“Re simolotse go itshidila mmele ka Mopitlwe,” Jani o bolela jalo. “Ga ke rate go ya kwa lefelong la go itshidila mmele mme seno se ne sa etegediwa ke Covid-19. Gape ga ke motho yo o ratang go tshematshema, ka jalo Carina o ne a tshitshinya gore re itshidile mmele ka go tlola-tlolela kwa godimo.”

 

 Go tlola-tlolela kwa godimo ke porokeramo e e feletseng ya go itshidila mmele mo godimo ga mini-trampoline.

 

Go monate fa re le bantsi

 

Jani o ne a tsomana le badiri-ka-ene ba bangwe mme setlhopha se godile go fitlha go batho ba le thataro.

 

Ka dinako tse dingwe, ba itshidila mmele ka ditlhopha tsa bobedi le bobedi go tlhomamisa gore ba boloka molawana wa go katogana go thibela tshwaetsano, mme ka ntlha ya dithibelo tsa Covid-19, ba ntse ba kopanela mo mafaratlhatlheng go rotloetsana.

 

“Go dira mmogo le badiri-ka-rona e ntse e le thotloetso e kgolo thata,” o bolela jalo. Go itshidila mmele mmogo jaaka setlhopha go aga kamano e ntle le go dira dilo tse di tshwanang. Badiri-ka-nna ba ke tlola-tlolang le bone ba re diitshidilo mmele tsa go tlola-tlola di ba thusitse go fokotsa kgatelesego ya tlhaloganyo, go okeditse maikatlapelo a bone, le go tokafatsa maikutlo a bone ka kakaretso. Ke tsela e e monate ya go itshidila mmele.”

 

A re selo sa konokono se se tla go thusang go gatela pele mo go seno ke go rata itshidilo mmele eno le go e tsenyeletsa mo sekejuleng sa gago sa letsatsi le letsatsi jaaka go e dira metsotso e le 30, malatsi a le tlhano ka beke.

 

Ditiro tse dingwe tsa go ipoloka o nonofile mo mmeleng tse badirammogo ba ka di dirang di akaretsa softball le go palama dithaba. “Le tsone di ka dira gore batho ba nne seoposengwe,” Jani o bolela jalo. “Fa badirammogo ba ka ithuta go dira mmogo jaaka setlhopha fa ba se mo tirong, seno se tla dira gore go nne motlhofo go dira mmogo fa ba le mo tirong ka nako ya diura tsa tiro.”

 

Mongwe le mongwe yo o ka ratang go nna leloko la setlhopha seno a ka ikgolaganya le Jani.

GO ITSHIDILA MMELE MMOGO

go re thusa go ntsha ga tshwene

Ngaka Jani Van der Vyver o ne a simolola setlhopha sa go tlola-tlolela kwa godimo go rotloetsa badirammogo go ipoloka ba nonofile mo mmeleng.

Ano ke maitemogelo a ga Ngaka Jani van der Vyver, motlhankedi wa tsa ditlhaeletsano wa legoro la rona, wa Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark. Setlhopha sa gagwe se se “tlola-tlolelang kwa godimo” se ne sa rotloediwa ke mogakolodi wa gagwe wa dijo tse di nang le dikotla, e leng Carina Fourie, moithuti wa nako e e fetileng wa YBB, go rotloetsa badirammogo go itshidila mmele.

Go leka go itshidila mmele o le nosi go ka go nyemisa mooko. Go itshidila mmele le setlhopha go ka thusa fela thata, segolobogolo fa batho ba ba leng mo setlhopheng e le badiri-ka-wena.