Go dira tiro e e fetang go laola dikago fela
Thabani Mhlongo o na le dikirii ya MSc ya botsamaisi jwa boenjenere e a e ithutetseng kwa Yunibesiting ya Pretoria, gape o na le dikirii ya masetase ya botsamaisi jwa kgwebo le dikirii e nngwe gape ya tsamaiso ya bosetšhaba tse ka bobedi a di ithutetseng kwa Yunibesiting ya Stellenbosch.
Ka maitemogelo a dingwaga di le 24 a tiro ya go aga, Thabani Mhlongo o tsenyeletsa mekgwa ya go dira tiro eno le go e logela maano mo maemong a gagwe a maša a go nna mokaedi-mogolo wa dikago mo YBB.
Lefapha la dikago le ikarabela ka go laola dikago tse di farologaneng le ka ditirelo kwa dikhamphaseng tsotlhe tsa YBB. Seabe sa ga Thabani ke go tlamela ka boeteledipele jwa go kaela le go tokafatsa dikago tse go tlamelwang ka tsone le go di laola, tiro ya go aga le go sola molemo ditsha tse go iseng go agiwe sepe mo go tsone, mmogo le tshireletsego mo tirong.
Goreng ditsha tse go iseng go agiwe sepe mo go tsone di solwa molemo?
Go sola molemo ditsha tse go iseng go agiwe sepe mo go tsone mo dikhamphaseng tsotlhe go botlhokwa thata ka gonne dibaka tse di bulegileng di tlhokwa thata. Go ntse go ntse jalo, go tlamela ka dikago le go di laola go tsenya boemo jwa madi jwa yunibesiti ka fa tlase ga kgatelelo, mme seno se dira gore go logwe maano a maša a go laola ditshenyegelo le go se boele morago mo go tlameleng ka dibaka tse di tlhokegang.
Thabani a re o ipaakanyetsa go sekaseka thulaganyo ya konokono ya yunibesiti ya go tlamela ka dikago malebana le go rulaganya dibaka tse di bulegileng, le go bona gore maikemisetso a YBB le ditlhoko tsa yone di ka diragadiwa jang. “Gape ke batla go tlhaola dipatlafalo tse di ntšha le ditlhaelo tsa ga jaanong jaana malebana le dikago go bona gore go ka tlamelwa botoka jang ka tsone tumalanong le ditogamaano tsa yunibesiti,” o bolela jalo.
O simolotse tiro e a e tlhometsweng ka di 2 Lwetse.
Monna yo o tlhomilweng mo maemong ano
Thabani, yo o tswang kwa Vryheid, torotswana ya meepo ya magala le polasi ya dikgomo kwa KwaZulu-Natal, o diretse mo maemong a a farologaneng go ralala naga. Pele a tlhomiwa mo maemong a gagwe kwa YBB, o ne a le mmenejara-mogolo wa ditirelo tsa setegeniki kwa lefapheng la Tirelo ya Maemo a Bosa la Aforikaborwa.
O itlhalosa gore ke mologamaano yo o tlhotlheletsegang thata go dira dilo ka thulaganyo. O rata thata go taboga dimmarathone mme o tabogile mmarathone wa Comrades wa bolesome mo ngwageng ono.
YBB e lebile pele go ungwa maungo a tiro ya ka natla, go ititaya sehuba le go loga maano, e leng dilo tse Thabani a tlang ka tsone mo maemong a gagwe a maša.