Kopanela le botlhe mo meketeng ya Letsatsi la Basadi e e neng e tshwaretswe kwa Potchefstroom, e e neng e galaletsa diphitlhelelo tsa basadi tsa nako e e fetileng le tsa jaanong.

Ke rona ba

Re Keteka Letsatsi la Basadi

PHETLHOLELA KWA TLASE

 

 

Badiri le baithuti ba ne ba tla ka makatla a namane ka di 8 Phatwe go tla go keteka Letsatsi la Basadi ba patilwe ke Lerato Molapo, yo leina la gagwe la seporofešenale e leng Lira.

 

Molaetsa wa thotloetso wa ga Lira e ne e le go rotloetsa basadi gore ba nne le bokgoni jo bo ka se kang jwa lekanngwa, e leng selo se a se ratang thata.

 

O ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le thutego ya maemo a a kwa godimo le go rotloetsa basadi go gagamalela ditoro tsa bone le go se latlhele seditse.

 

Tobetsa fa go buisa go feta ka ga boipelo jwa Letsatsi la Basadi kwa Khamphaseng ya Mahikeng mo moopedi Bonolo Molosiwa a ileng a opelela basadi.

 

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botseleganyi:

Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.