Aubrey Fransman, motlhatlheledi wa thutafatshe wa Legoro la Thuto, ke mongwe wa maloko a komitikhuduthamaga ya Black Pumas.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Fa o rata

KGWELE

YA DINAO,

ga se wena fa

Ba ipelela go bo e le ba YBB… ba Black Pumas kwa morago go tswa ka fa molemeng ke Nkopane Moletsane, Mokgadi Mantje, Moss Letshwenyo, Dumisani Makhoba, Tebogo Makgale, Lehlohonolo Chachu, Jerome Mathiba, Odirile Mosiane le Shepherd Mthethwa. Fa pele ke Samuel Mamathuntsha, Kabelo Mareli, Melvin Segrana, Alpha Dolopi, Mario Chauque le John Molefe.

Fa o rata kgwele ya dinao mme o na le badiri-ka-wena bao le bone ba e ratang, goreng o sa ipulele setlhopha sa gago sa kgwele ya dinao mo YBB?

Seno ke se se dirilweng ke setlhopha sa Black Pumas, se thusiwa ke setlhopha sa Boitekanelo sa yunibesiti.

 

Seno se simolotse fa setlhopha sa batho ba ba ratang kgwele ya dinao thata mo Legorong la Thuto la khamphase ya Potchefstroom se ne se swetsa ka gore ba nne matlhagatlhaga thata mme ba simolola go tshameka kgwele ya dinao fa pele ga dikago B5 le B6.

 

Ba ne ba bua le maloko a badiri mo khamphaseng yotlhe mme kgabagare ba bua le Boitekanelo jwa YBB, e e neng ya ba tshegetsa ka madi gore ba nne le dilo tse di farologaneng tse ba di tlhokang tsa kgwele ya dinao le go rulaganyetsa gore ba nne le lefelo la boikatisetso kwa mabaleng a motshameko a yunibesiti.

 

Gompieno Black Pumas e na le batshameki ba ka nna 30 ba dingwaga tse di farologaneng, mme ka metlha ba tshameka kgatlhanong le ditlhopha tse di tswang kwa Letsholong la Tshireletso, Lefapha la Thuto ya Motheo le Kholetšhe ya Temothuo, gareng ga tse dingwe.

 

“Sengwe le sengwe se a ikatisediwa,” sekgantshwane sa kgwele ya dinao e leng Pelé o kile a bolela jalo. Go dumalana le mafoko ano, ba ikatisa thata e bile ba dira jalo gantsi, ba dirisa mongwe wa melawana ya go nna le tumelo mo go tsa kgwele ya dinao - go ikemisetsa go fufulelwa thata.

 

Leina la bone le kayang?

 

Mme ke eng fa ba ipitsa Black Pumas?

A seno se ka tswa se ba gopotsa Setshameki sa Montsho sa Maemo a a kwa Godimo seo masomesome a dingwaga a a fetileng se neng sa tshameka kwa dinageng tse di kwa ntle ga Brazil? A setlhopha seno se teeletswe ka setshameki seo sa kgwele ya dinao se se neng se dudueletswa ke batho mo lefatsheng lotlhe, fa ba ne ba goa dinoko tse pedi tse di itsegeng thata mo kgweleng ya dinao:  Pelé?

“Ga a bolo go nna setshameki se ke se ratang thata,” go bolela jalo Aubrey Fransman, motlhatlheledi wa thutafatshe wa Legoro la Thuto yo gape e leng leloko la Komiti ya bakhuduthamaga ya Black Pumas. “Mme ga ke itse gore go tlile jang gore batshameki ba swetse ka go dirisa leina leo!” o oketsa jalo a tshega.

 

Go ipeela mekgele e mentsi

 

Maloko a setlhopha a batla go dira gore Black Pumas e itsege - a batla gore e itsiwe ke batho gongwe le gongwe.

 

Ono ga se one fela mokgele o ba batlang go o fitlhelela jaaka batshameki mo YBB. Maloko a setlhopha mo khamphaseng ya Potchefstroom a batla go golagana le badiri-ka-bone ba ba kwa Mafikeng ba Mokgatlho wa Motshameko wa Badiri ba Diyunibesiti tsa Aforikaborwa mo bogautshwaneng.

 

Ka Boitekanelo ba setse ba simolotse setlhopha sa kgwele ya dinao sa basadi le setlhopha sa bolotlowa, mme jaanong ba batla go simolola le setlhopha sa kirikete.

“Ke rata kirikete,” go bolela jalo Aubrey pele a kgwa mowa. “Le fa.... Morago ga metshameko e meraro e e fetileng ke ne ke akanya gore ga ke rate kirikete thata jalo,” o dira metlae, tota a bua ka metshameko e meraro e setlhopha sa Protea se fentsweng mo go yone ka go latelana fa ba ne ba tshameka le England, Bangladesh le India kwa kgaisanong ya Sejana sa Lefatshe sa Kirikete sa ICC.

 

Go nopola mafoko a ga Black Pearl gape: “Go atlega ga go itlele fela. Go tlisiwa ke tiro ya ka natla, go kgotlhelela, go ithuta, go ikentsha setlhabelo mme go feta tsotlhe, lerato la se o se dirang kgotsa se o ithutang go se dira.”

 

Mafoko ano a akaretsa sengwe le sengwe se Black Pumas e se emelang. Mme e sa ntse e le tshimologo fela.

 

Fa e le gore o kgatlhegela go nna leloko la sengwe sa ditlhopha tsa motshameko, o ka ikgolaganya le John Molefe (kgwele ya dinao ya banna) kgotsa Rachel Masemola (kgwele ya dinao ya basadi le bolotlowa).