>

>

DIPHAROLOGANO

Ruta pelo ya gago go amogela dipharologano

BUISA GO FETA

Goreng go se motlhofo gore bangwe ba rona ba amogele ba ba farologanang le rona?

 

A ke ka gonne re dumela gore ba palo e ntsi ke bone ba ba sireletsegileng – segolobogolo fa ba palo e ntsi e le ba ba tshwanang le rona? Kgotsa a ke gore re leba dipharologano tsa batho ba bangwe jaaka tsela e e didimetseng ya go re tshwaya diphoso gore "ke eng fa rona re sa farologane le ba bangwe"?

 

Mo tokololong eno ya Eish! o tla buisa ka batho ba bantsi ba ba farologanang le bontsi jwa batho. Ka sekai, ga se baithuti botlhe ba serutwa sa go Ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong ba ba ka kgonang go ntsha ga tshwene jaaka Marelie Botha e bile ga se botlhe ba ba nang le dingwaga di le 25 ba ba nang le gerata ya bongaka jaaka Kenny Mnisi.

 

Mo YBB go na le batho ba bantsi ba ba nang le mokgwa wa thobalano o o farologanang le wa ba bangwe, ba ba tswang mo ditlhopheng tsa setso se se farologaneng kgotsa ba ba buang dipuo tse di farologaneng. "Go farologana" ga bone ga go ba tlhaole gore ke batho ba mofuta ofe.  Monna yo o buang Setswana yo o ratanang le monna yo mongwe e ka nna motho yo o itumetseng yo o kgonang go rarabolola mathata, fa mosadi yo o buang Seaforikanse yo ene a sa rataneng le mosadi ope e le yo gantsi a ratang go ja batho nko e sa butswa.  Kgotsa bobedi jwa bano bo ka tswa e le ba mofuta wa ba ntlha ba re ba umakileng.

 

Ga jaanong jaana YBB e dule letsholo la Ubuntu go bontsha ka fa re tshwanetseng go laola maikutlo a rona ka gone gore re tlhaloganyane botoka. Nna o letetse tokololo e e latelang ya Eish! e mo go yone re tlileng go tsaya leeto le wena la Ubuntu.

 

Re solofela gore letsholo leno le tla re ruta go amogela batho fela jaaka ba ntse, mo boemong jwa go ba kekologa, go ba atlhola kgotsa go ba utlwisa botlhoko. Mo athikeleng e e kwadilweng ke Ngaka Rick Hanson ya Psychology Today, a re: “Go amogela ke mpho e e busetsang.”

 

Ke boammaaruri. Fa re amogela ba bangwe re tla itumelela go bo re le maloko a setšhaba sotlhe, le fa gone re sa tshwane gotlhelele. Re ka nna ra simolola le e leng go anaanela ntlha fela e e motlhofo ya go bo re le batho – re sa lebe dipharologano, mme re lebile fela gore rotlhe re batho ba nama le madi le pelo. Segolobogolo pelo.

 

Buisang ka boitumelo!