Ke lerasetafara ka botlalo

 

Clement Manoko a re ke morati yo mogolo wa mmino o o monate, mme o rata thata mmino wa reggae le wa hip hop.

 

"Ke lerasetafara ka botlalo e bile ga ke lapisiwe ke dipina tsa diopedi tse di jaaka Culture, Bob Marley and the Wailers, Peter Tosh le Burning Spear. Reggae e a nkama ka gonne e bua thata ka tshiamiso mo loagong, sengwe se ke se lwelang thata.

 

Hip hop yone ke mmino o o raraaneng, mme ke na le kutlobotlhoko mmogo le maitemogelo ao diopedi tse ke di ratang tsa mmino ono di nang le one, segolobogolo ba morwadiake a reng ba opela rhythm and poetry  (RAP) ya bogologolo jaaka Tupac, Dr Dre, Nas, le ba bangwe.

Mokaedi yo moša wa YBB wa Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo, Clement Manoko, ke rrabana babedi yo o motlotlo ka bone, Clement jr (24) yo o dirang mo setlamong sa dipapatso le Tshepo (16) yo o leng mo Mophatong 11.

Eish! e bua le Rre Clement Manoko, mokaedi-khuduthamaga yo moša wa ditlhaeletsano ka tsa kgwebo mo Ofising ya Setheo. Clement o re bolelela ka seabe sa gagwe se se ntšha kwa YBB le dilo tse a di kgatlhegelang.

 

"Ke dumela gore ke ratwa ke batho e bile ke molweladiphetogo yo o tlhagafetseng. Ke ipitsa motemokerasi wa loago." Eno ke tsela e mokaedi-khuduthamaga yo o sa tswang go tlhomiwa wa ditlhaeletsano ka tsa kgwebo mo Ofising ya Setheo, Clement Manoko, o a itlhalosang ka yone.

 

Go rata batho ga gagwe le tiro ya gagwe e e tsereng lobaka ya go batla go fetola dilo gore di nne botoka ke gone go tlhotlheletsang Clement go dumela gore selo sa konokono sa go fitlhelela seno ke tirisanommogo ya setlhopha. "Ke tsaya karolo mo setlhopheng.

 

Ke dumela gore batho ka bongwe ba ka nna le bokgoni mme ga ba kitla ba atlega fa ba gaisana ka bobone, Ba tshwanetse go nna le mokgele o le mongwe."

Maitemogelo a a molemo thata

 

O belegetswe kwa Modjadjiskloof (koo go busang kgosigadi ya pula gone) kwa porofenseng ya Limpopo mme o ne a tsena sekolo se se nang le marobalo kwa Polokwane. Fa a ne a ithuta kwa Yunibesiting ya pele ya Bokone, o ne a lemoga gore ga go na tshiamiso mo loagong le gore batho ga ba tshwarwe ka tekatekano.   "Yunibesiti e ne ya ruta nna le bontsi jwa baithuti ba pele ga 1994 mekgwa e mentle malebana le tshiamiso mo loagong. Ke teng koo ke neng ka rutwa go nna monna yo ke leng ene gompieno."

 

Go lwela diphetogo ga gagwe mo loagong go bakilwe ke go nna kgatlhanong ga gagwe le go leba maatla le maemo jaaka kgangkgolo. "ke ila tiriso e e sa siamang ya maatla le tshiamelo lebekebeke. Ke dumela gore mongwe le mongwe mo setšhabeng o na le sengwe se se botlhokwa mo botshelong se a ka thusang ka sone. Botlhale jo bo seng kana ka sepe jo ke bo amogetseng gantsi ke bo bone mo bathong bao ba tsewang gore ga ba itse go buisa le go kwala kgotsa gore ga ba a rutega."

 

Mokgele wa gagwe wa botshelo o simolotse kwa Unisa, morago ga moo wa latelwa ke tiro ya gagwe mo Lekgotleng la Patlisiso ka tsa Saense le Intaseteri (Council for Scientific and Industrial Research [CSIR]),  Lefapha la Ditlhaeletsano tsa Puso le Ditirelo tsa Tshedimosetso (Government Communication and Information System [GCIS]), Lefapha la Dipeeletsomadi la Aforikaborwa, le Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, nako e a e itumeletseng thata mo botshelong jwa gagwe.

 

Pele a nna leloko la YBB kwa tshimologong ya kgwedi ya Phatwe o ne a direla CSIR, tiro ya gagwe ya bobedi mo setlamong seno.

BOELA MORAGO

yo o ratang thata tirisanommogo

Molweladiphetogo

Go fitlhelela ponelopele ya YBB e botlhe ba nang le yone

 

Clement o lebile pele go bona lefapha le a dirang mo go lone, le le dirisanang mmogo le mafapha a mangwe a yunibesiti, le thusa go kopanya dikhamphase tse tharo tsa YBB gore e nne yunibesiti e le nngwe e e tlhaolwang ka leina le le lengwe, e e kaelwang ke leano la yunibesiti le mekgele ya yone.

 

"Malebana le leinakgwebo la yone, ke ka rata go bona yunibesiti e le mo boemong jo mo go jone, leloko lengwe le lengwe la badiri kgotsa moithuti mongwe le mongwe wa YBB yo o bonwang ke batho mo setšhabeng a tlhaolwa ka bonako le yunibesiti."

 

Boikaelelo jwa gagwe ke go tsweletsa pele leinakgwebo la YBB mo setšhabeng. "Re tshwanetse go batla tiro e e re tshwanelang ka gonne re mo kgaisanong le diyunibesiti tse dingwe. Mme gone, botsamaisi jwa leinakgwebo bo bogolo thata go feta letshwaoina le papatso. Bo akaretsa ka fa rona jaaka bathapiwa ba YBB re dirisanang sentle ka gone le baamegi mmogo le baagi ba re dirang mo gare ga bone."

 

O lemoga gore go tlile go nna thata mme o fitlhetse seno e le kgwetlho e e kgatlhang. "Re tshwanetse go tlhomamisa gore re akanya ka tsela e e tshwanamg le go dira dilo ka tsela e e tshwanang malebana le leinakgwebo le re tlhaolwang ke lone. Kwa bofelong, ga re batle go kgona go tlhaolwa fela mo Aforikaborwa mme re batla gore go nne jalo mo lefatsheng lotlhe."

 

Go tlhomelela batho ka go buisana le bone

 

Go tlhomelela batho le go ba naya ditšhono gore ba gole go tla nna le seabe sa makgaolakgang mo go direng gore YBB e nne seoposengwe.

 

"Ba tshwanetse go tlogela go akanya ka tsela e khamphase e akanyang ka yone gore ba nne motlotlo ka YBB yotlhe. Ke tla bo ke le motlotlo go nna leloko la setlhopha se se thusang gore seno se direge. Ke dumela fela thata gore bontsi jwa nako e o e fetsang o direla setheo kgotsa setlamo ga se yone e leng botlhokwa mme boswa jo o bo tlogelang kwa morago ke jone bo leng botlhokwa thata. Selo se se mosoal e tla nna gore ke tlogele boswa jwa go tlhama ditlhopha tse di thusitseng go tlisa YBB mo motlheng o moša wa tiro ya boleng jo bo kwa godimo le katlego."

 

 

TOBETSA GO BONA DINTLHA TSE DI KGATLHANG

>

>