>

>

Dikgang tsa Byderhand Haven kwa

De Jonge Akker

Ke mang yo o se kitlang a rata go buisa buka a kakamere kopi ya kofi? Baeng ba ba tlileng kwa lebenkeleng la kofi le le rategang la De Jonge Akker mo Khamphaseng ya Potchefstroom jaanong ba ka kgona go iketla le go buisa dikgankhutshwe kgotsa dipolelo tsa bana mo diselefounong tsa bone. Se se dirang gore dikgang tseno e nne tse di kgethegileng ke gore seno se diragalela kwa Potchefstroom.

 

Haven Stories ke karolo ya saete e e kgethegileng ya porojeke ya dibuka tsa dijetale tsa setlhopha sa serutwa sa Bokgoni jwa go Kwala. Byderhand 2015 e ne ya tlhagisiwa mo ngwageng o o fetileng jaaka karolo ya lenaneo la Word Art kwa Moletlong wa Bosetšhaba wa Diatshe wa Clover Aardklop

 

Mo porojekeng eno, e e nang le diporojekepotlana di le nne, bakwadi le badiri ba diatshe ba ba golaganang ka tsela nngwe le Potchefstroom ba ne ba laleditswe go tla go tlhama tiro e ka mo go kgethegileng e leng ya Byderhand. Diporojekepotlana tse nne ke Garden Verses kwa Tshingwaneng ya Dimela, Haven Stories kwa Book Oasis, a Wandering Story kwa Sekolong se Segolo sa Botegeniki, le Taxistrips mo tseleng ya bese e e yang kwa FNB.

 

Kgopolo ya saete e e kgethegileng ya dibuka tsa dijetale ke gore dibuka di buisediwa kwa lefelong le le amanang ka tsela nngwe le tiro. Ka jalo, lebenkele la kofi fa gare ga khamphase ke lefelo le le siameng la go buisa dikgang mo khamphaseng, kwa Bult le kwa toropong. Ka tirisanommogo e e botsalano ya ga De Jonge Akker, Haven Stories e ntse e le teng mo lebenkeleng leno le lentle la kofi go simolola mo bogareng jwa kgwedi ya Phatwe.

 

Dikgang le bontsintsi jwa bakwadi

 

Bontsi jwa dipolelo tse di farologaneng di akaretsa dikgang tsa marato, dikgang tsa botsalano, dikgang ka dilo tsa nako e e fetileng, kgang ka botseka, mmogo le dikgang tsa puisokwalo. Ba ba ratang bana ba tla rata dikgang ka bana ba barataro.

 

Bangwe ba bakwadi mo porojekeng ke difatlhego tse di tlwaelegileng mo khamphaseng, jaaka Duane Aslett (motlhatlheledi wa diakhaonto tsa diforensiki le motlhokomedi wa legae la Veritas), Nelia Engelbrecht (motseleganyi wa Eish!) le Sophia Kapp (motlhatlheledi wa nako e e fetileng wa Dithuto tsa Thanolo yo ga jaanong jaana e leng mogakolodi ka tsa puo kwa Setheong sa Nakwana sa puo ya Seaforikanse).

 

Tlhamane e e monate ya bana, Melkskommels vir Minki, e kwadilwe ke seopedi e leng Deon Meiring mme modiri wa ditshwantsho tsa buka ya bana ke Zinelda McDonald. Bakwadi ba bangwe ba ba itsegeng thata le maina a bone ke Harry Kalmer, Helene de Kock, Martie Swanepoel, Carié Maas, Marlize Hobbs, Frederick J Botha le Susan Lombaard.

 

Bontsi jwa bakwadi bano le badiri ba diatshe ba setse ba amogetse diawate tsa tiro ya bone. Go kokoanngwa ga dikgang go akaretsa tse di kwadilweng ke bakwadi ba ba botlana le ke baithuti ba nako e e fetileng le ba ga jaanong ba ba nang le bokgoni jwa go kwala.

 

Gore motho a kgone go buisa kgang, o tshwanetse go sekena khouto ya QR mo menung – mme kgang e tla tlhaga mo sekerining sa founu ya gago ka bonako. Gape go na le disoufa tse di manobonobo tsa letlalo tse motho a ka ipelelang go buisa dikgang tseno di le ka fomete e ntšha mo gare ga dibuka tsa mmatota. Go na le WiFi ka De Jonge Akker.

 

porojeke e o tshwanetseng...

A o batla mo go oketsegileng?

porojeke e o tshwanetseng go nna motlotlo ka yone

Byderhand e tlhagisiwa ke setlhopha sa serutwa sa Bokgoni jwa go Kwala mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Porojeke ya patlisiso ya dirutwa tse di farologaneng le ya bokgoni jwa go tlhama e dirwa ka Dipuo tsa Yunibesiti ya Patlisiso le Puiso-Kwalo mo Aforikaborwa mme gape ke karolo ya go tlhomiwa ga disaense tsa dijetale tsa mekgwa ya batho mo yunibesiting. Porojeke e ne e tshegeditswe ke bakwadi le ke badiri ba diatshe, Dagbreek Trust, Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Puiso-Kwalo mo Aforika Borwa le setlhopha sa serutwa sa Bokgoni jwa go Kwala mo Sekolong se se Rutang Dipuo.

 

Tsweetswee etela webosaete ya porojeke go bona tshedimosetso go ya pele mo atereseng ya www.byderhand.net. Gape bogela bideo ka porojeke kwa Clover Aardklop 2015.

 

A o batla mo go oketsegileng?

Go nna le maitemogelo a mangwe gape a Byderhand , o tla tshwanelwa ke go etela Byderhand Garden Verses kwa Tshingwaneng ya Dimela mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Baboki ba le sometlhano ba kwadile maboko a a tsamaisanang le Tshingwana ya Dimela. Baboki bano ba akaretsa TT Cloete, Hans du Plessis, Bernard Odendaal, Johan Myburg, Tom Gouws, Heilna du Plooy, Etienne Terblanche le ba bangwe.

 

Babuisi ba ba botlana ba na le tshingwana e e tletseng ka maboko a bana a a kwadilweng ke Franci Greyling. Maboko ano a tlalelediwa ka ditiro tsa diatshe tsa ga Strijdom van der Merwe, tse mo go tsone maboko a tshamekiwang gore a bogelwe. Go bogelwa ga one go patiwa ke diletswa tsa mmino, mafoko a a tlhagang mo sekerining le dithanolelo go ya kwa Seesimaneng le kwa Setswaneng.

 

Sekena khouto ya QR kwa dibankeng o bo o repa mme o bogele tshingwana ka tebego e ntšha.  O se ka wa tshaba go tla ka di-earphone gore o itumelele seno kwa ntle ga go iteega tsebe. Tshingwana ya Dimela e a bulwa ka malatsi a beke fa gare ga 08:00 le 16:00 mme go tsenwa mahala.

 

Please visit the project website for more information.

Athikele le dinepe: Mop Franci Greyling, wa Sekolo se se Rutang Dipuo, wa Khamphase ya Potchefstroom

PHETLOLELA KWA TLASE