BADIRI KA NNA BA BA RATEGANG,

Molaetsa go tswa go

MOTLATSA-MOKANSELIRI

PHETLOLELA KWA TLASE

Rick Warren o ne a simolola go itsege ka ntlha ya buka ya gagwe ya The Purpose-Driven Life, e go rekisitsweng dikhopi tse di fetang 32-milione tsa yone. Dikgatiso tse di farologaneng tsa boditšhabatšhaba, tse di jaaka makasine wa Time, di mmitsa mongwe wa batho ba ba nang le tlhotlheletso go ba feta botlhe mo lefatsheng.

 

Go bonala sentle gore molaetsa wa gagwe wa konokono, wa gore boikaelelo jwa rona mo lefatsheng ga se go tlhokomologa ba bangwe, ke o ba le bantsi ba o dumelang. O thusa batho go bona bokao jwa botshelo mo gare ga mathata a botshelo.

 

Le rona kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima re ne ra lebana le dikgwetlho di le dintsi. Dikgwetlho di sa ntse di tlile go nna teng mo ngwageng ono. O ka tswa o nnile le mathata malebana le go amogelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha. Kgotsa o ka tswa o na le dipelaelo ka thulaganyo e ntšha mo setheong sa rona.

 

Ke itse sentle ka fa lo ikutlwang ka gone e bile ke a lo tlhomamisetsa gore go ise go ye kae, re tla kgona go lo naya tshedimosetso go ya pele malebana le go tsenngwa tirisong ga mokgwa o dilo di rulagantsweng boša ka one. Tshedimosetso eo e tla bolelelwa botlhe.

 

Le fa go na le dilo dingwe tse re sa tlhomamisegeng ka tsone, go matshwanedi go ikgakolola gore rona jaaka yunibesiti re dira ka boikaelelo jo bo rileng. Polelo ya boikaelelo jwa YBB, jaaka e tlhaga mo tokomaneng ya rona ya ditogamaano, e tlhalosa gore re batla:

 

"Go di goga kwa pele mo go tsa tlhamosešwa ya go ithuta le go ruta le mo patlisisong ya maemo a a kwa godimo, gore re solegele setšhaba molemo ka go se naya kitso."

 

Re tla fitlhelela seno jang? Ka go fetofetoga le maemo le dikgwetlho tse dintšha jaaka thulaganyo le leano la rona le le ntšha di tlhalosa  mmogo le mokgwa wa rona o o tla tlisang katlego. Re tla salela kwa morago fa re sa fetofetoge le maemo.

 

Nako le nako, re iphitlhela re gaisana le lefatshe lotlhe. Diyunibesiti ga di a tshwanela go nna fela di sa dire sepe. Ditheo tsa thutogodimo di na le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe.  Ka jalo re tshwanetse go lemoga gore ga re gaisane fela le diyunibesiti tsa Aforikaborwa, mme le ditheo tse di farologaneng tsa mono gae le tsa dinaga di sele.

 

Go na le dilo tse dintsi thata tse baithuti ba ka tlhophang mo go tsone.  Batho ba ba abang dirwe tsa bone tsa mmele ba na le batho ba bantsi thata ba ba ka kgonang go di amogela; ditlamo tsa bosemphato di ka tlhopha gore di ka rata go dira le dife. E bile go ngoka baakatemi ba maemo a a kwa godimo le badiri ba seporofešenale ga go motlhofo gotlhelele.

 

Mo godimo ga moo, inthanete le difouno tsa makgonatsotlhe, ka sekai, di tokafaditse go ithuta ga baithuti ba le kgakala le setheo. Re tshwanetse go di goga kwa pele go seng jalo re tla salela kwa morago. Gape re tshwanetse go tlhomamisa gore dithutego tsa rona di tswelela e le tse di maleba, tse di kgatlhang e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo. Seno se raya gore ka metlha re tshwanetse go fetofetoga le maemo le go dirisa tlhamosešwa. Go ntse jalo le ka patlisiso ya rona le diporojeke tsa go dira kgwebo. E bile re tshwanetse go dira gore tshiamiso mo loagong e nne selo se yunibesiti ya rona e se dirang ka metlha, ke gore, tsela ya rona ya letsatsi le letsatsi ya go dira tiro.

 

Ka jalo ditiro tsa rona di dintsi e bile di a farologana. Go botlhokwa gore re gakologelwe ntlha eno ya bofelo ya gore boikaelelo jwa rona ke go solegela setšhaba molemo. Ntumele fa ke go raya ke re o tla kgona go bona seabe se o nang le sone mo boikaelelong jono jo bo botlhokwa thata e bile o tla itumelela go thusa ba bangwe

 

>

>