Mologo wa dingwao tse di farologaneng
Sigong jono re bina go fitlha masa a sa!
Mo tatelanong ya rona e e tsweletseng pele ya Eish! diathikele di lebile ditlwaelo tsa setso tse di farologaneng mo Aforikaborwa le ka fa di tsenyang seabe ka teng mo mologong o montle o o humileng wa botshelo mo nageng ya rona. Mo kgatisong eno Annette Willemse, modiri wa tsa tlhaeletsano le mokwadi wa sethakga, o kwala ka ga go nyalwa ka setso sa Seaforikanse.
phetlolela KWA TLASE
<
>
Meletlo ya manyalo ke pina le motantsho! Moswi Ouma Plaas (nkoko mo polaseng) o ne a dumela gore lorato lo foufetse le gore lenyalo ke diborele tsa puo ya papiso tse di rwalwang morago ga tiragalo ya phoufalo, tse ruri di tlileng thari thata. Mme le fa go le jalo, moletlo wa lenyalo wa setso wa Seaforikanse ke tiragalo e e tshwanetseng go gakologelwa.
Pele ga go dirisa inthanete go ngoka le go thethela baipala-mabala-a-kgaka, moletlo wa lenyalo ka gale o ne o etelelwa pele ke lobaka (lo loleele thata) lwa thatano. Bagologolo ba ne ba sa itlhaganela. Bobedi jo bo lesego bo ne ba kgona go lebelela pele go sebela mafoko a lorato mo leseding la kerese e e bonesetsang baratani, fa dišeše tsa lobota di ne di tshwanetse go kgotsofalela lekwalo mo kholomong ya Dipelo tse di Bodutu (Lonely Hearts) ya makasini wa Farmer’s Weekly. Mme kgabagare mongwe le mongwe o ne a kopana le molekane wa gagwe.
Gompieno bobedi jo bo ratanang bo kopana ka Moranang, bo beeletsa ka Phukwi mme bo nyalana ka Sedimonthole. Go lebega go na le go itlhaganela mo go iseng go nne teng mo malobeng ga go nyala / nyalwa.
PHETLOLELA KWA TLASE
Ooo, go gontle jang...
Le fa go le jalo, dilo dingwe ga di nke di fetoga ka gope. Ka letsatsi la lenyalo modumo wa mowa o o gogiwang ke botlhe ka nako e le nngwe o kgona go utlwiwa fa monyadwi a tsena mo kerekeng. Mmaagwe monyadwi o akanya gore morwadie o montle thata fa rraagwe ena a leka go bona gore ke eng se se dirileng gore mosese o ture mo go kana.
Fa moruti a buisa go tswa go 1 Bakorinthe 13, o kgona go bona dipopego tsa difatlhego di kgwabofala jaaka mowa wa lorato o okama mo godimo ga mongwe le mongwe. Mme le rre ba a atumalana, mmangwaneago le monna yo a neng a nyalane le ena ba gadimana ka sephiri, e bile - ka nakwana fela - morwa moagisani yo o moriri o mohibidu o lebega a batlile go nna le kgogedi.
Ka gale go na le rakgadi yo a hihiretsang selelo ntle le go laolesega le rre yo a kakatlelang setilo se se fa pele ga gagwe ka seatla sa lentswetshipi ka maiteko a go bepisa maikutlo a gagwe. Fela jaaka go ne go ntse ka lenyalo la ga moswi Lady Di yo o rategang, meletlo ya manyalo ka bontsi e na le mokoloko o o akaretsang ditlogolo tse di farologaneng le bontsalaamotho ba ba tsalanang ka lenyalo - botlhe a apere mesese e e tshwanang e e sa kgatlhiseng ya tšhifono.
Mokete o a simologa
Monate wa mmatota o simologa ka nako ya dijo. Bo-oom (banna ba bagolwane) ba ikobola dibaki tsa disutu tsa bona le dithai, bana ba rola ditlhako le go apola dikausu, mme bo-tannie (basadi ba bagolwane) ba tila mogote wa letsatsi la motshegare le le tseremang fa ba ntse ba iphoka phefo ka diphamofolete tsa kereke. Lonko lwa braaivleis (nama e e besitsweng) lo tlala mo moweng, ditafole di kgweretlha ka fa tlase ga bokete jwa bontsintsi jwa dijana tsa dijo tse di apeilweng kwa gae, le gone dipone tsa motšhini wa go balela madi fa go rekisiwang dinotagi teng o benyabenya di santse di simologa.
