Joseph is proof positive that lifestyle changes can last

 

di thusa baithuti fa ba lebana le kgwetlho ka deitha

Problem solvers Heinrich Roodt and Christiaan Loedolff during the EY NextWave Data Science Challenge in Sandton. Heinrich and Christiaan met in the gym and realised they share a love for programming and data analysis. They decided to team up to enter the challenge.

DIKGONO TSA GO RARABOLOLA MATHATA

PHETLHOLELA KWA TLASE

Mo lefatsheng le le tletseng dikgwetlho tse dintsi, bokgoni jwa go rarabolola mathata bo botlhokwa thata mme deitha ke selo sa konokono se se ribololang ditharabololo. Setlhopha sa baithuti ba babedi ba YBB ba ne ba dirisa dikgono tsa bone tsa go rarabolola mathata mme ba tsaya maemo a boraro mo Kgaisanong ya ngwaga ono ya Ernst & Young (EY) NextWave Data Science.

Phitlhelelo ya bone e ne ya baya YBB ka fa morago ga ditlhopha tsa Yunibesiti ya Stellenbosch le Yunibesiti ya Cape Town, tse di neng di tsere maemo a ntlha le a bobedi.

 

Heinrich Roodt, moithuti wa masetase wa Mmetshe wa Kgwebo le Dithulaganyo (Business Mathematics and Informatics [BMI]), le Christiaan Loedolff, moithuti yo o nang le onase ya diforensiki tsa bobalamatlotlo ya BCom, ba ne ba itshupa e le setlhopha se se nonofileng tota ka kgaisano e e simolotseng ka Moranang.

 

Ba ne ba newa moputso wa madi a bokana ka R5 000 mme ba kgatlha barulaganyi ba kgaisano eno thata mo e leng gore, fela jaaka bafenyi, le bone ba laleditswe go tla go tsaya karolo mo lenaneong la boithutelotiro mo setlamong kwa EY ka 2020.

 

Kgaisano ya ngwaga le ngwaga, e e tshwarelwang kwa mafelong a a farologaneng lefatshe ka bophara, e ratega fela thata mme tšhono ya go tshwarwa ga yone mo Aforikaborwa e ne ya ngoka batsayakarolo ba ba fetang 200 go tswa mo nageng yotlhe. Ba ne ba fetsa letsatsi lotlhe kwa kantorokgolong ya EY, mme go ne ga ba naya tšhono ya go itsanye le ba bangwe le go batlisisa ka ditšhono tse di bulegetseng baalogi.

 

Go batla ditharabololo tsa toropofatso ya mafelo

 

Heinrich o tlhalosa gore kgwetlho e ne e le ya go tsepa mogopolo mo goreng deitha e ka thusa jang toropo e e latelang e e nang le dilo tsa makgonatsotlhe go se nne le mathata ape le go tokafatsa metsamao ya batho mo go yone mo isagweng. “Go toropofatsa go a gola lefatshe ka bophara, mme baagi ba lefatshe ba ba fetang 50% ba nna mo ditoropong. Go ya ka Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, palo eo e tlile go fitlha kwa go 60% ka 2030 – palo eo e batla e feta ya 2010 ka 1,5 bilione,” o bolela jalo.

 

“Le fa tiragalo eno e bulela ditoropo ditšhono tse dikgolo, gape e bakela dipuso dikgwetlho tsa go sa itse gore di ka tlhabolola jang ditirelo, di ka fokotsa jang kgotlhagano mo ditoropong le go fedisa kgotlhelo.”

 

A re bathati ba puso ba na le tshedimosetso go ya pele jaanong go feta pele gore baagi ba ebela jang mo ditoropong, mme go na le tlhaelo magareng ga go dirisa deitha eno le go tokafatsa maitemogelo a go ebela mo ditoropong ga baagi.

 

“Sebaka se re nnileng le sone sa go fedisa tlhaelo eo ke se. Jaaka setlhopha se se tsayang karolo re kgonne go laisolola deitha e e nang le palo e kgolo ya direkoto tsa mafelo a a sa senolweng ka maina go tswa kwa toropong ya Amerika ya Atlanta (Georgia), ka Diphalane 2018.”

 

Setlhopha se ne sa dirisa tshedimosetso eno go tlhagisa mmotlolo go thusa bathati go tlhaloganya go ebela ga banni ba metsesetoropo fa ba ebela mo ditoropong letsatsi lotlhe.

 

 

“Moputso o mogolo fano e ne e se wa go ikgapela madi mme e ne e le maitemogelo a go itsalanya le baporofešenale ba EY,” Heinrich Roodt o bolela jalo.

 

O dumela gore lenaanethuto la YBB la MSc BMI le mo tlhomeletse ka botlalo gore a ntshe ga tshwene mo kgaisanong eno. “Ke rata go leboga Mop Riaan de Jongh thata, mokaedi wa Senthara ya kaelo ya BMI.”

Heinrich Roodt

Hover to read more.

 

 

Christiaan Loedolff, yo o tswang kwa Namibia, a re le fa BMI e se serutwa se a se ithutelang, o ratile thata maitemogelo a a nnileng le one. “Selo se se botlhokwa thata se ke se ithutileng ke gore o ka kgona go rarabolola bothata bongwe le bongwe fa o na le tshedimosetso e e lekaneng.”

 

“Gape go a gakgamatsa go bona ka fa ditšhono di leng dintsi ka gone tsa gore batho ba itse go dirisa deitha ka tsela e e mosola fa ba rarabolola bothata.”

 

Christiaan Loedolff
Hover to read more.

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE