>

>

BUISA GO FETA

 Go na le tsholofelo ka ba ba dirang ba ntse le ba ba dirang ba eme

Fa e le gore o tlhola o ntse letsatsi lotlhe kgotsa o eme mo phaposing ya botlhatlheledi, metshameko mengwe e mennye e e leng teng mo khamphaseng mo Potchefstroom e ka go thusa go nna o itekanetse e bile o le matlhagatlhaga.

Mo godimo ga mefuta ya metshameko e megolo e e jaaka rakabi le kirikete e bontsi bo e tshamekang ka metlha, khamphase e na le metshameko e mennye. Re ne ra bua le Johann Sauer, mmenejara wa Metshameko ya PUK ya YBB wa metshameko ya mo teng ga kago, ka metshameko eno mme ra mmotsa gore a maloko a badiri ba YBB le bone ba ka tsaya karolo mo go yone.

 

"Metshameko e mennye ya semmuso ke bolotloa, kolofo, dijiminasi, karate, sekwashe, go palama dithaba, tšhese le tenese ya mo tafoleng,"

 

"Wena jaaka leloko la badiri o ka tsaya karolo mo metshamekong eno e mennye, mme o ka nna wa se ka wa kgona go tsaya karolo mo go yone ka metlha fa ditlhopha tsa yunibesiti di tshwanetse go ikatisetsa dikgaisano tse dikgolo.

 

 

Nna mongwe wa bone

 

Ka tuediso ya go ikwadisa ya ngwaga le ngwaga ya R125 fela,  gape o ka nna wa dirisa jimi le mabala a sekwashe mo senthareng ya metshameko e e ka fa tlase ga lefelo la bobogelo.Morago ga moo o duela R8 fela ya go ya go dirisa jimi le R14 fa o tshameka sekwashe sebaka sa metsotso e le 45.

 

O tshwanetse go tsenya karata ya gago ya go nna leloko la mo khamphaseng madi pele ga nako o bo o dira peeletso mo sekerining kwa senthareng ya metshameko gore o batla go ya go tshameka ka nako mang. Johann o ne a re maloko a le mantsi a badiri le one a tsaya karolo mo metshamekong e e jaaka ya Pilates, yoga le motshameko wa mabole le go raga, e e rutwang ke bakatisi ba poraefete mo senthareng ya metshameko.

 

E mennye mme e a atlega

 

Malebana le dikgang tsa ba ba atlegileng, metshameko e mennye mo khamphaseng ga e tlhoke go ikaega ka mefuta ya metshameko e megolo.

 

Ditlhopha go tswa kwa metshamekong e mennye di tsaya karolo ka metlha mo dillegeng tse di farologaneng le mo dikgaisanong tsa bommampodi tsa University Sports South Africa (USSA).

 

"Ditlhopha tsa rona tsa karate di fentse dikgaisano tsa USSA mo ngwageng wa bo 17 ka go latelana," go bolela jalo Johann Sauer wa Metshameko ya PUK ya YBB. "Mo godimo ga moo, setlhopha sa rona sa dijiminasi ke bafenyi ba ga jaanong ba USSA mme batshameki ba rona ba tenese ya bolo e e nang le diphofa ba fentse dikgaisano di le tharo mo go tse tlhano dingwaga di le tlhano tse di fetileng mme ba dule maemo a bobedi gabedi.

 

Gape go na le dillega tsa kago ya bonno tsa bolotloa, tenese ya bolo e e nang le diphofa, sekwashe le tenese ya mo tafoleng.