Gender Benefit Network le LGBTIQ+ =
e tshegetsa ditshwanelo tsa batho
Go bona tshedimosetso go ya pele ka ga Gender Benefit Network (GBN), o ka ikgolaganya le Mop Robert Balfour at 018 285 2106. Fa e le gore o ka rata go thusa ka madi mo letloleng la GBN, o ka saenela gore go dirwe didebiti otara kgotsa o ka diposita madi mo akhaontong e e latelang:
Leina la motshwari wa Lotlole: North-West University
Leina la Letlole: NWU Diverse
Nomore ya Letlole: 670642313
Mofuta wa Letlole: Cheque
Leina la Lekala: ABSA Tom Street
Khoutu ya Lekala: 632005
Khoutu ya Swift: ABSAZAJJ
Tlhaloso ya didebiti otara ya gago: Campus Pride
Letlole leno le etelelwa pele ke YBB ka ditsamaiso tsa gale tsa ditšhelete tsa yunibesiti mme le engwa nokeng ke Kantoro ya Botshelo jwa Baithuti le tsamaiso ya mekgatlho ya baithuti.
Dikopo tsa go dirisa madi a teng gantsi di tswa go baduladitulo ba ditlhopha tsa baithuti tse di leng mo khamphaseng, kgotsa go tswa go baakatemi le badiri ba ba iketleeleditseng go rulaganya tiragalo e e buang ka batho ba ba ratanang le ba bong jwa bone kgotsa ka mathata a a amanang le go itshenola mokgwa-thobalano mmogo le go newa kemonokeng.
Setlhopha sa baithuti ba khamphase ya YBB kwa Vanderbijlpark se ne se tshwere tiragalo ya baithuti ba LGBTIQ+ bošeng jaana. Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta, o ne a le mongwe wa baeng.
Gender Benefit Network (GBN) ke neteweke e badiri le baithuti ba e dirisang ka go ithaopa, le batho ba ba leng ka kwantle ga YBB, e e rotloetsang ditshwanelo tsa batho ka kakaretso mme e dira ka mo go kgethegileng mo kgannyeng ya bong le dipharologano kwa YBB.
TOBETSA MO DITLHAKENG TSE DI FA GODIMO GO BUISA KA GA DITIRAGALO MO DIKHAMPHASENG
Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta le moemanokeng wa GBN, a re neteweke eno e tlhamilwe ka 2017. "Maloko mangwe a nna le seabe ka go ntshetsa matlole madi gore ba tshegetse mekgatlho ya baithuti, fa ba bangwe bone e le maloko a a tlhagafetseng, a a thusang go rulaganya ditiragalo le go thusa baithuti ," o bolela jalo.
Thuso ya madi a letlole la go go tshegetsa dikgopolo tse di ntshiwang
"Re ka kgona go bona go sa le gale gore baithuti ba ntse ba kgaratlhela go koleka madi a ditiro tsa bone kwa YBB. E re ka ditlhopha tseno gantsi e le tse dinnye, palo ya ba ba tshegetsang dikgopolo tse di ntshiwang le matsholo a a tlhokang go tshegediwa ka madi e nnye thata. Tlhaelo eno gantsi e thatafaletsa ditlhopha go ithulaganya le go itlhokomela, mmogo le go lemotsha ba bangwe ka bong le mekgwa e e farologaneng ya thobalano mo gare ga baithuti."
A re setlhopha sa botsamaisi sa YBB se a lemoga gore batho ba ba farologaneng mo setšhabeng ba ema nokeng basadi ba ba robalanang le ba bong jwa bone, banna ba ba robalanang le ba bong jwa bone, ba ba robalanang le ba bong jotlhe , ba ba iphetotseng bong, go emelwa ka tekatekano ga batho ba bong jotlhe, batho ba bong jo bo gabedi le batho ba mokgwa o o farologaneng wa thobalano (LGBTIQ+), le fa ba ka tswa ba se karolo ya setlhopha seno. "Re ne ra swetsa ka gore re tlhame neteweke ya batho ba ba kutlwelobotlhoko ba ba thusang ka nako ya bone kgotsa ka madi go ema ditiragalo le baithuti nokeng."
