>

Go ribolola Setudio sa go Tobetsa Fela Konopo

Go ribolola Setudio sa go Tobetsa Fela Konopo

 

Mo tokololong eno, re etela Setudio sa go Tobetsa Fela Konopo mo khamphaseng kwa Vanderbijlpark. Eno ke thulaganyo e e tlhofofaditsweng, e e itirisang ya go ithusa ka ditirelo  le ya go gatisa dibidio e o ka e dirisang le fa o sena maitemogelo ape a go tlhagisa dibidio.

 

Setudio sa Bobedi sa go Tobetsa Fela Konopo se ne sa bulwa mo khamphaseng bošeng jaana, se se nang le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tse di reediwang le go bogelwa,  tse di ka dirisiwang ke moithuti le ke leloko lengwe le lengwe la badiri.  Tobetsa fa gore o buise go ya pele ka sone.

 

Bogela bidio eno o ithute go ya pele ka disetudio tse pedi tseno tse e sa ntseng e le tsone fela mo kontinenteng ya Aforika.

 

DINTLHA

Setlhopha sa botseleganyi::

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo:

Curriculum Design and Development: Graphic Services

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Go tseleganya puo:

Clairwyn van der Merwe

Fa o na le dipotso go ya pele / fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht -

mog 018 299 4937 Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB