BUISA GO FETA
BUISA GO FETA
Kafa
seno se simologileng
ka gone
Tshedimosetso
ka ga dithutotlaleletso
BUISA GO FETA
Motlhatlheledi yo mošwa yo o kwadisitsweng wa SI mo YBB
Ngaka Charl Nel ke motlhatlheledi yo moša go ba gaisa botlhe yo o neilweng setifikeiti sa thutotlaleletso wa YBB. Mariaan Klopper, moeteledipele wa porojeke ya SI, a re ba motlotlo ka phitlhelelo ya YBB mo tirong eno. Yunibesiti e na le batlhatlheledi ba babedi ba ba neilweng tetlelelo-semmuso ya seno mme gape e na le lenaneothuto la SI mo YBB le le amogetsweng semmuso kwa dinageng di sele gore go dirwe patlisiso ka lone le go thusa bontsi jwa ba ba nnang le seabe mo go lone.
Kafa
seno se simologileng
ka gone
Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete (PU ya CHE) e ntse e nna le seabe mo lenaneong la SI fa e sa le ka 1996 mme morago ga go kopanngwa ga dikhamphase ka 2004, lenaneo leno le ne la simololwa le kwa YBB, koo le neng la etelediwa pele gone le go nna karolo ya Thulaganyo ya Setheo.
Ka bonako morago ga moo, ka 2006, Lekgotla la YBB gape le ne la amogela Thutotlaleletso, mme Yunibesiti ya nna setheo sa ntlha sa thešiari mo lefatsheng se setlhopha sa sone sa botsamaisi sa yunibesiti se neng sa tlhopha go eteletsa pele katlego ya baithuti.
Go ne ga simololwa lenaneothuto le le tshwanang mo ditheong tsotlhe la kemonokeng ya baithuti botlhe ba ba ikwadisitseng kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa YBB, gore ba kgone go fitlhelela thuto, go e tshwarelela le go atlega kwa yunibesiting.
Tshedimosetso go
ya pele ka SI
Thutotlaleletso (SI) ke tsamaiso ya go tshegetsa akatemi e e itsegeng kwa dinageng di sele e e rutwang lefatshe ka bophara kwa diyunibesiting le kwa ditheong tsa thutogodimo. E na le mananeothuto a a oketsegileng a ditlhopha tsa go ithuta dimmojule tse di thata , tse di rutwang ke baithuti ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone bao ba weditseng dimmojule tseo ka katlego.
Aforikaborwa ke yone fela naga mo lefatsheng lotlhe e e nang le disenthara tse pedi tsa SI. E ngwe e kwa YBB kwa bokone, mme e nngwe ke ya Nelson Mandela Metropolitan University kwa borwa.
Baithuti botlhe ba rutwa SI mahala mo dikhosong tse ba di ithutelang.
Ga se lenaneo la go rarabolola mathata a go ithuta ka gonne ke lenaneo la go ruta dikhoso tse di thata e seng go ruta baithuti ba ba botlhale.
Patlisiso ka mesola ya go tsaya karolo mo lenaneothutong la SI e bontsha gore baithuti ba ba tsayang karolo mo go lone ba solegelwa molemo ka go rotloetsega, ba solegelwa molemo ka go nna le bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo le mokgwa wa go dirisa tlhaloganyo ka tsela e e tseneletseng. Charl a re baithuti ba le bantsi ba ba wetsang lenaneothuto leno la SI ba nna batlhatlheledi.
Go bona tshedimosetso go ya pele ka Thutotlaleletso leletsa Mariaan Klopper kwa Kantoro ya Setheo sa Tlhabololo-Thuto le Kemonokeng ya YBB kwa X99 4870 kgotsa romela imeile kwa go Mariaan.klopper@nwu.ac.za.
x
pele ka dithutotlaleletso
YBB e gatela
porokerama e kgolo go feta
YBB e na le
BUISA GO FETA
BUISA GO FETA
YBB e itlhaola ka maemo
YBB e na le lenaneothuto le legolo go a feta otlhe
"Awate e raya gore re lejwa jaaka ba ba nang le mangwe a mananeo a a tlhomologileng a SI mo lefatsheng, go bolela jalo Mariaan Klopper, moeteledipele wa porojeke ya SI kwa Ofising ya Setheo.
Memorantamo wa tumalano o YBB e o saenileng le Yunibesiti ya Missouri ka 2010 o ntšhafaditswe fa go ne go saenelwa tetlelelo-semmuso ya Mokatisi wa SI kwa Kansas City.
"YBB e na le lenaneothuto le legolo go a feta otlhe la mofuta ono mo lefatsheng. Go na le bakatisi ba le 11 ba ba neilweng ditifikeiti ba SI mo lefatsheng mme YBB yone e na le ba babedi," go bolela jalo Mariaan, yo e leng leloko la ntlha la YBB go newa tetlelelo-semmuso eno.
Ngaka Charl Nel ke motlhatlheledi wa bobedi yo o neilweng setifikeiti sa thutotlaleletso. Tetlelelo-semmuso ya gagwe e raya gore jaanong a ka nna a katisa batlhatlheledi gore ba okamele SI, baeteledipele ba ka moso ba lenaneothuto la SI le baithuti kwa YBB le mo nageng yotlhe, le kwa dinageng di sele.
Jaaka batlhatlheledi ba boditšhabatšhaba ba lenaneothuto la SI, Charl and Mariaan jaanong ke maloko a boto ya bakhuduthamaga ya Senthara ya kwa Dinageng di Sele ya Thutotlaleletso ka bobedi jwa bone.
<
>
Thutotlaleletso ke lenaneothuto le le ithaopelwang, mme baithuti botlhe ba rotloediwa go nna gone mo mananeong a SI leo ba rotloediwang mo go lone, ba kaelwang, ba tataisiwang le go katisediwa gore e nne baithuti ba ba ikemetseng ka nosi.
Yunibesiti ya rona ga e tshwane le epe mo kgannyeng ya go ela tlhoko gore baithuti ba a atlega. YBB e akgolwa ke dinaga di sele ka ntlha ya tiro ya yone ya boleng jo bo kwa godimo le go ineela ga yone e sa kgaotse mmogo le go nna le seabe ka tlhagafalo mo Thutotlaleletsong, e bile mokatisi wa bobedi wa yunibesiti wa Thutotaleletso yo o tswang kwa dinageng di sele o neilwe setifikeiti.
Morago ga go akgolwa ke dinaga di sele ka 2010, go ne ga abiwa awate gape ka Motsheganong wa ngwaga ono kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba e e tshwarwang gabedi ka ngwaga ya Thutotlaleletso (Supplemental Instruction [SI]) e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Missouri kwa Kansas City kwa United States. Yunibesiti ya Missouri e nnile yone ya ntlha go nna le lenaneo le le botlhokwa la SI kwa US fa e sa le ka 1973. Go ne go tlile baemedi ba ka nna 400 mo khonferenseng eno go tswa kwa dinageng di le 100.
x
Go ka bona tshedimosetso e nngwe gape ka
THUTOTLALELETSO:
Mariaan Klopper
Ofisi ya Tlhabololo ya Akatemi le Kemonokeng
Mog: 018 299 4870 or
Eposo: mariaan.klopper@nwu.ac.za.
i
Tshedimosetso go ka
itshwaragantsha