Khamphase ya Vanderbijlpark e bula Kago-Tsamaiso ya yone semmuso.

Ke rona ba

Go sa kgathalesege ditiego tse di bakilweng ke leroborobo, Kago-Tsamaiso e ntšha mo Khamphaseng ya Vanderbijlpark e ne ya bulwa ka di 27 Phatwe 2021.

 

Kago e ntšha eno e jaanong setlhopha sa botsamaisi sa khamphase se direlang mo go yone le e tsamaiso yotlhe ya khamphase e direlwang mo go yone, ke yone e maiteko a khamphase a tlileng go direlwa mo go yone a go fokotsa mathata a a sa bolong go nna teng mo lefelong la tiro.

 

Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark, a re go bulwa ga kago e ntšha e ne e le nako e e itumedisang thata.

 

“Re batla gore kago eno e se ka ya nna fela lefelo la tiro – e tshwanetse go nna lefelo le botlhe ba ikutlwang ba amogelesegile e bile ba ikutlwa ba phuthologile mo go lone.”

Tobetsa setshwantsho se se fa godimo go kopanela le rona mo pulong ya Kago-Tsamaiso ya Khamphase ya Vanderbijlpark. Mo bidiong, Mop Linda Du Plessis mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le wa ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark, o a re tsamaisa go re bontsha moago le dikarolo tsa one tse di kgatlhang.

Tobetsa fano go buisa athikele yotlhe.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za