Go kgotlhelela ke selo sa botlhokwa

 

Kedirang, yo o neng a dira mo lefapheng la tsa badiri kwa Khanseleng ya Patlisiso ka tsa Saense le Intaseteri pele a nna leloko la YBB, a re go kgotlhelela ke go se tlhoboge batho le go rata thata tiro ya gago. A re dinonofo tsa gagwe tse dikgolo ke go kgotlhelela le go berekela go nna le matswela.

 

"Fa ke ne ke ithuta kwa Yunibesiting ya pele ya Bokone-Bophirima, ke ne ka rutwa go kgotlhelela.  "Ke ne ke sena madi a go ithuta mme ke ne ke batla go tlogela.  Mmè, yo o neng a nthotloetsa gore ke se ka ka tlogela go gagamalela ditoro tsa me o ne a nnaya kgakololo e e di gaisang tsotlhe.'

 

O ne a se ka a latlhela seditse mme mo boemong jwa moo, a swetsa ka gore a nne modiri yo o ithutang ka nakwana gore a kgone go duelela dithuto tsa gagwe. A re go ne go se motlhofo e bile go dira jalo e ne e se matsapa a bophiri ka gonne o ne a feleletsa a na le tiro ya boitshediso e e mosola.

BOELA MORAGO

ke selo sa botlhokwa mo Bathong le mo Setsong

Go kgotlhelela

Eish! e bua le Rre Kedirang Oagile, mokaedi-khuduthamaga yo moša wa batho le setso mo

Ofising ya Setheo. Kedirang o re bolelela go le

gontsi ka tsela e a lebang botshelo ka yone le dikgwetlho tsa maemo a gagwe a maša mo tirong

 

 "Fa o naya motho lebaka la go ntsha ga tshwene  le godira gore mokgele wa gagwe wa go dira jalo o nnemosola mo go ene, ga go kitla go tlhokega go lelekamotho le fa a le mongwe fela mo tirong ka ntlha ya tiro ya gagwe ya maemo a a kwa tlase tumalanong le boleng jwa mothapiwa le tiro ya gagwe." 

 

Kedirang, mokaedi-khuduthamaga yo moša wa photefolio ya Batho le Setso, e pele e neng e bidiwa Lefapha la Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong, a re motho ga a tlhobogiwe.

 

"Ga go na tsela ya go bona mothapiwa yo o sa direng diphoso dipe. Ke dumela gore motho mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go ntsha ga tshwene. Ke kile ka bona maemo a mo go one batho ba neng ba le gaufi le go lelekwa mo tirong ka ntlha ya tiro ya maemo a a kwa tlase, mme fa boemo jwa bone bo fetolwa ba kgona go semelela le go gakgamatsa bao ba neng ba batla go ba jesa mmereko."

 

O iphitlhetse a ithutela mekgwa ya badiri mo tirong

 

Kedirang a re mokgele wa go ithutela tlhabololo ya bokgoni jwa badiri mo tirong e ne e se one wa ntlha o a neng a o batla. Ka ntlha ya go bo a ne a sena madi o ne a sa kgone go ithuta dikhoso kwa diyunibesiting tse dingwe tse di neng di tura thata gape di le kgakala le legae mme a swetsa ka gore a ikwadisetse dikirii ya BAdmin. O ne a ithutela bolaodi jwa setšhaba mme a "ngaparela" thuto ya mekgwa ya badiri mo tirong.

 

"Ke ne ka kgona go golagana ka bonako le lerato la me la batho le mathata a batho. Ke ne ke lemoga gore go ne go sena tiro e nngwe gape ya boitshediso e ke neng ke e batla. Ke ikutlwa ke kgotsofetse fa batho ba gatela pele le go tlhagisa matswela a a molemo a ke dirileng gore ba a tlhagise. Seno se a nthetebatsa."

 

Dikgwetlho di tla fenngwa

 

Kedirang a re o ipaakanyeditse dikgwetlho tse di mo letetseng mo tirong ya gagwe jaaka mokaedi-khuduthamaga. "Kgwetlho e kgolo go di feta e tla nna ya go thusa go bopa setso se se kitlaneng.

"E tlile go nna tiro e e boima tota mme e tla batla gore go nne le dipuisano ka metlha. Seno se raya gore ga re kitla re tlhoka go buisana fela mme gape re tshwanetse go tlhaloganyana mo dilong tse di farologaneng tse re di lebang ka tsela e e sa tshwaneng malebana le setso se se kitlaneng."

 

 "Batho le Setso ba tla nna le seabe se sebotlhokwa go tlhomamisa gore go na le tšhono ya gore go tlhage tsela ya go lebadilo ka mokgwa o o sa tshwaneng le gotlotla ka tsone." 

 

A re gatwe setso se se kitlaneng sa re batho ba tlhaloganya dilo ka tsela e e tshwanang. "Ga lo kitla go tlhaloganyana fa lo sa rulaganyetse go buisana, mme Setso le Batho di dira sentle fa lo buisana."

 

Jaaka mokaedi-khuduthamaga, seno ke se a batlang go thusa YBB ka sone.

Tobetsa go bona dintlha tse di kgatlhang

 

>

>