Letsatsi ga le ise le tlhabe mme meriti ya bosigo e sa ntse e le aparetse boalo jwa naga. Ka makuku, go bonala bontsho jwa batho ba tsamayatsamaya mo phakeng yotlhe bo tsentse ditlelafo mme bo tshwere dibeke tsa matlalaka.

 

Bano ke digatlhamelamasisi tsa badiri ba Dikamano le Dikgwebo le Go Maketa ba ba ipetileng pelo go tswela mo marigeng a mo mosong ka di 5 Seetebosigo Fa ba sena go hupa kofi ka bonako, ke fa ba tsenela letsholo le le dirwang ke Cachet Park City Improvement District la go phepafatsa Wasgoedspruit Park kwa Potchefstroom.

 

Setshwantsho sa YBB sa Eagi le tsala ya gagwe Pukki le bone ba ne ba le teng go rotloetsa setlhopha seno. Ga go ise go dumalanwe ka ga gore ba oletse matlakala a makana kang…

Ipopeng setlhotshwana gore lo phepafatse

Ke rona ba

 

Lebelela Setlhopha sa Dikamano le Dikgwebo le Go Maketa mob a ileng ba phepafatsa

Wasgoedspruit Park mo Potchefstroom.

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botseleganyi:

Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.