Re
Bagaka
YBB e nnile yunibesiti ya ntlha mo hisetoring go nna bagaka mo metshamekong e meraro e bong Kirikete, Bolotloa le Rakabi ya Sekgele sa Varsity Cup.
: Setlhopha sa bolotloa sa YBB se ne sa sireletsa sekgele sa bone ka katlego sa Varsity Cup kgatlhanong le UP-Tuks ka Diphalane 2016.
Re bagaka… setlhopha sa rugby sa YBB se ne se fenya makgaolakgang a rakabi a Varsity Cup mo motshamekong o o tseisang manya kgatlhanong le Maties ka Moranang
Seno ke setlhopha se se fentseng sa kirikete se se fentseng UP-Tuks mo makgaolakgannyeng a kgaisano ya Varsity Cricket ka Tlhakole monongwaga.
<
>
Ka fa tlase ga dipone tse dikgolo tse di bonesitseng mabala, nako ya ema ya re tsi! Ga utlwala modumo go betsegela ga batho kwa le kwa ba phophoma boitumelo e bile ba duduetsa. Eno e ne e le tiragalo ya bosigo jwa di 4 Tlhakole 2017 fa setlhopha sa kirikete sa YBB se ne se fentse sa Yunibesiti ya Pretoria (UP-Tuks) mme ba nna yunibesiti ya ntlha e e fentseng Varisty Cup, rakabi le bolotloa ka nako e le nngwe fela.
Go fenya gararo jalo ga YBB go simolotse ka di 11 Moranang 2016 fa boitumelo jo bo seng kana ka sepe jo e keteng jwa mo filiming ya Alfred Hitchcock bo ne bo ile magoletsa mo makgaolakgannyeng a Varsity Cup ya rakabi.
Fa YBB e ne e lebane le Yunibesiti ya Stellenbosch (Marties) kwa Stellenbosch mme e le kwa morago ka dino di le 6 e bile e siilwe le ke nako, YBB e ne ya nna e thibeletse mo moleng o Marties e nosang dino mo go one ka lobaka lo e keteng ke lwa bosakhutleng. Ba ne ba itewa ka dipenele nako le nako, disekeramo tsa bone di ne di tlhatlhamololwa gangwe le gape mme balatedi ba YBB ba ne ba eletsa e kete ba ka bona nno e e nosiwang ka go raga penele.
Ba ne ba kgona go sutlhelela mo metsotsong e le robedi ya nako e e okeditsweng fa Marno Redelinghuys wa YBB a ne a kgona go kgabaganya mola wa go nosa nno, mme ya nosiwa ke Ryno Smith.
Go Femela Sekgele sa bone
YBB e ne ya tsaya kgato e e latelang e e neng e isa kwa phenyong ya bone ya boraro fa setlhopha sa bolotloa se ne se atlega mo go sireletseng sekgele sa bone sa bolotloa sa Varsity Cup ka di 17 Diphalane 2016 ka go fenya UP-Tuks 56-55 mo motshamekong o o neng o tseisa manya kwa Pretoria.
Go fenya mo makgaolakgannyeng a dikgaisano tse tharo tseno e ne e le phenyo-seraro e e neng e sa lebelelwa e e neng e patilwe ke phenyo ya Yunibesiti ya YBB mo Diatleletiking e YBB e neng e e tlhakanetse le UP-Tuks ka 2015, go dira gore YBB e nne le bagaisani ba ba tlotlegang thata mo motshamekong ba Yunibesiti thata
Seno se tlhoka boineelo
James Stoffberg, mokaedi wa metshameko wa Khamphase ya Potchefstroom, a re o motlolo fela thata ka ditlhopha tsotlhe le kgaisano ya tsone ya maemo a a kwa godimo.
"Di bontsha boineelo jwa bakatisi ba ditlhopha tsa rona le go iketleeletsa ga bone go atlega. Ke batla go umaka ka mo go kgethegileng ditlhogo tsa bakatisi ba rona ba bagolo e leng Conrad de Swardt (kirikete), Dorette Badenhorst (bolotloa) le Jonathan Makoena (rakabi). Ka kaelo ya bone le bokgoni jwa bone ba tlhomamisa gore Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tswelela pele go atlega," o bolela jalo.
PHETLOLELA KWA TLASE