Go nna le seabe ka tlhagafalo mo Bone SA
Mariëtte, yo e leng mokhemisi yo o rutegileng, o nnile leloko la Boto ya Bone SA go simolola ka 2006 mme ga jaanong jaana ke modulasetulo wa boto ya bakaedi. O dira bobotlana malatsi a le mabedi ka beke kwa ntlokgolong ya Bone SA kwa Johannesburg.
O itumelela thata patlisiso e e tlileng go dirwa
Tiro ya gagwe kwa Bone SA e bontsha gore go a tlhokega go dira patlisiso e e oketsegileng le go tlhama mekgwa ya go tokafatsa bomosola jwa mekgwatsamaiso ya marapo le dithišu.
“Bone SA, mmogo le Legoro la Boenjenere la YBB le Legoro la Disaense tsa Pholo la Khamphase ya Potchefstroom, e dirile kopo e e rometsweng go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri ya go thuswa ka madi a Lenaneo la Intaseteri ya Thekenoloji le Lefapha la tsa Badiri (Technology and Human Resources for Industry Programme) Porojeke ya (THRIP). Re dumela gore porojeke e e tshitshintsweng eno ya dingwaga di le tharo e tloga e rebolwa."
Porojeke eno e akaretsa go ntshiwa ga lerojana la marapo le dithišu go tlhama marapo a a nang le maroba go tswa mo marapong a magolo thata a a sa tlhokweng thata go le go kalo jaaka go tlhokega ga marapo a mannye. "Porojeke eno tlamela ka ditšhono di le dintsi tsa go tlhomamisa gore go se ka ga senngwa ka dirwe tse di botlhokwa tseno tsa batho tse go tlamelwang ka tsone.
Diporojeke tse dingwe tsa patlisiso tse ga jaanong di nang le matswela a a molemo di tlhagisa go fetolwa ga marapo a batho gore go dirwe karo ya marapo ka one, mme nngwe ya ditsela tsa go dira karo eo, ke go tlhakanya kumo eno ya marapo le sere se se ntšhafatsang letlalo gore e kgone go tsenngwa mo mothong motlhofo ka go mo e tlhaba lemao. Sere seno se botlhokwa thata go ka tshasiwa mo letlalong koo gantsi marapo le dithišu di tlhokegang thata gone.
Mop Mariëtte Lowes ke motlhankedi yo o kwadisitsweng wa Setheo sa Maitsholo a a Siameng mo Aforika Borwa. "Ke ne ka tshwanelwa ke go feleletsa porojeke ya dikgwedi di tharo gore ke ikwadise mme ke ne ka tlhopha go dira seno kwa Bone SA. Go ne go kgatlha go bona ka fa Bone SA e remeletseng thata ka gone mo go direng tiro go ya ka melawana ya maitsholo a a siameng. Go na le melawana ya maitsholo e e kgatlhang e e dirisiwang fa go berekanwa le balwetse, baabi ba dirwe tsa mmele le dingaka."