Go nna le seabe mo lenaneong la Kgwedi ya Basadi
Robert a re GBN, e e emang nokeng ditiro mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo tsa YBB, gape e nna le seabe ka tsela e e botlhokwa mo go tshegetseng ditiragalo tsa LGBTIQ+ tse di dirwang ngwaga otlhe.
Mo tshimologong ya kgwedi ya Phatwe, go dirilwe thulaganyo ya go tshwara lenaneo le le kgatlhang la Kgwedi ya Basadi, ka letsholo la setlhogo se se reng Gender Awareness Week (2 go fitlha ka 8 Phatwe). Dilo dingwe tse di tlileng go direga mo lenaneong leo ke ditiragalo tse di farologaneng tse di jaaka dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa baithuti le badiri, diseminara le dipontsho.
"Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo letsholong le le botlhokwa thata leno e bile a ka dira jalo ka go tsaya karolo le go thusa ka madi," go bolela jalo Robert.
POTCHEFSTROOM
Setlhopha sa Pride sa Khamphase (modulasetulo Gender Awareness Week (2 go fitlha ka di 8 Phatwe) kwa khamphaseng ya Potchefstroom o ne a rulaganya tiragalo ya go tlotla ka ditlhogo tsa botlhokwa jaaka tsa bodumedi, boammaaruri le go itsise batho fa o ratana le ba bong jwa gago, gareng ga tse dingwe.
Ngaka Jacques Rothman wa Boithutaloago o ne a neela puo ka patlisiso e e amanang le PhD ya gagwe ka baakatemi le go itshenola ga batho ba ba farologaneng ba ba ratanang le ba bong jwa bone. Batho ba ka nna 60 ba ba neng ba le teng ba ne ba nna le seabe mo metlotlong e e tlhagafetseng e e ka ga mathata a gantsi batho ba LGBTIQ+ ba kopanang le one.
VANDERBIJLPARK
Kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark, setlhopha sa LGBTIQ+ (modulasetulo e ne e le Pulane Ratikoane) o ne a rulaganyetsa gore go nne le ditshwantsho tsa batho ba mokgwa o o farologaneng wa thobalano le gore go tlotlwe ka tsone. Setlhogo sa tiragalo eno se ne se re, “I’m me, HUMAN” ("Nna ke Nna, ke MOTHO") mme se ne se ruta batho ka mekgwa e e farologaneng ya thobalano le go tlhomamisa gore santlha-ntlha, batho bano botlhe ba lejwe e le batho, mo boemong jwa go tewa maina kgotsa go tsenngwa mo setlhopheng sa ba thobalano e sele.
Baeng ba ba kgethegileng ba ne ba akaretsa Setheo sa Pholo sa ANOVA, lefapha la Go Naya Baithuti Kgakololo le Kgodiso ya Bokgoni jwa Bone (Tsholo Mthimkhulu) le Zaza (William Fisher). Baithuti ba mokgatlho wa LGBTIQ+ go tswa kwa Yunibesiting e e gaufi ya Lekwa ya Thekenoloji le bone ba ne ba ema tiragalo eno nokeng.
MAHIKENG
Le yone mo bogareng jwa Motsheganong, Mokgatlho wa Diphetogo kwa khamphaseng ya Mahikeng (modulasetulo e ne e le Sam Mbatha) o ne wa rulaganya tiragalo ya setlhogo se se reng, “Closeted conversations” ("metlotlo ya go itshenola ga batho mokgwathobalano wa bone".) Boikaelelo jwa teng e ne e le go tlhama lefelo le le sireletsegileng le le siametseng sentle gore go tshwarelwe dipuisano le metlotlo eno mo go lone.
Tiragalo eno e ne e amana le go itshenola ga batho mekgwa-thobalano ya bone, tshireletsego ya bone, botsalano jwa bone le ba bangwe le go tsenela ditheo tsa thutogodimo, mekgele e batho ba LGBTIQ+ ba nang le yone le botlhokwa jwa go tlhomamisetsana gore gotlhe go tla siama.
Go ne ga tlotlwa le ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo khamphaseng. Di akaretsa botlhokwa jwa gore go farologana ga bone go amogelwe, kutlobotlhoko e e bakwang ke go sa amogelwe ke ba bangwe le go tlhokega ga batlhomasekao ba ba oketsegileng mo gare ga bone ba ba bonwang ke mang le mang.
<
>
x