Bona bidio mo tlase.

 

Kopanela mo go se se neng se lebeletswe le go itumelelwa ke baithuti ba ngwaga wa ntlha wa 2020 fa ba ne ba tsaya dikgato tsa bone tsa ntlha go tsena mo dikhamphaseng tsa rona.

 

 

Lefelo la bogogelo mo khamphaseng ya Potchefstroom le tletse ka nako ya kamogelo ya baithuti ba ngwaga wa ntlha.

Tlhogo le Motlatsamokanseliri Mop Dan Kgwadi o bua le baithuti le batsadi ba bone ka nako ya go amogela baithuti ba ngwaga wa ntlha mo Potchefstroom.

Motlatsa-mokanseliri, e leng Mop Dan Kgwadi, o ne a amogela batlabosheng bano mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. O ne a akgola batsadi ba bone ka ntlha ya go nna le seabe ga bone le go ba tlhomamisetsa gore setlhopha sa botsamaisi sa khamphase se tla sikara maikarabelo a batsadi fa baithuti ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya YBB.

A re re mongwe le mongwe o tshwanetse go ineela ka botlalo gore a atlege mo dithutong tsa YBB mme tsela e moithuti mongwe le mongwe a tlileng go dira ka yone mo ngwageng wa dithuto e etelediwa kwa pele mo khamphaseng. O ne a kopa batsadi gore ba tle kalogong ya bana ba bone morago ga dingwaga di le tharo go tloga jaanong.

Mo ngwageng eno go na le baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le *3 713 kwa khamphaseng ya Mahikeng, ba le *4 903 kwa khamphaseng ya Potchefstroom le ba le *1 686 kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark. Lengwe le lengwe la magoro a le robedi le ne la amogela palo ya lone ka botlalo.

Gape basadi ke bone ba leng bantsi, ba dira mo e ka nnang 58% ya baithuti ba ngwaga wa ntlha. Mo palogotlheng ya baithuti ba ngwaga wa ntlha, 67% ke ya bantsho, 28% ke ya basweu, 4% ke ya Bakhalate mme 1% ke ya Maindia.

** Go simolola ka di 17 Tlhakole 2020

 

 

Fa e le gore go kile ga nna le bosupi jwa gore dikirii ya YBB ke ya maemo a a kwa godimo, re bona seno ka dikopo tse di fetang 100 000 tse di amogetsweng mo yunibesiting go tswa go baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ka moso ba ngwaga wa dithuto wa 2020.  Go amogetswe nngwesomeng fela ya dikopo tseno, mme palo ya teng ke *10 302 ya baithuti ba ngwaga wa ntlha.

Lo amogetswe, baithuti ba ngwaga wa ntlha!