>

P:  Go kôpisa ga go amane fela le baithuti, mme gape ke serai se se tshwarang badiri. Go bonala bothata jo bogolo jwa go kôpisa ga badiri e le bofe?

 

K: Lebaka le le re tshwenyang thata ke tsela e e sa tlhomamang e magoro a rarabololang bothata jwa go kôpisa ga baithuti ka yone. Le fa kgetsi nngwe le nngwe e tshwarwa go ya ka maemo a yone, dithulaganyo le mekgwatsamaiso e YBB e e dirisang e tshwanetse go latelwa ka mokgwa o o tshwanang ka dinako tsotlhe. Seno se raya gore mokgwa ope fela wa go kôpisa o tshwanetse go begwa kwa lefapheng la  Go Otlhaiwa ga Baithuti le go Ikobela Melao ga Bone le kwa go la Dikamano le Badiri go tlhomamisa gore bothata bo rarabololwa ka tsela e e tshwanang.

 

Go tshwanetse ga ikgolaganngwa le Lefapha la Go Otlhaiwa ga Baithuti le go Ikobela Melao ga Bone fa baithuti ba kôpisa mmogo le lefapha la Dikamano le Badiri fa maloko a badiri a na le molato wa go kôpisa.

 

Gape e nna bothata fa baeteledipele ba thuto le barotloetsi ba thuto ba sa dire patlisiso ka botlalo ka go kôpisa. Seno ke ka gonne batlhatlheledi ba le bantsi le baeteledipele ba thuto ba itse maemo a a thata a batlolamolao mme ba leka go rarabolola bothata joo mo teng ga setheo fela. Go sireletsa motho yo o molato ka bogone ke go sa ikanyege. Mo godimo ga moo, gantsi badiri ba baakatemi ga ba kgone go dumalana ka tlhaloso ya motheo le marara a go bontsha gore motho o kôpisitse. Mo godimo ga moo, tiragalo ya go kôpisa e ka itlhagisa ka ditsela tse dintsi thata tse di ka tlhalosiwang ka ditsela tse di farologaneng.

 

Re bona go oketsega ga dikgetse tsa go kôpisa tiro ya bone ka namana. Seno se direga fa badiri ba phasalatsa diathikele ba bo ba rekisetsa ditlamo tse di gatisang dingwe tsa diathikele tseo kgotsa karolo ya tsone. Ka mafoko a mangwe, go kôpisa tiro ya gago ka namana ke fa o dirisa tiro ya gago ka namana e e tswang go metswedi e mengwe mme o sa bontshe gore e kile ya gatisiwa, o bo o solegelwa molemo ka go bona madi ka ntlha ya yone.

 

P:  Fa e le tiro ya bone, go tla jang gore e lejwe e le go kôpisa fa motho a kôpisa tiro ya gagwe ka namana?

K: Fa go gatisitswe athikele motho a bo a dirisa dikarolo tsa yone a sa supe gore athikele eo e kile ya gatisiwa, seo se kaiwa e le go kôpisa le fa a le mokwadi wa athikele eo. Tiro epe fela e motho a e dirang, e jaanong e leng karolo ya tiro ya YBB, ga e lejwe e le tiro ya bone fela mme gape e lejwa e le ditshwanelo tsa tetlo-khopi ya yunibesiti.

 

P:  Diphelelo tsa go kôpisa tiro ya gago ke dife?

K: Go dira jalo go leswafatsa leina la yunibesiti e bile baakatemi ba tshwanetse go tlhomela baithuti sekao, go kôpisa tsela ya mofuta ope fela, mmogo le go kôpisa tiro ya gago ka namana go ka felela ka go lelekwa ga gago. Bontsi jwa dikgetsi tse re dirileng patlisiso ka tsone di feletse ka gore beng ba tsone ba lelekwe.

 

P:  Bothata jwa go kôpisa ka kakaretso bo bogolo go le go kae?

K: Mo dingwageng di tharo tse di fetileng go nnile le kgolo ya bothata jo bo tshwenyang jwa go kôpisa ga baithuti mmogo le maloko a badiri. Ka sekai, re nnile le dikai tse mo go tsone baakatemi ba dinaga di sele ba lemogileng gore go kôpisitswe ba bo ba re itsise ka gone. Mokgwa wa boitshwaro jono o ka ama leina la setšhaba le/kgotsa leina le lentle le yunibesiti e nang le lone kwa dinageng di sele.

 

P:  Ke diipato dife tse gantsi di dirisiwang tsa go kôpisa segolobogolo fa motho a kôpisa tiro ya gagwe ka namana?

K: Bontsi jwa maloko a badiri a a fitlhetsweng a le molato wa seno a tlhalositse gore a ne a sa itse gore ga a tshwanela go dirisa tiro ya one ka namana kwantle ga go umaka gore e mo dikgatisong dife tsa nako e e fetileng.

 

P:  Badiri ba tshwanetse go ya kwa go mang go ya go bega dikgetse tsa go kôpisa mme ba tla newa thuso efe?

K: Kgato ya ntlha ke go bega kgetse ya go kôpisa go lefapha la Batho le Setso:  la Dikamano le Badiri, leo le tla romelang ngongorego ya go kôpisa kwa Ofising ya Mokwadisi wa mo Setheong, e leng Mop Marlene Verhoef. Ene o tla e romela go motlatsa-moreketoro wa tsa akatemi mo go yone khamphase eo gore kgang eno e batlisisiwe.

 

Go bega kgang ya gore moithuti o kôpisitse, gape o ka ikgolaganya le badiri ba ba latelang mo go nngwe le nngwe ya dikhamphase tse di latelang, Batho ba go ka ikgolaganngwang le bone ke :

 

  • Tshepi Molemane (Khamphase ya Mafikeng)
    mo nomoreng ya X89 2175
  • Juanita de Kock (Khamphase ya Potchefstroom)
    mo nomoreng ya  X99 1915
  • Collin Ntuleni (Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa)
    mo nomoreng ya X10 3295

 

Badiri le baithuti ba ka ikgolaganya le mafapha a go otlhaiwa ga baithuti le dilaboratori tsa bokwadi gore di ba kaele le go ba thusa ka dipego tsa Turnitin le katiso ka go kôpisa.

BUISA GO FETA

Gogela kwa tlase

>