>

Go baakanngwa ga dikago go

ja dimilione

YBB e ne e le nngwe ya diyunibesiti tse di neng tsa amega mo go botlhoko thata ka nako ya dikhuduego tsa baithuti fa kago ya tsamaiso, kago ya bonno ya batlhokomedi ba baithuti le khafeteria mo Khamphaseng ya Mafikeng di ne di sengwa mo go maswe.

 

Setlhopha sa setheo sa Tlhabololo ya Dikago le Go Dirwa ga Dipolane tsa Kago jaanong se simolotse ka thulaganyo ya go tlhabolola dikago tse di neng di sentswe ka kgwedi ya Diphalane 2015 le ka kgwedi ya Tlhakole 2016.

 

Tshenyego ya khefeteria ya baithuti ka di 22 Diphalane e ne ya ja bokana ka R800 000, mme madi ano ga se sepe fa a bapisiwa le mo e ka nnang R85 milione e e tlileng go tlhokega go baakanya dikago tse di neng tsa jewa ke molelo ka  kgwedi ya  Tlhakole monongwaga.

 

Tobetsa go buisa go feta

>