Talente ya
badiri ba YBB e kgatlha fela thata
Dirkie Nell, motlhatlheledi kwa Sekolong sa Mmino sa YBB, o ne a le leloko la bente ya Artéma e e neng e letsa diletswa fa bagaisani ba opela.
Moletlo wa Ditalente wa Pukki o ne wa boa gape wa nna tiragalo e e kgatlhang e mo go yone go neng go bontshiwa ditalente tse dintsi tsa badiri le tsa baithuti. Eno e ne e le ngwaga wa ntlha o ka one moletlo o o rategang o neng wa tshwara beke yotlhe mme wa khutla ka moletlo wa dijo tsa maitseboa wa maemo a a kwa godimo kwa Sanlam Auditorium mo Khamphaseng ya Potchefstroom.
"E ne e le ngwaga wa bobedi o ka one Moletlo wa Ditalente wa Pukki o neng o na le setlhopha sa badiri, go bolela jalo Jaco van der Walt, mokaedi wa Diatshe tsa Puk. "Go ne go le monate go bona badiri le baithuti ba opela mo seraleng ka nako ya moletlo ono o o neng o tsenetswe ke bontsi jo bo seng kana ka sepe."
Go ne go na le ditsenelo-kgaisano di le 11 mo setlhopheng sa badiri, mme baopedi ba le batlhano ba maemo a a kwa godimo ba ne ba opela kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa.
Jaco a re moletlo o ne o atlegile tota, o ne o na le palo e e kwa godimo go di feta tsotlhe ya ditsenelo-kgaisano tsa baithuti. "Moletlo wa Ditalente wa Pukki ke tiragalo e e siameng ya gore ba bontshe ditalente tsa bone le go di senola."
Moletlo ono o feditse dingwaga di le 33 o ntse o tshwarwa mme bagaisani ba nako e e fetileng ba akaretsa batho ba ba tumileng ba ba jaaka Giep van Zyl, Erica Eloff, Katlego Maboe, Anna Davel le Flip-a-coin, fa re umaka ba sekae fela.
Neill Barnard wa Sekolo sa Dikhemisi le ene o na le dikirii ya BMus. Pina ya gagwe, e e bidiwang “Bach and a Fugue others..., e ne ya gapa botlhe megopolo.“
Garth Esterhuysen, motlhankedi wa tirelo ya dijo kwa phaposing ya bojelo ya Voorhuis mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a ikgapela maemo a bobedi mo setlhopheng sa badiri ka go opela pina ya gagwe ya Bles Bridges’ ”Sy leer my om te jodel” . LeRoux Malan, mothusi ka tsa tsamaiso wa Diatshe tsa Puk, o ne a mo naya awate ya gagwe.
Rochelle o ntsha ga tshwene gape
Go ntsha bosupi jwa gore talente ya boammaaruri e tokafala go ya pele, mofenyi wa ngwaga o o fetileng mo setlhopheng sa badiri, e leng Rochelle Langford, mothusi ka tsa tsamaiso wa Legoro la Disaense tsa Thuto mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a nna mofenyi gape.
"Ke ikutlwa ke le motlotlo e bile ke ne ke sa lebelela gore ke ka nna mofenyi lekgetlo la bobedi mo setlhopheng sa badiri. Ke ne ke le ka fa tlase ga kgatelelo ya gore ke se ka ka lo swabisa morago ga go nna mofenyi mo ngwageng o o fetileng. Mme ke ne ke phuthologile fa ke le mo seraleng ke batla gore babogedi ba ipoelele pina ya me."
Rochelle a re o rata go opela le fa gone a le motho yo o ditlhong. "Ke batla go atolosa tiro eno ya me ya boitshediso ya go opela mo isagweng. Ke itumelela thata tshegetso e lo ntshegeditseng ka yone."
Click on the video below to view her performance.