Ga go na go ipona tsapa mo moletlong wa lenyalo la setso la Seaforikanse.
Baeti ba fepiwa ka mo go feteletseng ka dijo tse di balolang tse di apeilweng kwa gae: nama, makwele (ditapole), disalate le diphuding. Wena di bolele, mme go tlaa tshwana fela jaaka e kete di setse di tshotswe: leoto la kolobe, nama ya nku e e besitsweng salate ya copper-penny, dinawa tse di tsentsweng khari, phuding ya malva le quince reserve. (Go ne e bile go na le lenyalo le go neng go tshotswe ditlhogo tsa nku.)
PHETLOLELA KWA TLASE
SUPA MO GODIMO GA
SETSHWANTSHO
Dintlha tsa bonako
A o ne o itse gore ke sesupo sa lesego fa monyadwi a ka bona leeba kgotsa nku mo tseleng ya gagwe ya go ya kwa kerekeng? Mme ela tlhoko kolobe kgotsa popelelo ya phitlho, ka e tlaa tlisa bomadimabe.
Polelo ya goo lowe e e molemo ya “sengwe se se gologolo, sengwe se sentšhwa, sengwe se se botala ba loapi” le yona e botlhokwa thata. Sengwe se sentšhwa ka tlwaelo ke mosese, sengwe se se adimiweng ke diperela tsa ga mmemogolo, le gone sengwe se se botala jwa loapi gantsi ke sebofi se se bonolo se se kgabisitseng gatara.
Go nna monate o o oketsegang fa nako e ntse e feta
Fa go tla nako ya gore monyadi a fe “puo”, monna wa batho o leka ntle le katlego epe go latlhela lefoko fa gare ga kgoeletso ya kgapetsakgapetsa e e reng “Kinders by dosyne” (bana ka ditosene) kgotsa “Lank sal hul lewe” (A ba tshele ka lobaka lo loleele)
Morago ga dipuo tsotlhe le go eleletsa katlego go sena go wediwa, monyadi le monyadwi ba bulela botlhe bodilo ba go tantsha.
O se ka wa gakgamala fa o utlwa selo sepe go tswa kwa mogwantong wa lenyalo go ya go Worsie Visser le Celine Dion kwa lenyalong. Batantshi ka sebedi-sebedi ba itsokotsa go fitlhela bosigo thata ba binela mmino wa ga Kurt Darren le wa Klipwerf Boereorkes – o kgona go dira langarm (mofuta wa go tantsha) le o sa kgone. Mokete wa kamogelo o nna monate jaaka bosigo bo ntse bo tswelela pele.
Mme, ka tshoganyetso motsamaisalenaneo o dira kitsiso. Ke nako ya go latlhela gatara le ngata ya dišeše tsa monyadwi. Ke fa makgarebe a a sa nyalwang le makau a a sa nyalang ba gogagogiwang le go kgoromelediwa mo bodilong, ka gonne go twe yo o kapang gatara le ngata ya dišeše lenyalo le le latelang e tlaa nna la gagwe.
Ka nako e, baeti ba bagolwane ba simolola go boela kwa gae. Motsamaisalenaneo wa batho a mo felela a le tlhaeng, ka gore tota o tlaa tlhalosetsa balosika jang ba ba sepetseng go tswa kgakala gore dišeše tse di mo tafoleng di setse di tshepiseditswe bomme ba mo kerekeng ba ba thusitseng go tshela tee le kofi? Tota e batlile e nna setso go tseela kwa gae selo se le sengwe kgotsa di ka nna pedi tse di tserweng kwa lenyalong…
- Annette Willemse, modiri wa tsa tlhaeletsano, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa
Annette Willemse yo o botlhale, modiri wa tsa tlhaeletsano mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o abelana le rona boitumelo le mahutsana a lenyalo la Seaforikanse.
BOELA MORAGO