>

>

Buisa go feta

YBB e tlotla bafitlheledi ba materiki ba 2016

Bangwe ba barutwana ba maemo a a kwa godimo a Aforikaborwa a 2016 a tlhophile YBB go ithutela mo ka 2017. Palo e ya bašwa ba le 212 ba ba makatsang jaanong ke baithuti ba ngwaga ya ntlha - ba ne ba tlotliwa ka mekete  mo dikhamphaseng tse tharo tsa yunibesiti.

 

Ka nako ya kamogelo ya semmuso ya baithuti ba ngwaga ya ntlha kwa khamphaseng ya Mafikeng, Mop Mashudu Davhana-Maselesele, moreketoro, o amogetse bafitlheledi ba ba kwa godimo ba le 9 mo khamphaseng ba ba boneng dinaledi di le 3 le go feta ka 2016.

 

Mop Fika Janse van Rensburg, moreketoro wa motshwareledi wa Khamphase ya Potchefstroom o amogetse bafitlheledi ba ba kwa godimo ba le 173 go tswa kwa dikolong di le 95 go tswa kwa dikolong tse di kwa godimo go tswa mo Aforikaborwa le kwa Namibia ka bophara. Moithuti yo o fetileng ka maduo a palogare a a kwa godimo go feta ke wa maduo a le 95%.

 

Ba babedi ba bašwa ke Jaco van Tonder le Mieke Pretorius go tswa kwa Tshwane, ka bobedi ba bone dinaledi di le 9 mme ba le 30 ba bone dinaledi di le 8 mme ba ba 90 ba bone dinaledi di le 7 mme ba ba 40 ba ne ba na le di le 6 mme ba ba 11 ba bone dinaledi di le 5 mongwe le mongwe. Mo gare ga bone go ne go na le Luné Smit, morutwana wa mampodi wa Bokone-Bophirima (ka palogare 95% le 100% ya palotlotlo) le Walter Lemmer wa Potchefstroom Gymnasium(99% ya Dipalo).

 

Mop Fika o file Samantha Pretorius kabelo ya go ingaparela morago ga go feta ka dinaledi di le 8 le palogare ya 90.67% morago ga go bonwa a tshwerwe ke bolwetse jwa setlelerosisi e e katisanetsweng mo tshimologong ya ngwaga ya marematlou.

O rile gore bontsi ba barutwana ba ba etelang pele ba ba ikwadiseditse didikerii tsa BCom(45) mme ba bangwe Boenjeneri(43) le ba bangwe didikerii tsa BSc(38).

 

Lebebe la thobo, kotulo

 

Moreketoro wa nama o tshwere kwa Vanderbijlpark, Mop Linda du Plessis, a re barutwana ba bone ba baeteledipele ke ba le 1,6% ya ba baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba ikwadiseditseng kwa khamphaseng ya bone. “Re batla go keteka katlego ya lona mme re batla go le rotloetsa go tswelela ka kgolo ya lona ya akatemi nako e le tlileng go e jela mo go rona o le moithuti wa yunibesiti"

 

Baithuti ba babedi ba baeteledipele mo khamphaseng eo ke Janke Westraadt go tswa kwa Sekolong se Segolo sa Drie Riviere kwa Vereeniging le Marcelle Samons go tswa kwa Sekolong se Segolo sa Driehoek kwa  Vanderbijlpark. Janke o ne a ntsha dinaledi ka palogare ya 90,67% mme Marcelle ka palogare ya 88%. Baeteledipele ba ba barutwana ba ba le 30 ba ne ba na le dinaledi di le 119 fa o di tlhakantsha.

 

All 30 top-performing students received a voucher from Van Schaik Bookstore and Janke and Marcelle were spoiled with brand-new tablets. Ka bosometharo ba amogetse boutšhara go tswa kwa lebenkeleng la dibuka la Van Schaik mme Janke le Marcelle ba tshegofaditswe ka ditabelete tse dišwa ka bobedi.

Buisa go feta

 

 

 

 

 

 

Baithuti ba ba baeteledipele go tswa kwa 2016 ba ikwadiseditse go nna baithuti ba ngwaga ya ntlha kwa Vanderbijlpark ka 2017.

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Ba ke bangwe ba baeteledipele ba barutwana kwa

Khamphaseng ya Mahikeng ka nako ya go amogelwa go nna

baithuti ba ngwaga ya ntlha.