Morago ga diura tsa tiro, Matome Kganakga, yo o dirang tiro ya go maketa kwa khamphaseng ya YBB kwa Vanderbiljpark, ke mmenejara yo o motlotlo yo o rulagantseng setlhopha sa kgwele ya dinao sa Orange Vaal Professionals.
Modumo wa Vuvuzela le meduduetso ya batho go dikologa lebala la kgwele ya dinao di thiba Matome Kganakga ditsebe.
Ka nako ya diura tsa tiro o tsamaya dikgala tse di leele go ya go maketa YBB ka gonne ke leloko la Lefapha la go Maketa mo khamphaseng ya YBB kwa Vanderbijlpark. Morago ga diura tsa tiro o tsepa mogopolo mo setlhopheng sa seporofešenale sa Kgwele ya Dinao sa Orange Vaal le mo tirong e a e dirileng ya go se katisa gore se fitlhe kwa mankalakaleng a llega: tiro e a e dirileng ka bojotlhe jwa gagwe go tla go fitlha jaanong.
Go golela mo motshamekong
Jaaka motho yo a kileng a bo a na le dišere wa setlhopha sa Manco Milano FC, Matome o thusitse setlhopha seo go gola ka lobelo mo e leng gore se ne sa fenya llega ya SAB mme sa tshwanelegela llega ya ABC Motsepe. Le fa go ntse jalo, fa basimane ba ne ba fetela go Llega ya ABC Motsepe, Matome o ne a lemoga gore go ne go tlile go tlhokega peeletsomadi e e seng kana ka sepe.
Tharabololo e Matole le molekane wa gagwe ba neng ba dumalana ka yone e ne e le go fetola mong wa setlhopha. Fa Matome a ne a tsamaya a ya go nna mmenejara wa ditiro tsa Manco Milano FC, batshameki ba le bantsi ba Manco Milano ba ne ba swetsa ka gore ba tsamaye le ene
Mo nakong eno, Orange Vaal Professionals ba ne ba le kwa mogatleng wa llega, mme bošeng jaana, ka fa tlase ga kaelo ya ga Matome, ba ne ba fenya motshameko kgatlhanong le setlhopha se se tumileng sa Moroka Swallows mme ba felela ba le mo maemong a bobedi a llega ya bone.
Go lemoga dintlha tse di fitlhegileng
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse di neng di tlhokega go boloka Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Orange Vaal Professional se tsweletse go tlhoka dithulaganyo tse di tseneletseng e le tota, go lemoga dintlha tse di fitlhegileng le dikgono tse dikgolo tsa puisano. Matome a re maitemogelo a dingwaga di le dintsi a mo rutile gore motshameko ga o fenngwe ka metlha mo lebaleng la kgwele ya dinao. Ke lone lebaka la go bo setlhopha sepe se se leng ka fa tlase ga botsamaisi jwa gagwe se se kitlang le ka motlha se tshwenyega ka sepalangwa, marobalo, dituelo, diaparo le dintlha tse dingwe tse di tlhokang go rulaganngwa.
Ano ke a le mmalwa fela a maikarabelo a ga Matome – gape ke motho yo o buisanang le ba kgwebo e e tlamelang ka dijo, ka ga dijo tse di kgethegileng tse di tshwanetseng go jewa ke batshameki le go bua le setlhopha se ba tlileng go tshameka kgatlhanong le bone ka mabala a batshameki ba gagwe ba tlileng go tshamekela kwa go one fa ba ba etetse.
Go rulaganyetsa isagwe
Matome o rata thata go bo batshameki ba gagwe ba feditse lobaka lo lo leele jaana ba atlega. "Ke ba rotloetsa gore ba simolole ka go ithuta nako e e tletseng le go dira gore motshameko wa kgwele ya dinao e nne wa nakwana. Moragonyana, fa gotlhe go tsamaya sentle mo lebaleng, ba ka nna ba fetola dithuto tsa bone gore e nne tsa nakwana. Fa ba rola tiro ya go nna batshameki ba kgwele ya dinao, ba tshwanetse go kgona go ikaega ka dithutego tsa bone," o bolela jalo.
Go ya ka Matome, kgaolo ya Khutlotharo ya Lekwa e humile fela thata mo go tsa talente ya kgwele ya dinao. Go feta halofo ya ditlhopha mo llegeng ya ABC Motsepe di na le batshameki ba ba tswang mo kgaolong eno mo ditlhopheng tsa bone. Orange Vaal Professionals le yone e na le bone – ke leloko le le lengwe fela la setlhopha le le sa tsweng mo lefelong la khutlotharo ya Lekwa. Mo Llegeng ya Porimia, e leng llega ya morago ga National First Division, ke ditlhopha di le thataro fela mo go tse 16 tse di se nang motshameki yo o tswang kwa Khutlotharong ya Lekwa mo setlhopheng.
Matome o eletsa go bona setlhopha se fenya Llega ya ABC Motsepe se bo se fetela go National First Division.
Matome o nyetse Patricia mme o motlotlo go bo a le rraagwe Boemo (3).