Setlhopha se se ipelang sa tiro e e maleba ya lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso mo khamphaseng ya Potchefstroom se ikemiseditse go tshwara badirammogo le baithuti ba bolokesegile. Bona kwa morago ke Mongwezi Bobi, Des Ayob, Florah Bathobakae le Ezekiel Motaung. Mo pele ke Victor ke Victor Motlhamme, Kenny Maake, Pieter van der Merwe le Tshidizo Luvha.
Ba direla mme ba sireletsa ka moaparo o o kgabileng
Ba lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso mo Khamphaseng ya Potchefstroom bošeng jaana ba apere diaparo tse ntšhwa. Des Ayob, mokaedi wa ditirelo tsa tshireletso, a re diyunifomo di kaya selebo se se ntšhwa le dikakanyo tse di ntšha le boitlamo mo go sireletseng tsotlhe tse YBB e di ratang.
PHETLOLELA KWA TLASE
"Re batla badirimmogo ba YBB le baithuti ba se ke ba bona fela moaparo o o tshwanang wa rona fela gape le diphetogo mo dipelong tsa batlhankedi ba Ditirelong tsa Tshireletso le boitshwaro." Des a re lefapha la gagwe le nna pono e ntšha e e tla netefatsang katiso e e maleba mo ditirelong tsa modirelwa.
"Ditirelo tsa Tshireletso di tsene mo manaanethutong a katiso a a farologaneng a le ga jaana a tsweletseng pele. Tsa pele tsa dilo tse di simolotse ka 2015 mme di na le dikokoano tsa go tlhabana botlhale le katiso ya bokgoni e e tlhokegang."
A re katiso ya badirammogo e a tlhokega ka gonne boemo bo fetogile. "Katiso e bua ka dikgwetlho tse dintšhwa jaaka go laola pokano le go laola felo la tshenyo."
Diaparo tse di tshwanang tse di farologaneng go ditirelo tse di kgethegileng.
Jak Jansen van Vuuren, tlhogo ya lephata, a re badirammogo ba lefapha ba simolotse go apara diaparo tsa bona tse di tshwanang tse dintšha ka la 1 Lwetse.
Mokaedi, batlhatlhobedi le balaodi ba apara dihempe tse ditshweu le marukgwe a mantsho. Ba bangwe ba badirammogo ba Ditirelo tsa Tshireletso ba ka lemogiwa ka dihempe tsa bona tse di pududu le marukgwe a mantsho. Setlhopha sa lekala le le ikarabelang ka masisi ba apara fela diaparo tsa go latlha motlhala tse di tshwanang fa ba tsene mo mananeothutong a a thibelang tshenyo a a ikgethileng le mo tsamaong ya ditiragalo tse di dikgethegileng.
Jak a re ba thapile gape thulaganyo ya maemo a direnke go dira gore go nne botlhofo go badirammogo go itse gore ke mang yo o latelwang. Badirammogo ba Ditirelo tsa Tshireletso ba rwala dikepisi ka dikano tsa selefera, fa balaodi le batlhatlhobedi ba na le ditshupo tsa mebalabala ya gouta.
PHETLOLELA KWA TLASE
Maloko a Ditirelo tsa Tshireletso ba ipela ka diaparo tsa bona tse di tshwanang tse dintšhwa. Bao ba ba bontshang diaparo tsa bona ka mabela ke Kevin Selole, motlhatlhobi wa šifiti, Victor Motlhamme, ofisiri ya lekala la phetolo ka bonako, Des Ayob, mokaedi, le Jochemus Taljaard, motlhatlhobi wa ditlhotlhomiso.
Ditirelo tsa Tshireletso ba bontsi go feta balebeledi kwa setswalong
"Batho ba le bantsi ba tseela kwa tlase karolokgolo le botlhokwa ba lefapha la tshireletso. Ba akanya gore Ditirelo tsa Tshireletso ke fela balebeledi kwa setswalong, fela ga ba lemoge gore Ditirelo tsa Tshireletso tsotlhe tsa badirammogo ba katisitswe ka maemo a a kwa godimo mme ba tshwanelwa ke go tlotliwa," go bua Jak.
O gatelela gore yo mongwe le yo mongwe wa leloko la badirammogo yo o ikemiseditseng wa ditirelo tsa tshireletso mo dikhamphaseng tsotlhe di le tharo tsa YBB o na le bokgoni jo bo kwa godimo go sireletsa dithoto, badirammogo, baithuti, le baeti ba yunibesiti.
Baithuti le badirammogo ba setse ba tlamparetse tšhebo e ntšha. Des a re ba amogetse ditletlebo di le dintsi, segolo setona go tswa go baithuti ba ba reng ba rata setshwano se sentšhwa. "Se se re dira mabela go nna karolo ya setlhopha se se tlametsweng ka thata," o a wetsa.
BOELA MORAGO