>

BUISA GO FETA

>

Katlego o tlogela tiro ya bogasi gore a nne moapei

Go rata ga gagwe tiro ya mo radiong go lwantshana le go rata ga gagwe ga tiro ya go apaya. Katlego Ramagaga, yo e leng mmenejara wa seteišene sa radio kwa khamphaseng ya YBB kwa Mahikeng, o re bolelela gore go tlile jang gore a rate go apaya dijo tse di monate.

“Ke sa le ke simolola go apaya ke ka nna dingwaga di le 12 mme dijo tsa me tsa ntlha e ne e le spaghetti le minsi,” Katlego o bolela jalo, yo bošeng jaana a nnileng le seabe mo kgaisanong e e tumileng ya go apaya ya, Come Dine with Me South Africa. O ne a le mongwe wa bagaisani ba le bane mo pontshong ya bobedi ya setlha sa bone sa lenaneo leno, e e neng ya gasiwa ka di 22 Tlhakole 2018.

 

E re ka Katlego a sa bolo go rata lenaneo leno thata dingwaga di le tlhano tse di fetileng, o ne a sola molemo sebaka sa go nna mogaisani fa tšhono ya go dira jalo e ne e mmulegela la ntlha go ela kwa bofelong jwa ngwaga o o fetileng. Fa a sena go amogela netefatso go tswa kwa batlhagising ba lenaneo leno gore o tlhophilwe go nna motsayakarolo, a simolola gone foo go baakanya lenanedijo la gagwe la maitseboa ao a tla bong a le moamogedi wa baeng ka one mme kwa bofelong a kgona go tlhama lenanedijo la dikarolo tse tharo.

 

E ne e le lenanedijo la nama ya koko e e tshetsweng ditswaiso tse di babang, eo pele e jewa go neng go tla simololwa ka coleslaw e e tsentsweng apole, morago ga moo go bo go jewa dijo tsa maitseboa tsa leoto la nku le le tshetsweng ditswaiso tse di monate e bile le innwe mo teng ga moro o o nang le moutlwalo wa kaliki, morago ga moo go bo go feleletswa ka dijo tse di botshe tse di bidiwang “naughty Oreo Amarula cheesecake”.

 

Go ikatisa go lootsa bokgoni

 

"Ke ne ke ikatisa ka go apaya dijo tseno Bosontaga ba le batlhano ka go tlhomagana pele ga kgaisano; ke ne ka feleletsa ke sa tlhole ke batla go di ja ka gonne di ne di ntlapetse mme ka dirisa ba lelapa le ditsala go ikatisa ka bone. Moutlwalo wa tsone o ne o tokafala beke le beke.

 

"Dijo tse di botshe, tse ke itsegeng ka tsone, tsone di ne tsa tokafala maitseboa pele ga ke nna moamogedi wa baeng ba bangwe ba bararo mo kgaisanong eno. Ke ile ka leka resipi eno makgetlo a le marataro pele e nna ka mokgwa o ke neng ke e batla ka one.

 

"Ka tlhago, ke motho yo o ratang go amogela baeng, ka gonne ke tswa mo lelapeng la batho ba ba ketekang sengwe le sengwe ka go dira pesonama kgotsa ka go apaya dijo tsa motshegare tse di boitshegang tsa Sontaga – ka jalo ga ke bolo go apaya. Ke rotloediwa ke mmemogolo le ke rremogolo le bommangwane e bile ke rata dijo tsa ga mama thata. Ke mo leboga tota ka gonne ka dinako tsotlhe o batla gore ke lekeletse dijo dingwe," o konela jalo.

 

Mo godimo ga tiro ya gagwe e e boima ya go nna mmenejara wa seteišene sa radio ya khamphase, ga jaanong jaana Katlego o kwala boloko ya dijo e a tlileng go abelana diresipi tse a di ratang thata mo go yone e bile gape o leka go dira gore dijo dingwe di rekisiwe kwa mebarakeng ya lefelo la rona kgwedi le kgwedi.

 

Katlego Ramagaga, mmenejara wa seteišene sa radio kwa khamphaseng ya YBB kwa Mahikeng, a re ka tlhago ke motho yo o ratang go apaya le go amogela baeng.