>

>

Batlhatleledi ba ruri ke diTAU!

Batlhatlheledi ba le bararo go tswa mo YBB ga jaana ba weditse lenane la bolekane la ntlha la Thuto ya go Tswelela kwa Diyunibesiting (TAU-Teaching Advancement at Universities).

Batsayakarolo ba bararo, Ngaka Lida Holtzhauzen, Ngaka Liqhwa Siziba le Ngaka Santisa Viljoen, ba weditse ka phitlhelelo e tona ditlhokego tsotlhe tsa lenane. Se se akaretsa porojeke ka nosi mo o ba buang ka dikgwetlho tsa nnete ka fa gare ga ditogamaano tsa bona.

 

Lenane la TAU le le na le maikaelelo a go thusa badirimmogo ba akatemi ba ba ipokang ba ba nnang le maitemogelo, ba ba eletsang go atolosa kitso ya bona ya go ruta le go ithuta ka fa gare ga tshegetso le tikologo e botsalano. E nngwe ya maikaelelo a lenane ke go oketsa kemo ya go ruta le go oketsa kgopolo ya thuto e e gaisang ya boitseanape.

 

Badirammogo go tswa diyunibesiting tsa Aforikaborwa ba ne ba na le tšhono ya go ka dira kopo go phunyeletsa ka ditheo go tsaya karolo mo lenaneng. Jaaka e le karolo ya dikopo, ba ne ba tshwanelwa ke go gorosa tokomane ya bopaki e le sesupo sa gore ke batlhatlheledi ba maitemogelo a mantsi mme ba amogetse diawate kgotsa temogo e e netefatsang se.

 

Itshimololelo ya TAU ke porojeke ya Tsalano ya Thuto e Kgolwane Go Ithuta le Go Ruta (Heltasa - Higher Education Learning and Teaching Association). E neelwa matlole ke Lefapha la Thuto e Kgolwane la Thuto le Katiso ka tirisanommogo le Dikabelo tsa Tlhabololo ya Go ruta.

Go raya eng go nna molekane wa TAU:

Supa mo godimo ga maina go ka buisa go feta

 

 

Maitemogelo a botsalano ba TAU a abetse gagolo kwa tlhabolong ya me mo ngwageng o o fetileng. Ke na le tlhobaelo e ntsi ka ga ditlhagiso tsa go ruta le go ithuta ga me mme ke nnile yo o bulegileng le kelotlhoko mo ditlhokong tsa barutwana ba me.

 

Ke dirile ditsala tsa akatemi tsa bophelo jo bo leele ba ba arolelanang phisego e e tshwanang go go ruteng le go ithuteng mo thutong e e kwa godimo. Ke dirisitse bontsi jwa manaanethuto mo gare ga bokao jwa me mme se se thusitse go tokafatsa ditlhagiso tsa me tsa go ruta le go ithuta.

 

"E ne ele maitemogelo a a nonotshang mme ke rata go arolelana maitemogelo le balekane ba pakaisago ba TAU, segolo setona go tswa mo YBB. Ke batla go thusa ka kgolo ya go feta baakatemi ba batšha gore ke tlhabolole botsalano jo bo tswelelang jwa morafe wa katiso e e gaisang mo YBB.

 

 Ngaka Liqhwa Siziba motlhatlheledimogolo, Lefapha la Seesimane, Yuniti ya Puisokwalo ya Akatemi, Legoro la Disaense tsa Batho le Loago, kwa Khamphaseng ya Mafikeng. ﷯

 

 

"Ke tlotla e kgolo" Ntlhatlhakanelo ya TAU mo ditheong tsa boitseanape le bolekane mo diyunibesiting tsa bosetšhaba ka go kgabaganya go ya ka go ruta, go ithuta le yona patlisiso ka go ruta.

 

"Kitso ya ka ka go ruta e oketsegile ka kgolo. Ke itumetse thata ka ke kgonne go nna karolo ya dikgang le dipuo tse di tlileng go tlhotlheletsa bokamoso ba go ruta mo Aforikaborwa.

 

"Re ne re tshwanetse go wetsa diyuniti tsotlhe di le tlhano ka botswapele. Yo mongwe le yo mongwe ne a tshwanetse go tsepa go go farologaneng le go na le diphitlhelelo tse dingwe . Morago ga gore re dire se re ne re tshwanetse go simolola, le go wetsa porojeke ya patlisiso ka nosi ka go ruta ga rona.  Re ne ra tshwanelwa gape ke go tsaya karolo mo tirong ya lekoko. E ne e setse e le mo godimo ga komiti ya TAU go atlhola le go fetsa gore ke mang yo o tla nnang balekane ba TAU kgotsa nnyaa."

 

 

"Porojeke ya me go botsalanong jwa TAU e ne e akaretsa moakanyetso wa thekenoloji e e oketsegileng ya tikologo ya go ithuta (TELE) go lenane la go ithuta le le khutshwane mo go opediseng khorale. Fa ke simolola porojeke e, ke ne ke nagana ke na le kgolo e e tsetsepetseng ya seo ke batlang go se dira le ka mokgwa o ke ileng go tsamaya ka teng.

 

"Go tsaya karolo ga me mo botsalanong jwa TAU go abetse botlhokwa ka kakanyo, segolo ke na le thulaganyo e e bonalang ya go akanyetsa, le go na le tlhaloganyo e e ntle ya kakaretso le lemorago la mmino la batsayakarolo, ga mmogo le maano a go ithuta a bona.

 

"Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e gatela pele mme ke dirile ka moakanyetso le diteng tsa TELE, ke ne ka lemoga gore go na le go gontsi go ke tshwanelwang ke go go dira go na le se ke se akantseng pele.  Ke fitlhetse se se tlhagafetse mo go atlhamisang. Ke bone konteraka le Lefapha la Thuto la Bokone-Bophirima go katisa barutabana ba le 24 go simolola ka Phatwe 2016 mme ga jaanong jaana ke dirisa (le go tokafatsa) TELE, go theetswe mo go se ke se ithutileng go fitlha fa. Ke na le le kakanyo ya gore tshekamelo ke go tswelela ka go tlwaela le go tokafatsa e tla nna ya leruri.

 

 

 

 

 

Ngaka Santisa Viljoen

 

motlhatlheledi mo dithutong tsa lentswe tsa tiredi, katiso ya lentswe le kopediso ya khorale mo Sekolong sa Mmino mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Ngaka Lida Holtzhausen

 

motlhatlheledimogolo le modulasetulo wa serutwa mo diruteging tsa tlhaeletsano, Sekolo sa Dithuto tsa Tlhaeletsano, mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

 

What it means to be a TAU fellow.