
Bona gore YBB e fa Mokanseliri yo a tswang tlotlo jang.
Motlotlegi-Mogolo Kgosi Leruo Molotlegi o ntse a le moeteledipele wa maloko a Morafe wa Segosi wa Bafokeng ba ba 150 000 kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima fa e sa le ka 2000. Ke kgosi ya bo 36 ya Bafokeng le setlogolo sa bo 15 sa moloko wa segosi wa Bafokeng.
Mokanseliri yo o tlogelang tiro wa mo YBB o ne a newa tselatshweu ya segosi.
Mo tiragalong e e botlhokwa eno e e neng e tshwerwe ka di 25 Lwetse 2019 kwa Vanderbijlpark, YBB e ne ya bua Motlotlegi-Mogolo Kgosi Leruo Molotlegi bontle, e mo lebogela go nna le seabe le kaelo ya gagwe mo dingwageng di le 10 tse di fetileng.
Motlotlegi-Mogolo e leng Kgosi Molotlegi, yo e leng moeteledipele wa Morafe wa Segosi wa Bafokeng, o ne a tlhomiwa go nna mokanseliri wa bobedi wa YBB ka 2009 mme a boa gape a tlhomiwa mo maemong ao lekgetlo la bobedi ka 2014.
Mo dingwageng di le lesome tsa fa a le mokanseliri, seabe sa gagwe se ne sa fetoga go tswa go sa ka gale sa go sikara maikarabelo kwa ditiragalong tse di jaaka tsa boalogi go ya go sa go dira ditshekatsheko le go tsenyeletsa diporojeke tsa tirisanommogo go tsweledisetsa merero ya yunibesiti pele.
Go newa tselatshweu ya segosi
Ka nako ya moletlo wa go mo tsamaisa sentle, maloko a le mmalwa a a kwa godimo a botsamaisi mo YBB mmogo le mafapha a puso a ne a bua mokanseliri yo o tlogelang tiro yono bontle.
Baeteledipele bano ba akaretsa Ngaka Bismark Tyobeka (modulasetulo wa Lekgotla la YBB), Mop Dan Kgwadi (Motlatsa-Mokanseliri), Mop Linda du Plessis (mothusa motlatsa-mokanseliri wa thulaganyo le wa ditiro tsa khamphase mo Vanderbijlpark) le Heinz Schoeman-Struwig (modulasetulo wa Lekgotla le le Emelang Baithuti.
Fa Motlotlegi-Mogolo Kgosi Molotlegi a ne a eme botlhe ka lefoko, a re fa a ne a le moithuti ka dingwaga tsa bo1980 mme moragonyana fa a le mokanseliri wa YBB, o ne a anaanela fela thata thutogodimo, le yone YBB. Seabe se se botlhokwa se diyunibesiti di nang le sone mo setšhabeng se botlhokwa thata mo go ene.
Tirisanommogo le baagi
O ne a bua ka dikgwetlho tse ditheo tsa thutogodimo di lebaneng le tsone a bo a tlhalosa gore e le gore go gatelwe pele, mathata a a jaaka hisitori e re nang le yone le maemo a a kwa tlase a tsamaiso ya thuto mo dikolong tsa Aforikaborwa di tshwanetse go etelediwa kwa pele mo nageng yotlhe mme di rarabololwe.
“Ke solofela gore ke tlile go tswelela pele ke dirisana mmogo le YBB le ditheo tse dingwe tsa thutogodimo fa tiro ya me ya go nna mokanseliri e sena go khutla. Re tshwanetse go nna seoposengwe mo go tliseng phetogo e re batlang go e bona mo setšhabeng sa rona,” o ne a bolela jalo.
O bonela pele nako e ka yone diyunibesiti di ka nnang tsa nna motswedi wa tshedimosetso mo baaging. “Go ya ka fa ke bonang ka gone, yunibesiti e e ipaakanyetsang go rarabolola mathata a selegae e tla nna lesego mo nageng ya yone.
“A re akanyeng gore re ka godisa jang kgono ya go ithuta le ya go godisa ditirisano le maloko a yunibesiti le a e seng a yunibesiti tsa go tlisa diphetogo.
“Seno se botlhokwa ka gonne letlotlo-legolo la lekgolo la dingwaga la bo 21 ke megopolo ya baša ba rona. Re tshwanetse go tlhomamisa gore ke bomankge ba ba kgonang go fetofetoga le maemo, go ikitse ka botlalo, go fetofetoga le maemo le go tlotla mekgwa e e farologaneng e kitso e ka itemogelwang le go dirisiwa ka yone.”