Ka fa Wellness e ka go thusang ka gone

Fa o tlelwa ke mathata a botshelo - kwa tirong kgotsa kwa gae - Lefapha la Wellness la YBB le teng go go thusa go okobatsa manokonoko a mathata ao ka lenaneo la lone.

eish! E ile ya botsa mankgemogolo wa tsa pholo le wa Wellness e leng Bonita Maboeta go re bolelela go le gontsi ka kemonokeng ya seporofešenale e ba nang le yone.

 

P: Lenaaneo leno la kemonokeng ke la setlamo sefe?

K: Lenaneo la rona le etelelwa pele ke setlamo sa Life Employee Health Solutions (Life EHS).

 

P: Go tla tlamelwa ka thuso ya mofuta ofe?

K: Go na le kgakololo ya seporofešenale le kemonokeng mo dikarolong di le tharo tsa konokono:

  • Dikgang tse di amang tlhaloganyo le loago
  • Ditšhelete
  • Dikgang tsa semolao

 

(Tobetsa mo dikhutlonnetsepeng tse di mmala wa namune mo godimo ga athikele go buisa go feta ka ga ditirelo.)

 

P: Ke eng fa lenaneo leno e le le le kgethegileng?

K: Ga le duelelwe, le direlwa mo sephiring mme fa o na le bothata jo bo masisi, o leletsa Senthara ya Tlhokomelo bosigo kgotsa motshegare, malatsi a le supa mo bekeng, gore ba go thuse ka puo e o tlhophang go thuswa ka yone. Nomoro ya mahala ya mogala (ya mahala fa o letsa ka mogala wa mo ntlong) ke 0800 213 149.

 

Gape o ka tlhomamisega gore bagakolodi le bakhanselara botlhe ba tshwanelega sentle ka tsela e e lekaneng e bile ba na le maitemogelo le gore, moo go tlhokegang gone, ba na le dilaesense tse di tshwanetseng e bile ba kwadisitswe kwa makgotleng a bone a semolao.

 

Mo godimo ga moo, go na le thuso e e newang ba ba tlhokomelwang ke wena.

 

P: Ke ka fitlhelela jang tirelo eno?

K: O ka dirisa mongwe wa mekgwa e e latelang:

 

  • Fa go tlhagile masetlapelo, o ka leletsa nomore ya mahala ya diura di le 24 (0800 213 149).
  • Mo dikaing tse dingwe, romela leina la gago ka SMS (ka R1, 50 SMS ka nngwe) kwa nomoreng ya 31581 nako nngwe le nngwe, mme Senthara ya Tlhokomelo e tla go leletsa mogala.
  • Gape o ka romela imeile kwa atereseng ya NWU@lifehealthcare.co.za gore o sidilwe maikutlo ka imeile.
  • Thuso e nngwe e e fitlhelesegang motlhofo ka inthanete ke app e o ka e laisololelang mo seleng ya gago gore o kgone go dira peelanonako. (Tsena mo Google Play Store kgotsa mo Apple Store, batla Life EHS o bo o latelela ditaelo.)

 

P: Go dirwang fa kgang e e amang tlhaloganyo le loago e sa kgone go rarabololwa ka founo?

K: Mosidila-maikutlo o tla ikgolaganya le wena go dira peelanonako ya gore o kopane le motho yo o tla go sidilang maikutlo lo lebane difatlhego mo toropong ya gaeno. Ba o ba tlhokomelang le bone ba ka kgona go newa thuso eno. Ka sekai, ngwana wa gago a ka ya go bona motho yo o sidilang ba bangwe maikutlo kwa toropong e motho yoo a nnang kwa go yone.

 

P: A o tlile go bolelela mmenejara wa me gore ke kopile kgakololo kgotsa ke sidilwa maikutlo?

K: Nnyaa le e seng. Go dirisa lenaneo la rona ga go kitla go tsenya tiro ya gago mo kotsing kgotsa go tlhatlosiwa ga gago maemo mo tirong. Bagakolodi botlhe ba rona ba ikobela melao e e gagametseng ya boitshwaro ya go sa senole motho ope ka leina yo o dirisang tirelo ya rona.

 

P: Tshwaelo ya gago ya bofelo ke efe?

K: Nako nngwe mo matshelong a rona, rotlhe re lebana le mathata a rona ka borona kgotsa a tiro. Pele o iphitlhela o le mo boemong jo bo sa laolesegeng, batla tshegetso ya seporofešenale. Re fano go go thusa.

 

TSEPA

GO