R3 523 735.10. Ke madi a a fetolang matshelo; madi a a tsosang pelo e e kotlomaneng. Ano ke madi a a seng kana ka sepe a a neng a newa batho ka bongwe, dikolo, diporojeke le ditheo tsa katlaatleloloago ka nako ya moletlo wa ngwaga le ngwaga wa go duelwa ga madi ano wa Tirelosetšhaba ya Baithuti ya RAG (Student Rag Community Service [SRCS]) monongwaga.
SRCS, e e theilweng ka 1977, ke letsholo le le sa tshwaneng le lepe e bile ke mokgatlho o mogolo go feta yotlhe o o kwadisitsweng wa baithuti mo lefatsheng. O eteletswe pele ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom ba ba ikemiseditseng go direla baagi ba ba leng gaufi le yunibesiti le ba ba tlhokang thuso.
SRCS, ka go dirisana mmogo le RAG, e tlhoma mogopolo ka mo go kgethegileng mo baaging ba Ikageng le ba Promosa ka fa ntle ga Potchefstroom, mme seno se bonwa ka mokgwa o ba abang madi ka one
Mo tshimologong ya ngwaga ono, Mokgatlho wa Tirelosetšhaba ya Baithuti ya Rag (SRCS) mo Khamphaseng ya Potchefstroom o abetse ditheo le batho ka bongwe madi a mantsi thata kwa Potchefstroom. Fano setshwantsho sa mo khamphaseng e leng, Pukki, se eme se tshwere nngwe ya ditšheke, mmogo le Mop Fika J van Rensburg, moreketoro wa nakwana wa khamphase, Mop Annette Combrink, mongwe wa maloko a a tlhamileng SRCS, le Janine Möller, SRCS modulasetulo.
Buisa go feta
Ka fa dikolo di solegelwang molemo ka gone
Se se tlhokegang thata mo dikolong tse dinnye tsa poraemari ke matlwana a boithusetso a a phepa, a poraefete. Dingwe tsa tsone di sa ntse di na le matlwana a dibakete. Dikolo tse pedi, Agape le Thuto Boswa, se sengwe sa tsone se neilwe R10 000 mme se sengwe sa newa R7 000 gore di tlhabolole matlwana a tsone a boithusetso.
Dikolo tse dingwe tse dintsi di tlhoka gore mabala a tsone a metshameko le one a tlhabololwe. Re akantse ka seno, SRCS e ne ya abela dikolo di le tlhano R49 500, e leng Tshepanang (R10 000), Lesedi La Thuto (R10 000), Dan Tloome (R16 000), Reagola (R3 500) le sekolo se sennye sa poraemari sa PNBC (R10 000).
Sekolo sa Poraemari sa Tshupane se neilwe R40 000 gore se age boapeelo jo bo tla nayang bana ba le 1 200 dijo letsatsi le letsatsi. Sekolo sa Bogareng sa Jane Letsapa se ne sa newa tuelo e e kgethegileng ya bokana ka R50 000 gore se age phaposiboapeelo le phaposi e e nang le malao a fa bangwe ba sa ikutlwe sentle. Sekolo seno se kwa kgaolong ya Essie, mo e ka nnang 35 km go tswa kwa Potchefstroom.
Dikolo tsa poraemari, sa Poresidente Pretorius le sa Promosa, se sengwe se ne sa newa R5 000 mme se sengwe sone sa newa R4 076 gore di reke didirisiwa tsa metshameko, mme Bafenyi Trust yone e ne ya newa R55 000 gore e age phaposiborutelo ya go katisiwa ga barutabana ba thuto ya go godisa bana tlhaloganyo ka bonako ba sa le bannye.
Gape go ne ga abiwa madi a tlhabololo ya dikago: Bookelo jwa Witrand bo neilwe R10 000, porojeke ya Promosa 1 ya newa R3 200 mme Droomhuis ya newa R10 000.
Go nna le Seabe sa Botlhokwa
Ba bangwe ba ba solegetsweng molemo ke SRCS ke Child Welfare (R20 000), Families South Africa (FAMSA, R20 000), le Free State Care in Action: Vredefort (R10 000) mme Nappy Run South Africa (R5 000).
Porojeke ya iDUC, e e tlhomileng mogopolo mo go tlhameng ditiro, go tlisa tlhabololo mo baaging le mokgatlho o o emang nokeng ba ba beteletsweng, di ne tsa amogela R35 000. Porojeke eno ke ya go batla basadi ba ba sa berekeng mo gare ga baagi ba ba dikobo di magetleng le go naya madi a go bopa diphologotswana le diaparo tse di nang le dihutshe gore ba di rekise.
Porojeke ya The Pedal for Poverty le ya Musikhane, e nngwe ya tsone e ne ya newa R15 000 mme e nngwe yone R45 000. Baithuti ba YBB ba ba dikobo di magetleng ba ne ba newa R1 481 000 go ba thusa go ikwadisa, go duela dikoloto tse di sa ntseng di setse le go ba thusa ka dibasari.
Tseno ke dingwe fela tsa diporojeke tse dintsi-ntsi le matsholo a SRCS e a ntsheditseng moneelo wa madi. Mo godimo ga moo, go na le ditiro tse dingwe gape tsa go kokoanya dijo, diaparo le tse dingwe tse dintsi-ntsi go ralala ngwaga.
PHETLOLELA KWA TLASE
Malebogo
“Ke batla go lebogela ditlhopha tsa RAG le SRCS tiro yotlhe ya bone ya ka natla,” go bolela jalo Janine Möller, modulasetulo wa SRCS. “Go dira le mongwe le mongwe wa lona ke tshiamelo – maiteko a lona a tokafatsa matshelo a bannye le bagolo. Mme sa botlhokwa le go feta ke batla go leboga baagi. Kwa ntle ga meneelo ya madi a bone, thuso le botswapelo re ka se kgone go fitlhelela mekgele ya rona.
"Ngwaga le ngwaga, re a atlega mo go tokafatseng selekanyo sa madi a re a kokoanyang le go a aba, mme ka ntlha ya go aba ka bopelotshweu ga maloko a setšhaba re a itse gore re tla kgona go tswelela pele re dira jalo.