Maloko ano a badiri ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe

YBB e na le badiri ba ba ineetseng mo tirong ba ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone. Mo athikeleng eno ya motseletsele wa rona wa go sa ipone tsapa go thusa ba bangwe, re akgola badiri-ka-rona ba ba dirang pharologano mo matshelong a ba bangwe.

Fa o batla go tlhopha modiri-ka-wena yo ka metlha a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile go  willie.duplessis@nwu.ac.za. Se lebale go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa sekolo, mmogo le tsa motho yo o mo tlhophang. Gape ntsha mabaka a gore ke eng fa o akanya gore motho yoo ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe.

 

Corrie Postma, mmenejara-mogolo wa tsamaiso kwa Legorong la Disaense tsa Pholo mo khamphaseng ya YBB mo Potchefstroom, a re legoro ke lengwe le legolo go a feta otlhe mo YBB mme ga le ka ke la kgona go dira kwa ntle ga badiri ba ba ineetseng mo tirong.

 

“Ke batla go akgola Lindell Coetzee le Susan Lindeque, bao ka bobedi e leng batlhankedi ba tsamaiso ba mephato e e kwa godimo, Annelien Beckley le Riana Muller, bao ka bobedi e leng batlhankedi ba tsamaiso ba baithuti ba pele ga kalogo ba go ruta le go ithuta, le Almien Robberts, motlhankedi wa tsamaiso ya go rulaganya dilo tsotlhe ka kakaretso, ka ntlha ya thuso ya bone e e tlhomologileng e ba e nayang lefapha. Ba tlhomamisa gore gotlhe go tsamaya ka thelelo.

 

 

 

Abram Mahlatsi, motegeniki-mogolo wa laboratori, le ene ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe. "O na le kitso e ntsi e bile o iketleeleditse go e abelana le ba bangwe," go bolela jalo Lee-Hendra Chenhaka, motegeniki wa laboratoring kwa Microbiology.

 

"Ga ke kgone go akanya ka setlhopha sa rona sa tiro a seyo mo go sone. O thusa botlhe ka patlisiso e bile ke dumela gore ke gone ka moo ba le bantsi ba nang le bokgoni jaana. Abram, Abraham, Abes, Tladi – yo batho ba bantsi ba mo itseng ka maina a a farologaneng – ke mongwe wa batho ba ba tlhomologileng."

 

 

 

Kobus Venter, motshwara-takaka wa Diatshe tsa YBB-PUK, a re Peet Ryke, mmenejara, gantsi ga a ipone tsapa go thusa baithuti. "O rulaganyeditse setlhopha sa baopedi maeto a konsarata ya go ya kwa Yuropa, o dirile jalo a le nosi fela, fa e sa le ka 1993. Ke tiro e kgolo eo, mme go rata ga gagwe mmino le diatshe go mo rotloetsa go naya baithuti maitemogelo a a gakgamatsang. Baithuti ga ba amane fela la mmino wa khorale kwa dinageng di sele, mme ba nna le tšhono ya go itemogela ditso tse dingwe tse di farologaneng."

 

Kobus a re mokgele o o molemo thata wa ga Peet wa tiro ya boitshediso o simolotse a le moithuta-diphologolo, mme fa e sa le a simolola go rata diatshe, o ntse a le mmueledi yo o tlhagafetseng wa diatshe mo khamphaseng kwa Potchefstroom. "Ke a itse gore le fa a tlile go rola tiro kwa bokhutlong jwa 2018, o ne a tla rata go tswelela a tlhagafetse mo ditirong tsa diatshe tsa khamphase."

BUISA GO FETA

>

>