Leoni o tshela botshelo

 jo bo maphataphata

Go nyorelwa kitso ga ga Leoni van der Vaart go mo tsamaisa lefatshe lotlhe.

Leoni van der Vaart o ithuta mo Aforikaborwa a okametswe ke Mop Ian Rothmann wa lefelo la patlisiso la Optentia mo khamphaseng ya YBB ya Vanderbijlpark, le kwa Belgium ka fa tlase ga Mop Hans de Witte le Mop Anjae van den Broeck kwa Katholieke Universiteit Leuven.

O ipotsa ka batho le gore ba tsibogela jang ditiragalo tse ba kopanang le tsone mo botshelong.  Go rata go ithuta ga gagwe ke gone go rotloetsang moakatemi yo mmotlana yono gore a se ka a kgaotsa go ithuta. Gone jaanong jaana o berekela dikerii ya gagwe ya borataro.

 

Fa nako e ntse e tsamaya, o simolola go bulegelwa ke ditšhono - tsa go ya dinageng tse di farologaneng le tsa go ithuta.

 

Leoni o ne a neela puo ya thuto ya gagwe ya PhD, ya setlhogo se se reng: “Boitekanelo le thotloetsego ya batho ba ba sa berekeng” kwa Greece ka Seetebosigo 2016. Morago ga moo o ne a ya kwa Belgium, koo ene le baema-nokeng ba gagwe ba neng ba fetsa dikgwedi di le tharo kwa Katholieke Universiteit Leuven (KU Leuven) pele a boela gae kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Sedimonthole.

 

O nna a tshwaregile ka metlha

Gone jaanong jaana, Leoni o kwa Belgium dikgwedi tse dingwe gape di le tharo tsa go dira patlisiso. Mo nakong eno, ka di 19 tsa Motsheganong, o ne a ile kwa Ireland a ile go neela puo ka patlisiso ya gagwe ya botlhokatiro. Go lebeletswe gore a bo a boetse mo Aforikaborwa ka kgwedi ya Phukwi, pele a ya kokoanong ya go tlhabana botlhale kwa Utrecht kwa Netherlands.

 

Go tsaya maeto gono ga gagwe go tla ka nako e e siameng ka gonne Leoni ke leloko la setlhopha sa baithuti ba le bararo ba ba wetsang di PhD tsa bone tse ba di ithutelang kwa YBB le kwa KU Leuven kwa Belgium. Porojeke eno e duelelwa ke VLIRous, lekgotla la diyunibesiti kwa Flemish, e leng  karolo ya kwa Belgium ka maiteko a go ruta badiri dikgono tsa tiro kwa dinageng tse di tlhabologang.

 

Leoni o tshwanetse go fetsa dikgwedi di le tharo kwa Belgium ngwaga le ngwaga le go tsaya karolo mo dikhonferenseng tsa boditšhabatšhaba koo a tla kgonang go tsalana le babatlisisi ba bangwe gone bao le bone ba dirang patlisiso ka botlhokatiro kwa dinageng tsa bone.

 

Go dira patlisiso e e tseneletseng ka metlha

Leoni a re tlhabego ya gagwe ke phisego ya gagwe ya go rutega le go itse le go tlhaloganya batho go feta.

 

"Gantsi re akanya gore dikgwetlho tsa rona mo Aforikaborwa ga di tshwane le tsa dinaga tse dingwe, mme fa motho a tswelela pele go bua le babatlisisi ba dinaga tse dingwe, o tla kgona go bona gore tsela e batho ba ba leng mo maemong a a tshwanang le a  rona ba tsibogang ka yone e tshwana fela thata," Leoni o bolela jalo. O dumela gore le fa dipalo tsa batho ba ba sa berekeng mo nageng ya rona di le kwa godimo thata go feta tsa dinaga tse dingwe, botlhokatiro bo dira gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tsiboge ka tsela e e tshwanang.

 

Leoni ke morutwana wa nako e e fetileng wa Sekolo se Segolo sa Sasolburg le moithuti wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya YBB, e a ithutetseng dikerii ya BSc ya Dijo tse di Nang le Dikotla le Boithutatlhaloganyo kwa go yone. Fa a sena go wetsa dikerii ya gagwe ya onase ya Boithutatlhaloganyo kwa khamphaseng ya YBB ya Vanderbijlpark, o ne a dira tiro ya gagwe ka sebaka sa ngwaga mme morago ga moo a ikamogelela dikerii ya gagwe ya onase (Vanderbijlpark) mme morago ga moo dikerii ya masetase (Potchefstroom) mo Lefapheng la Botsamaisi la tsa Badiri

 

Go nyorelwa kitso ga ga Leoni go ne ga dira gore a nne le dikerii ya bobedi ya masetase – mme mo nakong eno e ne e le ya Go Ithuta Boitshwaro jwa Badiri mo Tirong –  kwa khamphaseng ya YBB ya Vanderbijlpark. O bone PhD ya gagwe ya ngwaga wa ntlha ka nako e le nngwe le dikerii ya masetase ya ngwaga o o fetileng,  mme ngwaga morago ga moo, ke fa a setse a le mookamedi wa moithuti wa gagwe wa ntlha wa morago ga kalogo.

 

A re lekau la gagwe la dingwaga di le thataro, Danie, o mo ema nokeng mo ditirong tsotlhe tswa gagwe tsa botshediso le dithuto tsa gagwe.

>

>