>

>

>

>

Boela morago

PHETLOLELA KWA TLASE

Moakatemi wa YBB o Nna Modulasetulo wa Komiti ya Tshekatsheko ya Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano

Tona ya Dipalangwa, e leng Moh Dipuo Peters, o tlhomile Ngaka Kesolefetse Olivia Lefenya, yo e leng motlhatlheledi-mogolo wa molao o o amang baagi kwa Khamphaseng ya Mafikeng, go nna Modulasetulo wa Komiti ya Tshekatsheko ya Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano.

Go dira ka natla

 

Maikarabelo a komiti e tla nna go lekola lefapha la go boloka tolamo la mola wa pharakano le go leba dilo tse di ka tlhabololwang mo go lone, go akanyetsa ditaelo tsa molaomotheo le tsa kgotlapeomolao tse di amanang le go boloka tolamo, le go leba thulaganyo ya katiso le go leba dithutego tse di maleba tse batlhankedi ba pharakano ba go boloka tolamo ba nang le tsone.

 

Mo godimo ga moo, komiti e sikarisitswe boikarabelo jwa go tlhama mokgwa-tiro wa batlhomamolao le tolamo wa pharakano o o tla dirisiwang ke setlamo sa seporofešenale, ke mokgatlho kgotsa ke lekgotla, fela jaaka o dirisiwa ke Mokgatlho wa Semolao wa lephata la tsa molao.  Mo nakong ya thulaganyo eno, komiti e tla dira patlisiso ya go bapisa dilo, le go bona gore ke malebela afe a a ka tsewang kwa dinageng di sele go bona gore Aforikaborwa e ka ithuta eng mo go tsa molao wa pharakano.

 

Go tsaya maeto

 

"Thulaganyo eno e tla akaretsa maeto a le robongwe a go ya kwa diporofenseng go ya go kopana le baamegi gone jaaka ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa, ditlamo tsa mapodisi a pharakano, ba Letlole la Dikotsi tsa Tsela, mekgatlho ya dikoloi, dirori, dithekesi le ya dibese, mmogo le maloko a setšhaba. Dikopano tseno e tla nna karolo ya thulaganyo e e rulagantsweng ya go nna le seabe ga baagi tse mo go tsone komiti e tla kopang ditshwaelo tsa ka fa molao wa tsa pharakano o ka tokafadiwang ka gone," go bolela jalo Kesolofetse, yo gape e leng mmueledi wa Kgotlatshekelo e e Kwa Godimo ya Aforikaborwa.

 

Maloko a mangwe a komiti ke Rre Mbuyisiwe Malaza, poresidente wa Setheo sa Batlhankedi d ba Pharakano le ba Mmasepala ba Aforikaborwa, Rre Benjamin van Rooyen, mogokgo wa Kholetšhe ya Thutogodimo ya Lyceum ya Bokwalelano, Rre Isaac Sipho Dlepu, mokaedi wa ditiro kwa Lefapheng la Pharakano kwa Johannesburg, Rre Hlulu Msimang, tlhogo ya Tshireletsego ya Setšhaba wa Lekgotlatoropo la Johannesburg, Moh Dorcas Khosa Shikwambana, motlhatlheledi mo Lefapheng la Tshireletsego le Pabalesego kwa Yunibesiting ya Thekenoloji ya Tshwane, Ngaka Maria Peenze, yo o nang le kgwebo ya gagwe ya bogakolodi, le Rre Oupa Sebiloane, leloko le le nang le bokgoni la mokgatlho o o lwelwang ditshwanelo tsa badiri.

 

E re ka Kesolofetse a nnile leloko la YBB ka 2005 e le motlhatlheledi mo Legorong la tsa Molao, o tla nna modulasetulo wa komiti dikgwedi di le 18, morago ga moo komiti e tla romela pego kwa go Tona, kwa Kabineteng le kwa Palamenteng.