Go batlisisa ka diphelelo tsa ka fa batho ba amileng

lefatshe ka gone

 

Mo tshitshinyong e e dirilweng mo porojekeng ya gagwe, Louis o kaile gore molao wa boditšhabatšhaba wa tsa Tikologo, o karolo ya one ya konokono e leng ditumalano tse di farologaneng ka tsa tikologo, ga o ise o kgone go rarabolola Motlha wa mathata a loago le tikologo a a bakilweng ke batho.

 

Motlha ono wa mathata a a bakilweng ke batho ke motlha wa Jioloji o o simolotseng fa batho ba ne ba simolola go nna le diphelelo tse di tseneletseng mo lefatsheng le mo ditsamaisong tse di farologaneng tsa lone tsa tlhago.

 

"Re tsene mo motlheng o moša wa Jioloji e bile ke solofela gore patlisiso eno e tla re thusa go batlisisa sentle diphelelo tse batho ba nnileng le tsone mo lefatsheng le go tlhama mekgwa ya semolao e e tshwanelang sentle thata go rarabolola mathata a loago le tikologo a a bakilweng ke batho," go tlhalosa jalo monna yono wa dingwaga di le 40 yo o tswang kwa Johannesburg.

 

Go ya ka kopo ya ga Louis e e neng ya lekolwa ke Khomišene ya Yuropa, boikaelelo jwa porojeke ya gagwe e e tsepileng mogopolo mo dilong tsa boranyane ke go nna patlisiso ya ntlha ka dirutwa tse di farologaneng ya go leba molao wa tsa Tikologo wa boditšhabatšhaba le ditaelo tsa one.

 

E a boitshega

 

"Tiro eno e itumedisa tota mme e a boitshega. Dithulaganyo tsotlhe tsa tsamaiso-kakaretso le maemo a bosa a a seng monate ga a jese di welang! Mme ke tlile go tlhologelelwa thata naga ya gaetsho e e nang le tlhabo e ntle ya letsatsi le batho ba yone ba ba botsalano," Louis o bolela jalo.

 

Ga go tle go nna motlhofo go "sadisa botlhe sentle". "Lelapa la me le itumetse tota, mme Mme ene ga a itumela go le kalo. A re o tlile go ntlhologelelwa fela thata. Rre ga a ise a ke a ye kwa Yuropa, seno se mmulela tšhono ya gore a tle go eta."

 

Le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo ya gore dilo di tla tokafala. Modiri mmogo le Louis, e leng Moporofesa Klaus Zweckberger, ke ngaka ya karo ya mesifa ya mmele kwa Heidelberg, Germany. “Ke solofela go mmona gangwe le gape.”

 

YBB le yone e tla solegelwa molemo

 

"Eno ke patlisiso e kgolo go di feta tsotlhe le e e tsayang nako e telele go di feta tsotlhe e ke e neilweng go tla go fitlha gompieno jaana e bile ke a itse gore e nnaya tšhono e e molemo thata ya go dira patlisiso e e nang le matswela a a tla solegelang YBB molemo. Ke solofela gore go tla gatisiwa kgatiso ya patlisiso eno."

 

O solofela go boela gae a na le ditsala tse di oketsegileng. "Mokgele o mongwe ke wa go atolosa tsela ya YBB ya go dirwa ga dilo ka mokgwa o o tshwanang mo dinageng tsotlhe le go dira gore Aforika e boe gape e golagane le dinaga di sele," go bolela jalo monna yo o nang le digerata tse pedi tsa bongaka, yo gape NRF e mo neileng maduo.

 

Ee, o tla tlhologelelwa tlhabo ya rona ya letsatsi, le ditsala tsa gagwe. Ga a kitla a tlhologelelwa ditiro tse di mo kgoreletsang tsa letsatsi le letsatsi tsa tiro ya maemo a gagwe a ga jaanong jaana. “Ga jaanong jaana ke nna moporofesa wa patlisiso, mo go rayang gore ke ka se nne le dingongorego tse dintsi ka tsamaiso, mme ke lebile pele go nna le nako e ntsi ya go dira patlisiso fela. Gape go tla nna molemo go tsepa mogopolo mo porojekeng e le nngwe fela. Se se botlhokwa ka patlisiso ke boleng jwa yone e seng bontsi jwa yone."

“Ke ikutlwa jaaka ntswa ya Fox terrier e e tshwereng bese.”


Mop Louis Kotzé o santse a ikutlwa e kete o a lora, ka gonne leeto le a tlogang a le tsaya ga se le le ka tsewang ka "bese" ya bogologolo.

Ka kgwedi ya Firikgong wa ngwaga ono, Louis, moporofesa wa patlisiso kwa Legorong la tsa Molao mo Khamphaseng ya Potchefstroom, yo o berekanang le tsa molao wa tsa tikologo, o ne a amogela dikgang tse di monate ka kopo ya gagwe e e atlegileng ya thuso ya madi a a batlegang thata go tswa kwa European Commission Horizon 2020 Marie Curie Madi ao otlhe ao a thusiwang ka one ke €180 000 mo lobakeng lwa dikgwedi di le 24.

 

Lobaka lwa gagwe lwa go dira patlisiso lo tla simolola ka kgwedi ya Diphalane monongwaga fa a ya kwa Yunibesiting ya Lincoln kwa England, koo a tlileng go dira le Duncan French teng, moeteledipele yo o itsegeng wa Sekolo sa Molao sa Yunibesiti ya Lincoln.

 

Lincoln ke torotswana e ntle e e nang le kereke e kgolo mo teng ga nagagare e e ka fa botlhaba jwa England. Toropo eno e itsege thata segolobogolo ka gonne e na le nngwe ya dikhopi tsa bofelo tsa Magna Carta, tokomane ya 1215 e e nang le tlhomamisetso e e botlhokwa ya ditshwanelo le ditshiamelo.

 

Morago ga nako ya tiro ya gagwe kwa Lincoln, Louis o tla etela Yunibesiti ya Utrecht kwa Netherlands dikgwedi di le thataro, go ya go dira le Frank Biermann, moeteledipele mo lefatsheng lotlhe mo tirong ya melao ya tsamaiso ya go somelwa ga dimmetale tsa motlakase mo mmung go tila kotsi ya go tšhoukiwa ke motlakase, pele a boela kwa Lincoln koo a yang go nnela ruri teng.

Louis Kotzé o motlotlo go ya Yuropa

PHETLOLELA KWA TLASE

BUISA GO FETA

>

>